Lepati										Tswana

Lorato lwa temothuo ke selotlele sa katlego



Instructions: 

Folio strap: Tsa Botshelo

Byline: Elmarie Cronje, Setlhopha sa borulaganyi: Pula-Imvula



“Bosigong jo, ke motho yo o lebogang. Ke leboga Modimo ka lorato lwa temothuo lo o lo mphileng.” Ano ke mafoko a ga Lepati Macaphasa, Montshadikunothoro yo o Tlhabologang wa Grain SA/ABSA wa Ngwaga wa 2007, a a bontshang gore lorato lwa temothuo lo a tlhokega go dira temothuo ka katlego.



Lepati o tsaletswe mo polaseng kwa sedikeng sa Fouriesburg mme o sale a ntse a na le lorato lwa temothuo go tswa bonyaneng. Morago ga dingwaga tse tharo tsa go tsena sekolo, Lepati o ne a simolola tiro ya lorato lwa gagwe ya dingwaga tse 54 mo polaseng ya Fouriesburg koo a neng ka bonako fela a nna foromane.



Kwa bofelong o ne a tsweletsa lorato lwa gagwe mme a ithekela lefatshenyana le e leng la gagwe. Le mororo a sa tsena sekolo o ne a fetolela polase e go nna kgwebo e e tsweletseng mo dingwageng di le lesomenne. “Ke mongwe wa batho ba ba filweng lorato lwa go ntshetsa ba bangwe dijo. Lorato lo lo mo pelong e ya me lo tsentswe moo ke Modimo.”



Tshimololo ya tiro ya me ya temothuo e nnile bonolo ka ntlha ya maitemogelo a ke neng ke setse ke na le ona, go buile jalo Lepati, yoo gajaana a leng mong wa diheketara di le 506 tsa lefatshe e bile o hirile diheketara tsa tlaleletso di le 200 mo montshadikunong mongwe mo sedikeng sa Kestell. Kgwebo ya ga Lepati e matlhakore mabedi: dithoro ka ntlha e nngwe le thuo e e atlegileng ka fa go le lengwe.



Jaaka karolo ya setlhophathutano sa Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Grain SA, Lepati o dira mmogo thata le Johan Kriel, Mogokaganyi wa porofense wa Lenaneo la Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Grain SA mo Foreisetata. “Lepati ke monna wa serodumo se se kwa godimo. Fa a le teng go a utlwala e bile o tlotlwa ke botlhe ba ba kopanang nae. O itse go amogela batho ba bangwe e bile o rata bana ba bana ba gagwe thata”, go rialo Johan.



Lepati o jetse diheketara di le 320 mme o diragatsa thulaganyo ya thefosanyo magareng ga mmidi, korong le “sugar beans”. Tseosekao ya mmu e dirwa dingwaga dingwe le dingwe tse pedi go netafatsa gore fomula ya nontsho ya mmu e mo tekatekanong e e siameng. Mefero e laolwa ka dikhemikale le ka dimatšhine. Mo setlheng se se fetileng Lepati o jetse ka katlego mmidi wa GM lwa ntrha. “Ke tlaa tswelela go jala mmidi wa GM mo isagweng, ka ntlha ya taolo ya disenyi e e bonolo, go rialo Lepati.”



Ka ntlha ya taolosemotšhine e e siameng, diterekere le didiriso tsa ga Lepati di mo maemong a a itumedisang tsotlhe. Ka 1974, fa Lepati a ne a simolola temothuo, montshadikuno wa mogwebi o ne a mo fa terekere ya Ford 500. Terekere e e sa ntse e le mo siemong se se siameng sa go diria le gajaana, tota le fa e le go rotha oli tota. Fa kgwebo ya ga Lepati e ntse e gola, o ne a tlaleletsa ka Massey 188, Ford 66, Ford 7610 le. New Holland 6640 ntšhwa mo lesomong la gagwe la bodiri. Diterekere tse di tlhulwa gangwe le gape, mme diforomo tsa tsholodirekoto e e tlhomameng ke darolo ya tirego.



Barwa Lepati, ba babedi, ba le bone ba tseneng mo kgwebong e, ba kgweetsa diterekere tse. Go na le badiri ba leruri ba le babedi mo polaseng, mme fa go tlhokega, go hirwa badiri ba nakwana.



Ga go na kgwebo epe ya temothuo e e se nang likgwetlho mme mo go Lepati, tlhaelo ya motlakase e mo direla mathata. O dirile kope kwa Eskom go mo tsenyetsa motlakase mo polaseng, se se tlaa mo kgontshang go baakanya diterekere le didirise tsa gagwe botoka thata.



Loruo lwa ga Lepati ke dikgomi le dinku. Bogolo ywa palo ya dikgomo tsa gagwe ke dikoroso tsa Bonsmara, mme e ka nna dikgomo tse dinamagadi tse dikgolo di le 85 mme dinku di ka nna 100. Go ya ka Lepati, loruo lwa gagwe lo mo tlamela ka kotara ya palogotlhe ya lotseno – o rekisa dinamane tse a di kgwisang kwa difantising tsa selegae fa setlha sa letlhabula se ya bofelong. Dinamane tsa gagwe ke tsa boleng jo bo kwa godimo e bule o setse a fentse kgaisano ya setlhopha se se gaisang sa makgwisiwa. Kgaisano e ne e tshwerwe kwa nngweng ya difantisi tsa selegae, mme Lepati o ne tota a gaisana le bantshadikuno ba kgwebo. Diheketara tse 386 tsa lefatshe la gagwe di dirisediwa mafula a tlhago.



Phuthaditjhaba ke lefelobodirelo la itlhophelo la ga Lepati koo a nnang teng le mosadi wa gagwe Nooi, le barwawe ba babedi. Ke madi a o a amogetseng ka go fenya moputso wa Montshadikunothoro wa Grain SA/ABSA wa Ngwaga, o buile jaana mo go Johan Kriel. “O itse ke eng Johan, jaanong nka reka peo e ntsi go jala karolwana ya lefatshe la me”. Se jaanong ke mafoki a montshadikuno wa tota.



