Leaves									Tswana



Ntlhang matlhare a mmidi a se matala?



Instructions: 

Folio strap: Ditlhaelo

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa kaeding ya Grain SA: Ntshodikuno le thekiso ya mmidi tse di tsweletseng



Mo nakong e ya ngwaga, dimela tsa mmidi mo dikgaolong tse dintsi di godile sentle mme go a kgonega go lemoga ditlhaelo tsa dikotla.



Se ke tšhono e ntle thata ya go tsamaya o lekola masimo a gago le go bona mathata a o ka nnang le ona le go baakanngwa go sa le jaanong (sekao: tlhaelo ya Naeterojene e e ka baakanngwang ka nontshogodimo ya LAN), le a mangwe a a ka baakanngwang setlha se se latelang.



Naeterojene

Tlamelo e e lekaneng ya naeterojene e amanngwa le kgolo e e phophomang ya dimela le mmala wa botala jo bo timpetseng kgotsa bosetlha. Tshetlhafalo e gale e simolola kwa nkong ya letlhare le go fologa le bogare jwa lona go ya kwa kutung. Fa tlhaelo e le maswe thata, kwa bofelong kgaolo e e amegileng e fetoga go nna borokwa le go swa. Ka gonne naeterojene e tsamaya mo semeleng, matlhare a magologolo ke ona a ntrha go bontsha ditshupo tsa tlhaelo ya naeterojene.



Sinke

Mmidi o ka bontsha ditshupo tse dintsi jaaka tshweufalo ya matlhare a mantšhwa. Gape o ka bontsha methalo e mesetlha e e sephara mo letlhakoreng le le lengwe kgotsa matlhakore oomabedi a mokwatla wa lethlhare. Ditshupo tsa ditlhaelo tsa sinke di tlhagelela jaaka tlelorosise ya ditshikanatlhare le tshetlhafalo ka kakaretso ya matlhare a a kwa godimodimo. Magale, mokwatla le nko, tsa letlhare, di sala go nna ditala. Gantsi dimela di a huba.



Salefore

Salofere ke karolo e e tlhokegang thata mo diaminoesete le diporoteine tse dintsi. Ka gonne tse e le diboloko tse di agang mo semeleng, salefore e nna karolo e e tlhomameng ya popego ya semela. Tshupo e e bonagalang ya ditlhaelo ke timpalo ya mmala ya matlhare a manana, fela le gale, go le gontsi matlare otlhe a na le mmala wa botala jo bo timpetseng, fela timpalo magareng ga matlhare a magologolo le a manana ga e bonale bonolo. Se se ka isa kwa temogobolwetseng e e fosagetseng ya tlhaelo ya N go na le tlhaelo ya S (Ditshupo tsa tlhaelo ya naeterojene di tlhagelela pele, mo matlhareng a magologolo). Mo mabakeng a mangwe ditshika tsa letlhare di ka nna le mmala o o letsatsa go na le ditogwa tse di di dikologileng.



Dithaelo tsa salefore di tlhagelela morago ga tiriso e telele ya menontsha e e se nang salefore jaaka motlhaoloso o o se nang mmala le dikuno tse dingwe tse di nang le meloiso ya foseferase e e kwa godimo.



Tlhaelo ya potasiamo

Tlhaelo ya potasiamo e itsege ka kgolo sa semela e e fokotsegileng le ka tshetlhafalo le/kgotsa go swa ga magale a letlhare. Ka gore potasiamo e tsamaya mo semeleng, ditshupo di bonala mo matlhareng a magologolo pele. Tshupo e nngwe ya tlhaelo ya potasiamo ke go fokotsega ga thata ya lotlhaka le go tlhola mathata a go wa, phokotsego ya kemelano le malwetse le phokotsego ya thatafalo ya mariga ya dijalo tsa ngwaga tsa motlhogelarui kgotsa mariga.



Ditshekatsheko tsa potasiamo, e e fitlheletsweng ka mekgwa ya kgopo e e farologaneng, di a tsamaelana. Ditshekatsheko tse mmugodimo wa mebu ya motlhaba ga go minyegela ga potasiamo mo mmutlaseng.



Foseferase

Ditshupo tse di bonalang tse di tlwaelegileng tsa tlhaelo ya foseferase e e bontshiwang ke dimela tsa dintsi e akaretsa:

Go huba

Mmala wa botala jo bo letobo kgotsa botala jo bopududu.

Mmala o o kgonegang wa selaole mo dikarolong dingwe tsa semela.

Phokotsego ya go tsala le/kgotsa ntshodikuno ya peo.

Tiego mo go butsweng. 



