Land (1 972)										Tswana



Ke ka bona jang lefatshe?



Instructions: 

Folio Strap: Thuo ya lefatshe

Byline: Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneo la Tlhabololo la Balemirui la Grain SA



Ka kakaretso go ka twe methale yotlhe ya temothuo e batla gore e nne le lefatshe – e ka nna setokana sa lefatshe, jaaka “thanele” ya go jala merogo, kgotsa ya nna kaboabo ya lefatshe le le ka dirisiwang go fudisa mo dikgaolong tse di kgwatata.



Fela le gale fa lefatshe le tshwanela go dirisediwa temothuo, go tshwanetse gore go nne le phitlhelelo ya semolao ya lefatshe le – se se laola kamano magareng ga mong wa lefatshe le modirisi wa lefatshe (mo mabakeng mangwe o fitlhela mong le modirisi wa lefatshe e le motho a le mongwe).



Thuolefatshe

Go na le diitlhophelo tsa thuolefatshe tse di farologaneng di le mmalwa tsa temothuo mme tsotlhe tse di tla ka dintlha tse di siameng dingwe gammogo le dintlha tse di ganetsang. Selo sa botlhokwa go gakologelwa fa ke gore ditumelano dife kampo dife tse di amanang le lefatshe di tshwanetse tsa bo di kwadilwe fa e le di tshwanela go ka tsepama mo kgotlatshekelong ya molao – tumelano ya molomo ga e bereke mo dikgannye tsa lefatshe.



Go le gantsi mo tshimologong ya botsalano jwa mofuta ofe kana ofe, maphata a a amegang a dumelana ka se se tshwanetseng go dirwa mme ba solofela tse dintle fela go tswa go matlhakore otlhe. Mo tsamaong ya nako go diragala gore botsalano jole bo tlhanye, mme go bo go ka iphitlhelwa go emelanwe kwa kgotlatshekelo ya semolao. Jaaka go tlhageletse mo dikgetsing tse dintsi tse di amang lefatshe, go tlhokega mokoa wa madi mme go botlhokwa go dira ditumelano tsa konteraka e e kwadilweng pele go ka dirwa sepe fela, go sireletsana ga matlhokore oobedi mo dikgotlhannye tse di ka tlhagelelang.



Dibopego tse di farologaneng tsa thuolefatshe di akaretsa (magareng ga tse dingwe):

Bong jwa lefatshe;

Khiro;

Tetlo ya go dirisa mo lefatsheng la morafe; le

Go lema ditele.



Bong jwa lefatshe

Karolwana nngwe le nngwe ya lefatshe mo Aforikaborwa, le mo lefatsheng, e na le kano ya bong(title deed). Fa e le gore o mong yo o tshwanetseng wa karolwana ya lefatshe, gona o tlaa nna le kano ya bong ya lefatshe leo. Kano e na le tlhaloso ya karolwana eo ya lefatshe e e kgethegileng. Kano ke sediriso sa semolao se se dirisiwang go abela tshwanelo. Kano e itsege thata jaaka mokgwa wa phetisetso ya bong jwa boswa jwa tota go tswa mothong go ya go yo mongwe. Mo phetisong ya boswa jwa tota kano e fetisa bong go tswa go mong wa pele go ya go mong yo mošwa. Phetiso ya bong jwa boswa jwa tota e kwadisiwa mo diofising tsa kano mo ditikatikweng tse dikgolo go ralala Aforikaborwa. Kano ya bong ke bopaki jwa bong jwa lefatshe.



Mo makgating a le mantsi fa motho a batla go adima madi, ditheo tse di adimisanang ka madi di batla tshireletso ya kadimo. Ditheo tsa kadimiso ya madi di beeletsa madi ao badiri ba tsona ba a beeleditseng mo bankeng mme banka e batla go netefatsa gore madi a e a adimisitseng kwa ntle a bolokesegile. Mong wa lefatshe (motshodi wa kano ya bong) o ka dirisa lefatshe jaaka tshireletso ya kadimo. Bonto kgotsa “mortgage” e kwadisiwa kgatlhanong le kano ya bong. Bonto e kwadisediwa bokana kang jo bo kgethegileng bongwe jwa madi.



Go fa sekao, a re re motsholakano ya bong ya lefatshe o rata go adima R100 000 mo bankeng. Banka e tlaa kwadisa bonto ya R100 000 kgatlhanong le kano ya bong e e kgethegileng eo. Fa motho yo o adimileng madi a sa kgone go a busa go ya ka tumelano, gona motsholabonto 
(mo lebakeng le banka) o ka pateletsa motsholakano ya bong go rekisa lefatshe gore montsholabonto a tle a kgone go boelwa ke madi a gagwe. Fa lefatshe le ka rekisiwa ka R200 000 (sekao fela) gona banka e ka tsaya fela selekano sa madi se se kolotiwang banka. Fa motsholakano ya bong a ne a adimile R50 000, gona banka e ka tsaya fela R50 000 le mororo bonto e le ya R100 000.



Khiriso

Fa motho mongwe a eletsa go dirisa lefatshe le e leng la mongwe, gona maphata a mabedi a tsena mo tumelanong ya khiriso kgotsa rente. Go mosola thata gore motho yo o batlang go dirisa lefatshe o tshwanetse go netefatsa gore tota mong wa lefatshe le a batlang go le dirisa leo, ke mang. Tumelano ya khiro ke tumelano e e kwadilweng magare ga maphata a mabedi mme e supa ka botlalo bogolo jwa lefatshe, paka ya boleele jwa tumelano, madi a a duelelwang khiro gammogo le matlha a dituelo.



Sekao, khiro e ka nna magareng ga Rre X (mohirisi kgotsa mong wa lefatshe) le Rre X (mohiri – motho yo o eletsang go dirisa lefatshe); ka polase ya Dawn, mo kgaolong ya Tweespruit, ya bogolo jwa 400 ha, ya lobaka lwa dingwaga tse tharo, ka bokana ka R150 ka heketara ka ngwaga, e e duelelwang kwa pele ka kgwedithataro nngwe le nngwe. Go sa ntse go tlaa nna le dintlha dingwe tse di tlaa akarediwang mo tumelanong ya khiro – sekao, mabaka a phediso ya khiro, tetla ya go tlosa ditlhare – kgotsa mabaka mangwe afe fela, a a ka dirang mo setshanyaneng seo sa lefatshe le le rileng.



Motho yo o hirileng lefatshe ga a kgone go dirisa lefatshe leo jaaka tshireletso ya kadimo ka gore se se ka dirwa fela ke motsholakano ya bong kgotsa mong wa lefatshe. Go a kgatlhisa gape go itse gore khiro e tla pele ga thekiso. Se se raya gore fa go na le tumelano ya khiro mo polaseng e gongwe e leng ya paka ya dingwaga tse tharo, mme mong wa lefatshe a eletsa go rekisa lefatshe leo pele ga paka ya khiro e fela, mong o tshwanela go buisana le mohiri – e ka nna go dira dithulaganyo gore mong yo mošwa a tsee khiro kgotsa mong o ka dumela go duela mohiri bokana kang jwa madi (a a dumelanweng) go fedisa khiro.



Go ya ka mabaka a setemothuo, tumelano ya khiro gantsi e magareng ga balemirui ba babedi – yo mongwe yo o leng mong wa lefatshe le yo mongwe yo o batlang go dirisa lefatshe, kgotsa magareng ga mmasepala le molemirui (gantsi se ke lefatshe la morafe le le leng la ga mmasepala) kgotsa le mmuso – go na le lefatshe la puso le lentsi le le leng la puso mme le dirisiwa ke batho poraefete ka tumelano ya khiro.



Tetlo ya tiriso mo lefatsheng la morafe

Mo Aforikaborwa 13% ya lefatshe e mo taolong ya thulaganyo ya semorafe – se se fetogela mo diheketareng di le dimilione tse 17. Boammaaruri ke gore lefatshe le ke la puso – gantsi ke la Lefapha la Merero ya Mafatshe, Lefapha la Temothuo kgotsa Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba mme le laolwa ke dipusomerafe.



Le fa batho bangwe ba re ga go na direkoto tse di kwadilweng tse di nepagetseng dipe ka thulaganyo ya thuolefatshe mo lefatsheng la morafe, dithulaganyo le dikabo di itsege sentle mo merafeng eo (mme gongwe di tlhoka go kwalwa, gongwe gape le kwa ofising ya dikano
(deeds office) jaaka fela go dirwa ka dikano tsa bong). Go ntse le dikgannyana tsa barutegi tse dintsi tse di kwadilweng ka tiriso ya lefatshe la morafe mme batho ba le bantsi ba tshwaela ka bogabedi jwa dithulaganyo tse mo dinageng tse di kileng tsa busiwa ke bokoloniale – thulaganyo e e feletseng ka direkoto tse di feletseng mo lefatsheng le le ruilweng ke makgoa, mme go se na thulaganyo e e kwadilweng ya lefatshe le le tsamaisiwang ka semorafe. Fa maitlhomo a go nna le lefatshe e le ntshodikuno tsa temothuo le kwa bofelong e le phokotso ya lohuma, gona hee, gongwe ke nako ya gore thulaganyo ya semorafe e tseelwe tlhogong ka tlhoafalo mme go ribololwe mekgwa go tshwanela ditlhokego tsa ditheo tsa kadimiso go tsena mo bonneteng jo bo gona jwa mofuta o wa thuofatshe. Go sa ntse gape go tshikinngwa go dira patlisiso go ya pele ka kwadiso ya tshwanelo tsa lefatshe la semorafe – se se tota se tsamaelana le morero wa thuto ya patlisiso e ya motheo e e totisitsweng ditsela tse di kgonegang tsa go dira lefatshe le gajaana le leng mo taolong ya thuo ya semorafe go oketsa ntsho ya dikuno tsa temothuo.



Molaotlhomo o montšhwa o fetisitswe kwa palamenteng ya Aforikaborwa ka 2003 – Molaotlhomo wa Ditshwanelo tsa Lefatshe tsa Semorafe. Moko wa molaotlhomo o ke gore lefatshe lotlhe le gajaana e leng la puso mme le dirisiwa ke merafe (mo tsamaisong ya pusomorafe) le tshwanetse go sitlhamololelwa mo morafeng o o le dirisang – morafe o tshwanetse o tlhame setheo sa semolao (legal entity) go atlanegisiwa Mokgatlho wa Dithoto wa Semorafe – (Communal Property Association) le go bona kano ya bong ya lefatshe leo. Ditlamorago tsa molaotlhomo o le gale di na le dinonofo tse di tseneletseng mo motheong wa maatla a dikgosi. Gajaana kabo ya lefatshe la morafe e mo diatleng tsa pusomorafe – fela fa Molao o o diragadiwa, morafe o tlaa amogela bong jwa lefatshe mme pusomorafe ga e kitla e nna le dithata tsa go aba lefatshe, se gajaana e leng motheo wa maatla a bona.



Ntlha ya go lema mo lefatsheng la morafe e na le dinonofo tse di masisi mo dintlheng tsa kgwebofatso ya balemi ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Dintlha tse di tshwanetseng go lebelelwa ke tse di latelang:

Ka gore molemirui e se mong wa lefatshe, ga a kgone go dirisa lefatshe jaaka tshireletso ya dikadimo (go na le gale le mosola mo go se – fa o sa kgone go bonta lefatshe gona lefatshe le ga le ka ke la tsewa mo go wena fa o sa kgone go duela kadimo. Thulaganyo e e ka dia tswelelopele, fela fa molemirui a ineetse, o ka tswelela pele ka go gata dikgato tse dinnye go ya pele le go nna le mathata a mannye).

Selekano sa lefatshe le le lengwang le le newang lelapa lengwe le lengwe go ya ka thulaganyo ya tetlo ya tiriso, ga se se sekae – gape se farologane go tswa Botlhaba (koo balemi ba abelwang 1 ha - 2 ha) go ya Bophirima (koo balemi ba abelwang 15 ha).

Lefatshe la phudiso le dirisiwa ke morafe otlhe mo go rayang gore go bokete go diragatsa tsamaiso ya phulo ka gore badirisi botlhe ba tlaa tshwanela go dumelana ka thulaganyo ya tsamaiso e e tshwanang (sk. gore ke dikarolo dife tse di tlaa fudisiwang le gore ke dife tse di tlaa ikhutsisiwang ka nako nngwe e e rileng le gore dipoo di ka tsenngwa leng le go ntshiwa leng mo dikgomong).

Batho bangwe ga ba dirise lefatshe le ba le abetsweng. Mo dikgaolong dingwe batho ba bangwe ba ka buisanela go dirisa lefatshe le le jaana (ka go fa mong dingwe tsa dikuno tsa lefatshe leo kgotsa go mo duela rente). Mo dikgaolong tse dingwe le gale fa mong wa lefatshe a letla motho yo mongwe go le dirisa, o latlhegelwa ke tshwanelo ya tiriso ya lefatshe leo. Se se baka go tlhoka go dirisiwa ga diheketara tse dintsintsi tsa lefatshe la temo ka mong a sa batle go ipona a latlhegelwa ke go nna le lefatshe.



Go lema ditele

Go lema ditele ke thulaganyo ya thuolefatshe e e tlwaelegileng fa motho yo mongwe a na le tiriso ya lefatshe ya semolao fela a sena ditsompelo tsa go le dirisa. Mo tumelanong ya go lema ditele, motho yo mongwe gantsi o tlisa lefatshe mo semphatong, fa motho yo mongwe ena a tlamela ka ditsenngwateng gammogo le metšhine le go dira tiro. Dintlha tsa tota tsa tumelano di tlaa farologana go ya motho ka motho – mo mabakeng mangwe e ka nna go arogana dipoelo (le mororo se se ka nna bokete go balelwa), kgotsa karolo ya dikuno. Sekao sa se e ka nna tumelano ya go lema ditele eo mo go yona mong wa lefatshe a amogelang 10% ya dikuno – kgetse e le nngwe mo dikgetseng tse di lesome(10) dingwe le dingwe tse di bonweng kgotsa tono e le 1 mo ditonong tse 10 dingwe le dingwe tse di bonweng. Mofuta o wa tumelano o baka gore maphata ka bobedi a dire sentle mo setlheng se se siameng le go dira bokete mo setlheng se se bokoa. Fela le gale mo tumelanong ya khiro mohirisi o bona bokana kang jwa madi jo bo tshwanang go tswa mo mohiring go sa kgathalesege seemo sa setlha – se se rayang gore mohiri o ka iphitlhela mo mathateng a matlole, fa setlha se le bokoa mme go na le lotseno lo lonnye kgotsa lo se yo gotlhelele.



Kwa bokhutlong, go na le dithulaganyo di le mmalwa tse di ka dirwang go fitlhelela lefatshe. Fa o batla go dira temothuo, ga o tlhoke go nna mong wa lefatshe – dira thulaganyo e e laolesegang mme o simolole – motho yo o ka se keng a nna molemirui ka gope, ke motho yo o se keng a simolola.



