Kweekgras (Maize)									Setswana



Motlho – a go na le tharabololo ya ka bonako



Instructions:

Folio strap: Taolomofero

Byline: Dr. Jeanetta Saayman -du Toit, Setheo sa ARC, Potchefstroom, Tel: (018) 299-6297

Photos: Setshwantsho 1: Sethunya - seako



Motlho – Cynodon dactylon – go bonala o tlholega kwa Boboatsatsi jwa Aforika kgotsa Asia. Tlhaga e e aname thata mo Aforikaborwa mme e bile e rwala maikarabelo a ditatlhegelo tse dintsi tse di amanang le phulo gammogo le dijalothoro.



Motlho ke tlhaga e e patlameng, e e namang ya motlhogelaruri e e anamang ka menamo le medi. Tlhaga e e sa ntse e ka anama ka didiriso le diphologolo tsa polase. Motlho ga o golele kwa godimo thata – gantsi ga o fete bogodimo jwa 40 cm. Seako (Setshwantsho 1) se na le ditsejwana tse di rulagantsweng jaaka menwana, di le 3 - 7 tsa boleele jwa 3 - 6 cm. Peo ya teng e phitshwa, borethe, phatsima le kgolokwe ya lee, ka boleele jwa go tswa 1,1 mm go ya bophara jwa 0,7 mm. E mela botlhofo le go gola ka go phorosela.



Motlho ke semela sa kgolo e e maatla a a kgonang go thuba konkoreite le sekontere. Lebaka la gore o bo o gola ka maatla jaana le o dira gore o nne mosola mo dikgaolong tse kgogolego ya mmu e tshwanetseng go thibelwa teng. Mefutapeo e e farologaneng ya motlho e tlhamilwe go dirisiwa mo meselemetsing (NK37), dillonong, mabala a kolofo le mabala a metshameko.



Motlho o naya dijalo kgaisano e e gagametseng, - mo ditlhageng tsa motlhogelaruri, motlho ke nngwe ya tse di thata go gaisa, ka jalo ke nngwe ya tse di bokete go laolwa. Ka ntlha ya gore tlhaga e e anama ka peo, medi le menamo, taolo e e feletseng ya tlhaga e, e tlhoka go tlhaloganngwa go go feletseng ga modikotshelo, tlhaloganngopopego le ikatiso (ntsifatso) tsa yona. 



Motlho o tlhasela masimo ka dimikana tsa medi le peo, tse di ka anamisiwang ke diphologolo gammogo le ditlamelwana tsa polase. Jaaka go ntse le ka ditlhaga tse dingwe, peo ya motlho e tlhogela fela fa gaufi le boalogodimo, e tlhama medi ka bonakonako mme ka bofefo e tlhame logogo lo lo sa phunyelediweng. Motlho o gaisanela le dijalo sebaka, lesedi, metsi le dikotla tsa mmu, mme gape o ipaka mo didirisong le go tlhola ditatlhegelo tsa seikonomi tse di masisi.



Potso e e mo melomong ya mongwe le mongwe ke gore: A re ka laola motlho? Ee, re ka laola motlho fela ga go na tharabololo ya ka pele. Taolo ka metšhine e kgaola menamo mme tota e rotloetsa kgolo ya tlhaga e le go e kgontsha go anama ka bonako le ka botlalo.



Mo letlhabuleng (Tlhakole le Mopitlwe), popego ya tlhaga e a fetoga mme e tseela dikotla kwa tlase mo meding go tlaa dirisiwa go falola mo dikgweding tse di tsididi tsa mariga. Letlhabula ke nako e e siameng ya go peita motlho. Dilitara tse 6 tsa “Glyphosate” (Roundup) ka heketara di tshwanetse go laola motlho ka nako e. “Glyphosate” e tlaa rorelwa kwa meding ke semela mme e tlaa bolaya semela sotlhe. Mo mabakeng a le mmalwa foo go ka nnang le go tlhoga gape, dimela di ka alafiwa bongwe ka bongwe. Go sa ntse go le botlhokwa go laola tlhaga e mo ditlhofing gammogo le mo ditseleng ka gore dikgaolo tse di ka nna motswedi wa tlhaselosešwa.



Mokgwataolo o mongwe o o tshwanetseng ke go kgaoganya menamo le medi. Ka nako ya mariga ka go dirisa tlhagolo ka metšhine. Morago ga go ribega mo marigeng, fela fa medi le menamo di godile sentle, go ka kgatshiwa ka dilitara tse tsa “Glyphosate” mo setlheng sa dikgakologo se se latelang – dira pakatetelo ya dibeke tsa tharo pele o tswelela ka paakanyommu ya setlha sa selemo se se latelang. 



Taolo ya mofero ya matlharephaphathi mo dijalong tsa matlharephaphathi, le taolo ya mefero ya sekatlhaga mo dijalong tsa sekatlhaga, e sala go nna pharela mo bantshadikunong. Ka jalo go sala go nna bokete go laola motlho mo mmiding. Fa go kgonegang refosanya ntshodikuno ya mmidi le sejalo sa matlharephaphathi (dinawa tsa soya, matonkomane kgotsa sonobolomo) mme o laole mofero wa sekatlhaga mo nakong ya ntshodikkuno ya dijalo tsa matlharephaphathi. Ikopanye le moemedi wa dikhemikale tsa temothuo wa gago go go naya kgakololo ya selegae. Morago ga thobo ya dijalo tsa matlharephaphathi mo marigeng go ka ribegiwa go senya medi le menamo, mme gape ga latelwa ka tshelo ya dilitara tse 6 tsa Glyphosate ka heketara.



Boeletsa lenaneo jaaka le thadisitswe fa godimo. Go ka solofelwa gore morago ga dingwaga tse pedi tsa kalafi e, motlho o tlaa bo o laolesegile.



Go na le dintlha di le mmalwa tse di ka amang katlego ya lenaneotaolo le:

Fo go tshelwa Glyphosate, motlho o tshwanetse o a bo o tlhoga ka mafolofolo mme go nne le kgaolo ya matlhare e e lekaneng go monyela khemikale.

O se ke o a tshela Glyphosate fa semela se le mo ngodiegong (botsididi, komelelo kgotsa go betwa) ka gore se se tlaa ama monyelo bosula.

Latela ditaolo mo setshwaokaelong ka kelotlhoko.

Tlhokomela phokelelo ya khemikale mo dijalong tse dingwe.

Tlhokomela gore Glyphosate e masisi mo botennye jwa metsi a a dirisiwang go kgatsha.

Go tlhakanya amoniamo salefeite le Glyphosate go ka nna botlhale mo mabakeng a a rileng.

Gakologelwa gore go boloka madi mo pakeng e khutshwane go ka dira ditshenyegelo tse dikgolo mo pakeng e telele – dirisa selekanyo se se atlanegisitsweng sa khemikale fa go tlhokega taolo e e nonofileng. 

