Knowing									Tswana

Go itse semela sa mmidi



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Tshedimosetso e tswa mo kaeding ya Grain SA: Ntshodikuno le thekiso ya mmidi



Dimela di arogantswe ka ditlhopha tse dikgolo di le pedi – matlharephaphathi (khotopedi) le matlhare sesane (khotonngwe). Dimela tsa matlharesesane di na le ditshikatlhare tse di bapileng fa e le gore tsa matlharephaphathi ditshikatlhare tsa ona di tlharaletse.



Botlhokwa jwa pharologantsho e ga bo na bolekanngo ka ntlha ya gore taolomofero ka khemikale e ikaegile ka pharologano magareng ga ditlhophakgolo tse pedi tse.



Dikarolo tsa semela

Lefetlho

Letlhare

Maudi

Seako

Kutu



Medi

Maitlhomo a medi ke go tshola semela se tsepame mo mmung le go monyela metsi le dikotla mo mmung.



Semela sa mmidi se na le thulaganyomedi e e dikalakala (tlharaletseng). Mo maemong a a feleletseng, semela sa mmidi se ka nna le thulaganyomedi ya boleele jo bo ka nnang 1 500 m. Fa thulaganyomedi e ka gola ka botlalo, medi e ka namela kwa thoko sekgala sa 1,5 m le go tsenelela boteng jwa 2 m.



Ka bophara, go na le mefuta e mebedi ya thulaganyomedi – moditona (modi mongwe o moteleletelele, o o maatla thata o o ka nnang le medithoko e le mmalwa) le thulaganyomedi ya medimotlang (medi e mentsi e e golelang dintlheng tsotlhe mo mmung). Semela sa mmidi se na le thulaganyo ya medimotlang mme mo godimo ga moo, fa semela se ntse se golela kwa godimo le go fitlhelela kgato ya go ntsha lefetlho meditshegetso e mengwe e e mela go tshegetsa semela se tsepame. E ke medi e mekima e e mmala e e nang le tebego e e bongapa mme e gola go tswa ka fa godimo ga mmu.



Dikutu

Kutu ya semela sa mmidi e bopegile jaaka selentara. Go bonala sentle gore go na le malokololo (foo matlhare a tlhogang teng) le dinoko (kgaolo e e fa gare ga malokololo). Boleele jwa kutu bo laolwa ke mefutapeo le maemokgolo. Semela sa mmidi se ka nna le dinoko di le magareng ga 8 le 21. Dinoko tse di farologaneng di ka nna le boleele jo bo farologaneng. Seako gantsi se tlhoga mo nokong ya borobedi ya semela.



Matlhare

Matlhare a le mabedi a tlhoga mo nokong nngwe le nngwe. Maitlhomo a matlhare ke go monyela marang a letsatsi le go dira feketori ya go direla semela dijo. Matlhare mo semeleng sa mmidi a tlhagelela ka go latelana mo kutung le go tlhagelela ka mela e mebedi e e lebaganeng mo semeleng. Mogwang o moleele, o mosesane mme o nna motšhotšho go ya kwa nkong. Letlhare le tshegeditswe ke mokwatlatlhare o o popometseng go ya le boleele jwa lona.



Letlhare la semela le hema ka dikgeleswana tse dinnye tse di mo sefatleng sa letlhare. Tsona di bidiwa seomata. Go na le disetomata tse tdintsi mo sefatleng se se kwa tlase sa letlhare le fa gona go nale disetomato mo sefatleng se se kwa godimo. Setomata se na le thulanganyo e ka yona disele di latlhang bongola fa go le bolelo e bile go omile, e e kgontshang letlhare go menagana. Tirego e e letla letlhare go menaganela ka fa teng mme se se thibela tatlhegelo pele ya bongola go ya. Ka dipaka tse di mogote le komelelo, semela se kgona gore matlhare a menagane ka nako ya karolo ya letsatsi e e mogote thata mme ka go dira jalo se boloke bongola. Moragonyana mo letsatsing fa dithemphereitšha di ya tlase, tirego e e a fetoga mme matlhare a kgona go tswelela ka tiro ya ona ya gale. Fa maemo a a bolelo le a omileng a tswelela paka e telele, tirego e ga e kgone go busediwa morago mme matlhare a a swa – mme se ke tshenyego ya leruri ya semela e bile se tlaa nna le kamo e e bosula mo thobong ya dithoro.



Dithunya

Semela sa mmidi se na le dithunya tsoopedi, sa monna le sa mosadi – se se letla itulafatso. Karolo e namagadi (mosadi) ke e e tswelelang go nna seako, fa e le gore e tonanyana (monna) e gola go nna lefetlho kwa nkong ya semela. Tlhakana nngwe le nngwe e e kgonegang ya mmidi e tshwaragantswe le tšhupu e tshesanyane thata (leudi) Mmudula go tswa kwa anthereng (ramodula) (sethunya se setonyana) o wela mo setekimeng (bogodimo jwa sethunya se se namagadi) le go golela kwa tlase le leudi (setaele) go ya kwa tsaleng. Tulafatso e diragala fa mmudula o fitlha kwa tsaleng.



Peo

Tirego yotlhe ya go jala mmidi e lebisitswe mo go ntsheng peo. Boleng le mothama wa peo di botlhokwa mo poelong ya tiro ya temo yotlhe.



Dintlha tse di tlhotlheletsang boleng le mothama wa peo ke bolwetse, ditlhokego tsa dikotla tsa semela, go nna teng ga bongola le themphereitšha ka dikgato tse di farologaneng le tlhopho ya mofutapeo.



Dikgato mo tswelelong ya dimela

Bomaleba jwa pharologano e ke gore go na le dikhemikale dingwe tse di tshwanetsweng go tshelwa pele dijalo di tlhoga, fa tse dingwe e le tsa morago ga tlhogo ya dijalo.



Pele-ga-tlhogo

Pele ga tlhogo e tlhalosa paka magareng ga jalo ya dijalo, tirego ya melo fela pele semela se tlhagelela fa godimo ga mmu.



Morago-ga-tlhogo

Se se tlhalosa paka ya fa morago ga peo e se na go mela e bile semela se setse se tlhageletse fa godimo ga mmu.



Dikgatokgolô

Dikgatokgolô tsa semela sa mmidi di beilwe ka dipalo go ya ka dikgato tse di tlhaolegileng go tswa 0 - 10.



Kgatokgolo 0: Go tswa jalong go ya tlhogong

Mmidi o jalwa magareng ga 2,5 cm le 5 cm fa tlase ga boalogodimo jwa mmu. Mo maemong a a bothitho le bongola, peo e tsaya malatsi a le 6 go ya 10 go tlhoga. Mo maemong a a tsiditsana le/kgotsa omileng, peo e ka tsaya go ya bekeng tse pedi go tlhoga. Themphereitšha e e Thekanetseng ya melo ke go tloga magareng ga 20°C le 30°C. Ditengbongola jwa mmu tse di eletsegang e tshwanetse go ka nna 60% ya mothamo wa tshimo. (Metsi a mantsintsi kgotsa a mannye thata a tlaa kgoreletsa tswelelo).



Makesimamo ya palo ya matlhare le matlhogelathoko a tlhomamisiwa ka lotso. Letlhare le lentšhwa le tlhagelela e ka nna malatsi a mararo mangwe le mangwe. Ka nako e, ntlhanakgolo e sa ntse e le ka fa tlase ga boalogodimo. Tlholego ya lefetlho e tlhagelela ka yona kgato e.



Kgatokgolô 1: Matlhare a mane a menologile gotlhelele



Kgatokgolô 2: Matlhare a le robedi a menologile gotlhelele

Ka paka e kgaolo ya matlhare e oketsega gatlhano go ya gasome, fa boima jwa kutu bo oketsega gamasometlhano go ya galekgolo. Tlholego ya seako e tlhagelela ka yona kgato e. Meditshegetso e simolola go gola mo malokololong ka fa tlase ga boalogodimo. Ntlhanakgolo ke 5 cm - 7,5 cm fa godimo ga boalogodimo jwa mmu.



Kgatokgolô 3: Matlhare a a lesomepedi a menogile gotlhelele

Lefetlho le le golang le simolola go gola ka bonako. Matlhogelathoko a a tlaa ungwang diako a tswelela ka bonako mo malokololong a borataro go ya a borobedi fa godimo ga boalogodimo jwa mmu. Palokgonego ya makukunya peo a seako e setse e tlhomamisitswe.



Kgatokgolô 4: Matlhare a a Lesomethataro a menologile gotlhelele

Kutu e Leelefala ka bonako mme lefetlho le setse le batiLle le tsweletse gotlhelele. Maledu a simolola go gola le go leelefala go tswa letlaseng la seako se se kwa godimo.



Kgatokgolô 5: Tlhagelelo ya maudi le tlhotlhorego ya mmodula

Matlhare otlhe a menologile gotlhelele e bile lefetlho le setse le na le malatsi a le mabedi go ya mararo le dule. Matlhogelathoko a a rweleng seakosegolo gammogo le diborakete di setse di batlile go fitLheleLa bogodi. Ka nako e patlego ya dikotra le bongola e kwa godimo.



Kgatokgolô 6: Kgato ya matseme

Seako, matlhogelathoko le diborakete di feditse go gola.



Kgatokgolô 7: Kgato ya matseme (Letšhotlho)

Bontsi jwa dithoro bo tshwelela go oketsega.



Kgatokgolô 8: Kgato ya go šetlega

Peo e simolola go oma.



Kgatokgolô 9: Putso ya popegommele

Fa tlhaka e fitlheletse makesimamo ya boima jwa go oma, llaga ya disele tse dintsho e tlhagelela mo letlaseng la tlhaka. Dithoro di setse di budule gotlhe mme ke fela diteng tsa bongola tse ditlhokang go fokodiwa pele ga thobo.



Kgatokgolô 10: Go oma ga ditlhaka

Dithoro di tshwanetse go fokotsa diteng sa bongola gore di fitlhelele putso ya sebaeloji. Go oma go diragala ka selekano sa go ka nna 5% ka beke go ya 20%, mme morago ga foo go nne le nyafalo mo tiregong ya go oma.

