Key performance areas						Tswana



Dintlhatiragatso tsa botlhokwa ke dife?



Instruksies:

Folio strap: Taolo le thulaganyo

Byline: Jane MePherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneo la Tlhabololo la Grain SA.



Jaaka molemi, go na le dilo di le dintsi tse o di diyang – tsotlhe ka ntlha ya lebaka lengwe.



O sekaseka le go farologantsha mmu wa gago, go yeng?

Gore o bone gore o ka dvusa mmu wa gago botoka jang.

O tsaya dikaommu le go di nomela go sekasekwa, go yeng?

Gore o tle o kgone go tshela monontsha o o nepagetseng mo dijalong tsa gago go bona thobo e e kwa godimo.

O nepa kgotsa go lema tshimo, go yeng?

Go kgontsha pula e e tlaa meng go nwelelela mo mmung.

O dêsa/go lema mmu ka paka ya go kikisa tshimo, go yeng?

Gore o tshole masimo a tlhagotswe mofero le go boloka bongola mo mmung.

O batlisisa ka mebaraka e e ka mnang teng ya sejalo se o yang go se jalo, go reng?

Go netefatsa gore fela fa syefalo se setse se jetswe o na le mmaraka go se rekisa.

O saenela konteraka ka tlhotlhwa e e ruleng, go reng?

Gore o netefatse gore ntshodikuno ya sejalo e tlaa nna poelo.

O baakanya boalopeo, go reng?

Go netefatsa gore fa o jala peo e tlaa nna kwa botennye jo bo nepagetseng le kamano e e siameng le mmu o o bongola go kgontsha tlhogo.

O jala palo e e rileng ya dimela tsa mefuta e e tshwanetseng tota, ka heketara, go reng?

Gore o tle o kgone go roba dijalo tse di gaisang.

O jala dijalo ka monontsha o o uleng ka palo e e nileng ya kg/ha, go reng?

Goy o tle o yobe dijalo tse dintsintsi.

O kgatsha masimo ka sebolayatlhatshana sa pele ga tlhogo, go reng?

Gore o thibele mefero go tlhogela go gaisanela le dimela, bongola, monontsha lesedi le mowa.

O kgatsha masimo ka sebolayatshenekegi (kgotsa o gasadithorwana), go reng?

Gore o thibele tshenyo ya ditshenekegi mo dijalong tsa di tlhogang tsa gago?

O tlhagola mo gare ga mela ya dijalo tsa gago, go reug?

Gore o bolae mefero efe kampo efe e e kabong e gaisana le dijalo tsa gago.

O tshela nontshogodimo mo dijalong tsa gago, go reng?

Gore o neele dijalo monono o di tlhokang go fitlhela thobo e e kwa godimodimo.

O tlhatlhobela dijalo disenyi le go kgatsha fa go ulie kega, go reng?

Gore o kgone go naya aijalo tsa gago sebakasese kgonegang se se gaisang go bona thobo e ntle.

O rola dijalo ka nako e e nepagetseng, go reng?

Gore o tle o bone seemo se se kgonegang se se gaisang sa dijalo tsa gago.



Dilo tse di umakilweng fa godimo ke dilo tsotlhe tse di mo taolong ya gago – o ka dira ditshwetso mme wa tsaya kgato.



Sotso e e latelang ke gore o tlaa itse jang gore o kgonne kgotsa ga o a kgona go dira dilo tsotlhe tse ka nepagalo? Tsela e le yosi ya go itse gore a o dirile sentle ke go ipeela seemo mme o itekanye go ya ka seemo seo. Fa o leba dingwe tsa dipotso tse di fa godimo, o tlaa itse gore karabo e tlaa nna “ee” kgotsa” nnyaya” sekao, o dirile se kgotsa ga o a se dira. Bontsi jwa dipotso tse dingwe, le gale, bo na le dipotso go ya pele e bile bo ka lekanngwa:



Repa kgotsa lema tshimo

Ka letlhaphelelo lengwe le boleng bongwe.

Dêsa/lema mmu ka paka ya go dika ga tshimo

A o bolokile bongola jo bo lekaneng mo mmung go jala dijalo, le o tlamela dijalo go fitlhelela dipula tse di tlwaelegileng di na?

Dira konteraka ya thekiso ka tlhotlhwa e e rileng

Ka tsholofelo ya thobo e e kana kang le ka tlhotlhwa efe?

Baakanya boalopeo

A paakanyo ya boalopeo e lekane, a mme o dirile se se ka nako go jala dijalo ka nako e e maleba tota ya mafutapeo o o yulagantseng go se jala?

Go jala palo e e vileng ya dimela ka heketara

One o rulagoantse go jala dijalo tse kae ka heketara mme a o atlegile mo go seo?

Go jala dijalo ka monontsha o o nileng ka palo e e uleng ya kg/ha

One o yulagantse kg/ha tse kae, a o atlegile mo go se.

Go kgatsha masimo ka dikhemikale tse di farologaneng

O dirisitse dikhemikale dife, a mme o diyisitse selekano se se nepagetseng ka heketara?

Go tlhagola fa gare ga mela ya dijalo tsa gago

O tlhagotse mefero?

Go tshela montshogodimo mo dijalong tsa gago

One o ruagantse go tshela eng gona o tshetse eng?

Go roba dijalo ka nako e e nepagetseng

O bone thobo e e kae ka heketara, mme o kgonne go rekisa dijalo ka tlhotlhwa ya palogare ya bokae.



Dilo tse tsotthe tse di ka:



Rulaganngwa

Diragadiwa

Sekasekelwa tiragatso.



Go na le insorense ya ditsenngwateng ka ba ARS (le ditlamo tse dingwe) go go sireletsa kgatlhanong le ditiro tsa Modimo – tsona ke komelelo merwalela, sefako, serame, phefo le molelo. Fela le gale ga go ope yo o ikemiseditseng go go emaa kgatlhanong le botsamaisi jo bo botlhaswa jwa gago. Ka jalo go botlhokwa thata gore o sekaseke, rulaganye le go diragatsa mekgwatiriso ya tsamaiso yotihe e e gaisang.













