Key											Tswana



Bantshadikuno ke selotlele sa katlego



Instructions:

Folio Strap: Botsamaisi

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Kaeding ya Tsamaiso ya Kgwebo ya Temothuo



Ntlha ya botlhokwa le e e masisi mo katlegong ya tiro ya temothuo ke bontshadikuno – se se akaretsa dintlhakgopolo tse pedi tse di latelang:

Bononofi – go dira se se siameng, le 

Bokgoni – go dira dilo ka tshwanelo.



Bontshadikuno ga bo lekane le dikuno kgotsa ntshodikuno, mme bogolo bo supa ditokafatso mo kgonong ya go fetolela ditsenngwateng mo dikunong (dipholo kgotsa maungo). Ke pholo ya tshwaelo mo kgolong ya kuno; morago ga fa go sena go balela dintlha tse dingwe tsotlhe. Ke kuno e e sa bonweng ka matlho ya ntšhwafatso, bokgoni, tsamaiso, patlisiso, bosa le lesego.



Fa tiriso ya dimetheriale tsa ditsenngwateng jaaka monontsha, leokwane le metšhine e fitlheletse makesimamo kgotsa le gona fa tshwaelotota ya ditsenngwateng tsotlhe e simolola go supa go sa tsamaeng sentle, koketsego ya bontshadikuno e ka nna yona motswedi o le osi wa kgolo ya dikuno.



Kgolo ya bontshadikuno ke sesupo sa phetogo ya sethekenoloji le ditokafatso tsa bokgoni mo tsamaisong kgotsa tekanyong ya ikonomi e e botoka e e tlholang go ntsha go le gontsi go tswa selekanyong se se neetsweng sa dikuno. Go dira ka go ntsha dikuno thata go kaya go dira ka botlhale mme e seng fela go dira ka natla. Kgolo ya bontshadikuno e bokete go e lekanyetsa. Go balela kgolo ya bontshadikuno go batlega go balela ga dikuno le ditsenngwateng tsotlhe le maiteko a go lekanyetsa ditokafatso le kelelo ya tota ya ditirelo go tswa ditsenngwatennye.



Go botlhokwa go akanya ka dikgato tsa bontshadikuno tsa ngwaga o o fetileng tsa dintlha tse di farologaneng tsa ntshodikuno mo polaseng ya gago fa o simolola ka tirego ya togamaano ya popego le matlole tsa setlha se se latelang.





