Journey (Maize) 									Setswana

Go tsena mo tseleng ya bontshakuno jwa bogwebi



Instructions: 

Folio strap: Lenaneotlhabololo la balemirui

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Moono wa Lenaneotlhabololo la Balemirui ke go aga bantshakuno ba bagwebi ba bantsho ba ba nang le kgono le itshegeletso. Lenaneo le ke karolo ya bofelofelo ya mo tseleng ya bontshakuno jwa bogwebi.



Diporojeke tsotlhe tse di farologaneng tse di dirang karolo ya lenaneo la rona di tshwaela mo phitlhelelong ya maikaelelo a rona – dipitso tsa ditlhophathutano, ditekelelo tsa tshupetso, malatsi a balemirui, tlhamo ya dimphato, kgaisano ya Molemirui wa Ngwaga, Lenaneo la Balemirui le le Tsweleletseng, dikhosokatiso, dikgaso tsa radio le Pula/Imvula.



Matshwaotlhaolo a tlhopho ya bantshakuno ba ba tsweleletseng

Go fitlhelela lefatshe la temo le le siameng le le tshwanetseng ntshokuno ya dithoro, ka kgonegalo ya lefatshe la tlaleletso le le ka mo kgontshang go fitlhelela seemo sa bogwebi sa bonnye ditono tse 250. (Thuolefatshe e nne e e sireletsegileng, le mororo re sa tshwenyegele gore a ke lefatshe la gago, lefatshe le le hirilweng kgotsa la morafe).

Ka fa go ka kgonegalang ka teng, montshakuno o tshwanetse a bo a dira a le esi mme e seng a le karolo ya setlhopha. Ka maitemogelo a rona, koo batho ba dirang ba le setlhopha, go nna le kgotlhang e e boitshegang mme tswelelopele e nnye. Batho ga ba kgone go tebisa mogopolo mo ntshokunong.

Diterekere le didiriso tse di lekaneng. Go tota go sa kgonege go nna montshakuno wa mogwebi kwa ntle ga gore o bo o na le diterekere le didiriso. (Mo mabakeng mangwe montshakuno o ka tlhoka rakonteraka go repa, kgotsa go photha, jalo le jalo, fela o tshwanetse go kgona go itirela bontsi jwa ditiro, le fa e se tsona tsotlhe).

Montshakuno o tshwanetse a bo a ne a le tokololo ya setlhophathutano mme a bo a tsenetse bonnye dikhoso tsa Grain SA tse di maleba di le tharo/nne. Ka ditlhophathutano, bantshakuno ba simolola go amogela tshedimosetso ka ntshokuno ya dithoro. Dikhosokatiso tsotlhe di tshwaela mo maatlafatsong ya montshakuno mme o tshwanetse go tsenela dikhoso, mme a bo a thusiwe go diragatsa dithuto tse a di ithutileng mo polaseng ya gagwe.

Montshakuno o tshwanetse a bo a batla go amogela kgakololo, a ineetse mo polaseng le go nna le maikutlo a a siameng. Go nna montshakunothoro go batla boitlamo le boineelo, mme re lemogile gore bontsi jwa bantshakuno ba ba dirang gosele bo a palelwa. Tlhabololo ya montshakuno go nna mo seemong sa bogwebi se se feleletseng go tsaya nako e telele, ka jalo ke peeletso e e boitshegang – ga go a tshwanela go senya madi a otlhe a fela mo mothong yo o sa tlhoafalang ka temothuo.

Kwa ntle ga gore montshakuno a bo a na le khepetlele e e lekaneng go dira kwa ntle ga kadimo, montshakuno o tshwanetse a bo a le mo kemong ya go ka newa molato, gore a tle a kgone go ka fitlhelela kadimo ya ntshokuno (molao wa tseisomolato o mošwa o dirile gore go nne bokete thata mo bantshakunong go fitlhelela dikadimo mme ka jalo ga ba kgone go tswelela pele).

Go na le boleng fa montshakuno a na le dikgwebo tse dingwe tse le tsona di dirang lotseno. Fela le gale, montshakuno o tshwanetse go tshwara ka diatla mme a nne mo polaseng. Ga re dire le “benglefatshe ba ba sa nneng mo polaseng”.







