Jane(Maize)									Setswana
Mme Jane a re…
Folio strap: 
Byline: 
Jaaka montshakuno, kgotsa lelapa (household), o na le eng? (ga re botse: “O batla kgotsa o tlhoka eng?”). A o na le lefatshe kgotsa mebaraka, kgotsa diterekere le didiriso? Se motho o se batlang ga se na bokhutlo – bomadimabe ke gore o ka re fa o nna go le gontsi, go bonala o ka re o batla go le gontsi. Mo Lenaneotlhabololong la Balemirui, maitlhomo a rona ke go re: “O na le eng, mme re ka go thusa jang go se dirisa botoka?”
Fa o na le lefatshe, e ka nna halofo ya heketara kgotsa diheketara di le 1 000, re batla go itse gore o le dirisa jang gajaana. A gongwe le ne le ka dirisiwa botoka mme ke eng se se thibelang go le dirisa ka botlalo? Fa o ntse o roba halofo ya tono ka heketara ya mmidi, gongwe fa o ne o itse botoka, o ka dira botoka mme thobo ya gago e ne e ka oketsega go nna ditono di le nne ka heketara. Ke tumelo ya rona gore mongwe le mongwe o ka thusiwa go dira botokanyana le go dirisa metswedithuso e a nang nayo botoka. 
Go nna montshakuno wa mogwebi go raya go ntsha go feta ka fa wena le lelapa la gago le tlhokang ka teng. Fa o rekisa kuno, o tshwaela labofelo mo tshireletsegong ya dijo ya selegae le bosetšhaba mme o tshwanelwa ke kemonokeng. Bontsi jwa batho bo simolola kwa tlase mme bo godise kgwebo ya bona. Jaaka Grain SA, re rata go beeletsa mo go wena le kgono ya gago jaaka motho. 
Setlha seno sa selemo se ntse le dikgwetlho tse dintsi. Sa ntlha fela ditlhotlhwa tsa dithoro di ne di le kwa tlase, go tsamaelana le ditshenyegelo tsa go ntsha dijalo; mme bantshakuno ba bantsi ba tlhokile go fitlhelela dikadimo. Re lekile bojotlhe go batla thuso kwa Lefapheng la Temothuo la Bosetšhaba, fela le paletswe ke go thusa bantshakuno ba rona. Mo go bao ba ba neng ba kgona go jwala, ba dirisa kadimo kgotsa khepetlele ya bona, tshimologo ya setlha e ne e omile mme maemo a go jala a ne a le maswe. Jaanong pula ya simolola go na mme ya tswelela jalo e sa emise. Jaanong ke bothata jwa mefero e e sa laolegeng ka masimo a kgobotlega le dijalo tse di betwang ka gonne di eme mo metsing. Fela le gale ditlhotlhwa tsa dithoro le dipeo tsa oli di a tlhatloga ka jalo ba ba kgonneng go jala ba tshwanetse go bona tuelo ya matsapa a bona. 
Setlha se se tlang se bonala se siametse jalo ya korong thata (sejalo sa mariga), mo go ba ba lemang mo dikgaolong tse di tshwanetseng ntshokuno ya korong. Mo dikgaolong tsa pula ya selemo mmu o kolobile thata, mme ke se se botlhokwa mo jalong ya korong. Tlhotlhwa ya korong e tokafetse mme re dumela gore se e tlaa nna dikgang tse di monate mo bantshakunong. 
Re dira ka natla go tlhama botsalano jo bo edileng le Lefapha ba Tlhabololo ya Magae le Kabosešwa ya Lefatshe, re solofela go tlaa kgona go ka bega ka seemo mo go Pula/Imvula e e latelang. Fa re ne re ka bopa selekane le Lefapha leo, re ka thusa bantshakuno ba bantsi. 
Re lo eleletsa katlego yotlhe mo kgweding e e tlang... a dijalo tsa lona di phophome mme lo nne le tsholofelo ya temothuo mo isagweng mo Aforikaborwa. 
