Irrigation (Maize) 									Setswana

Nosetso – tota ke ka ga eng?



Instructions: 

Folio strap: Nosetso 

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Ntshodikunong ya Mmidi mo Kaeding ya Nosetso

Lefatshe lotlhe le itemogela mathata a a boitshegang a metsi, ka ntlha ya kgolo e e tsweletseng ya palobatho (baagi) le mororo mothamo wa metsi o o teng mo lefatsheng o lekanyeditswe. Mmepe o o fa tlase o bontsha bogone jwa metsi mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe.















Go na le batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ba se nang phitlhelelo e e sireletsegileng ya dijo le metsi a go nwa a a phepa. Mafelo a le mantsi ke kgwatata, ka jalo bantshadikuno ba dirisa nosetso go kgona go dira tse di latelang:

Go ntsha dijalo ka metsi a a bolokilweng, mo dikgaolong tse pula e leng kwa tlase thata kgotsa e sa ikanyegeng.

Go dirisa metsi a a bolokilweng go tswa sekgaleng se se kgakala le foo.

Go fokotsa bothata jwa tatlhegelo ya dijalo le go oketsa tshireletso ya dijo ya bosetšhaba.

Go oketsa ntshodikuno ka heketara.

Go ntsha dijalo ka ditlha tsa pula le komelelo.

Go ntsha go feta sejalo se le sengwe ka ngwaga.

Go dirisa dipeeletso tsa khepetlele ka nonofo/tshwanelo.

Go tlamela mmaraka o o tswelelang go gola.

Go ntsha dijalo tsa boleng jo bo botoka.

Go tlhabolola le go nitamisa dikgaolo tsa magae.

Go ntsha dijalo tse di kgethegileng mo dikgaolong tsa komelelo (dikgaolo tse di nang le mosola wa gore ga di na dipula tse di ka nelang dijalo fela go sa solofelwa).

Dikgaolo tse dikgolo tsa Aforikaborwa di na le maemo a tlelaemete a a bolelo le a a omileng, dikelo tsa mowafalo tse di kwa godimo e bile di itemogela dipula tse di kwa tlase le tsa mookodi fale le fale, koo ntshodikuno ya dijalo e feletseng e sa kgonegeng kwa ntle ga tiriso ya metsi a tlaleletso. Ntshodikuno ya dijalo kwa ntle ga thuso ya nosetso e bidiwa “e e fepiwang ka pula” kgotsa ntshodikuno ya dijalo mo lefatsheng le le omileng.

Tlelaemete e e atetsweng ke mogote le tlhabo ya letsatsi, le gale e mosola mo kgolong ya dimela e bile go kgonega go lema mefuta e mentsi ya dijalo ka nosetso koo go nang le mebu e e tshwanetseng le ditlamelo tsa metsi tse di lekaneng. Bokana ka 44% ya lefatshe la nosetso, bo tlhabolotswe ke kgwebo ya poraefete, 26% mo dikemeng tsa metsi tsa puso go akaretsa le 4% mo dikemeng tsa bantshadikuno ba babotlana le 30% mo dikemeng tsa diboto tsa nosetso.

