Inputs 											Tswana

Dikoketsego tse di tswelelang tsa ditshenyegelo tsa ditsenngwateng – sebako sa tshwenyego



Instructions:

Folio Strap: Ditsenngwateng

Byline: Cornė Louw, Raikonomimogolo: Ditsenngwateng , Grain SA



Kerafo 1: 	Ditlhotlhwa tsa menontsha tsa boditšhaba.

 		Ranta ka ditono

 		Dikgwedi

 		Amonia 

 		Di-ammonium phosphate

 		Potasiamo

 		Urea 

Kerafo 2: 	Tlhotlhwa ya oli e tala ya boditšhaba le ditshenyegelo tsa holoseile tsa disele.

		Ranta ka swaki/sente ka litara 

		Tlhotlhwa ya oli e tala ya boditšhaba (ranta ka swaki)

		Tshenyegelo ya holoseile ya disele (sente ka litara)

		Dikgwedi



Bantshadikuno ba dithoro le dipeo tsa oli ke baamogelatlhotlhwa. Ka mafoko a mangwe, bantshadikuno ga ba ka ke ka botlhofo fela ba tlhakanyetsa ditshenyegelo tse di oketsegetseng tsa ditsenngwateng mo tlhotlhweng ya kuno ya bona. Ka ntlha ya lebaka le dikoketsego tse di tswelelang mo ditshenyegelong tsa ditsenngwateng di tshosetsa poelo mo ntshodikunong ya dithoro le dipeo tsa oli.



Go botlhokwa thata mo bantshadikunong le badirisi ka bobedi ba nne ba sedimoseditswe ka dikoketsego tsa tlhotlhwa ya ditsenngwateng.



Monontsha

Tlhotlhwa ya selegae ya monontsha e oketsegile mo go boitshegang magareng ga Motsheganong 2007 le Motsheganong 2008. Sebakosegolo sa koketsego e ke patlego e e oketsegileng lefatshe ka bophara ya monontsha fa dilekanyo tsa ntshodikuno ya monontsha tsona di sa fetoga. Patlego e e golang go tswa dinageng di tshwana le Tšhaena le Intia ke yona ntlha kgolo. Tšhaena gape e kgethisa lekgetho la thomelontle mo monontsheng, se se etegeditseng maemo.



Fa e sale go tloga ka Moranang 2007 tlhotlhwa ya boditšhaba ya dikuno e oketsegile ka tsela e (Lenaneo 1 le Kerafo 1).



Lenaneo 1: Koketsego ya boditšhaba mo ditlhotlhweng tsa kuno. 

Amonia
 
99,6 %
 

 
Di-ammonium phosphate 
 
217 %
 

 
Potasiamo
 
173,7 %
 

 
Uria
 
79,9 %
 

 


Kerafo 1: Ditlhotlhwa tsa monontsha tsa boditšhaba.



Go tloga ka Motsheganong 2007, ditlhotlhwa tsa selegae tsa monontsha di oketsegetse go fitlhelela dilekanyo tse di kwa setlhoeng. Dikoketsego tsa tlhotlwa di supiwa mo Lenaneong 2, fa tlase



Lenaneo 2 : Palogare ya ditlhotlhwa tsa selegae tsa monontsha.
 

 


Monontsha 
 
Motsheganong 2007

R/tono
 
Motsheganong 2008

R/tono
 
Phetoga ka %
 

 
LAN (28)
 
2 851
 
3 489
 
22,4
 

 
Urea 
 
4 072
 
5 058
 
24,2
 

 
MAP
 
4 614
 
10 305
 
123,3
 

 
Potasium chloride
 
3 100
 
6 610
 
113,2
 

 


Monontsha o dira phopholetso ya 25% ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa bantshadikuno ba dithoro le dipeo tsa oli, ka jalo dikoketsego tse ke tlhobaetsaboroko e kgolo mo Grain SA. Dikoketsego tse di tlisa kgatelelo e kgolo mo poelong ya ntshodikuno ya dithoro le dipeo tsa oli.



Dikhemikale tsa temo

Tlhotlhwa ya boditšhaba ya dikhemikale tsa temo e oketsegile mo go boitshegang mo dikgweding tse di lesomepedi tse di fetileng. Patlego ya dikhemikale dingwe e oketsegile ka bonako thata go na le koketsego ya ntshodikuno ya dikhemikale tse. Makgetho a thomelontle a a kgethisiwang ke Tšhaena, gammogo le tlhotlhwa e e kwa godimo ya oli e tala a na le tshwaelo e kgolo mo ditlhotlhweng, bokana ka 99% jwa ditswaki tsotlhe tsa dikhemikale tsa temothuo mo Aforikaborwa di rekwa go tswa kwa ntle mme boleng jo bo bokoa jwa ranta kgatlhanong le madi a mangwe a magolo le jona bo tshwaetse mo tlhotlhweng.



Dikuno tsa theo ya Glyhposate (jaaka Roundup) di oketsegile ka 150% go ya go 240% mo dikgweding tse di lesomepedi. Ka palogare, ditshenyegelo tsa dikhemikale tse, di oketsegile ka bokana ka 45%



Leokwane (fuel)

Palogare ya tlhotlhwa ya oli e tala e oketsegile ka 63,2% fa e sale go tloga ka Moranang 2007. Go tlaleletsa mo go se, boleng jwa ranta kgatlhonong le dolara bo fokotsegile ka 9,6%



Tshenyegelo ya holoseile ya selegae ya disele mo Gauteng e oketsegile ka 63% go tswa go R6,21 ka litara mo go Motsheganong 2007 go ya go R10,10 ka litara mo go Motsheganong 2008 (Kerafo 2). Ditlhotlhwa di oketsega kgwedi le kgwedi – se mmogo le dikoketsego tse dingwe tse di umakilweng di dira gore poelo e belaetse thata.



Kerafo 2: Tlhotlhwa ya oli e tala ya boditšhaba le tshenyegelo ya holoseile ya disele.



Metšhine

Bontsi jwa didiriso tsa temothuo tse di dirisiwang mo Aforikaborwa ke ditswantle – tshwaelo ya ranta e e bokoa e na le seabe se segolo mo ditlhotlhweng tse di tsweletseng go oketsega tsa didiriso le diterekere.



Lenaneo 3: Phetogo ka Phesente mo ditlhotlhweng tsa metšhine ya temothuo go ya ka ngwaga le ngwaga.
 

 

 
Diphetogo ka Ngwaga le Ngwaga 
 

 
Didiriso
 
Moranang 2007 go ya Moranang

2008
 
Motsheganong 2007 go ya Motsheganong 2008
 

 

 
%
 
%
 

 
Diterekere
 
11,7
 
16,7
 

 
Dirobi tse di golaganeng
 
7,5
 
9,4
 

 
Didiriso tsa go dira furu
 
14,6
 
19,1
 

 
Didiriso 
 
5,3
 
7,8
 

 
Palogare 
 
10,8
 
14,8
 

 


Tshoboko

Ke mang a rwalang maikarabelo a ditlhotlhwa tsa dijo tse di oketsegileng? A mme tota ke bantshadikuno ba dithoro le dipeo tsa oli?



Go ya ka kelo ya gajaana e ditshenyegelo tsa ditsenngwateng di tlhatlogang ka yona, go ya go nna bokete mo bantshadikunong ba dithoro le dipeo tsa oli go ntsha dijalo tse di tswelelang, kwa ntle ga gore ditlhotlhwa tsa dithoro tsa dipeo tsa oli di oketsege ka dikelo tse di tshwanang. Go ya ka ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa gajaana le ditlhotlhwa tse di akanngwang tsa dithoro le dipeo tsa oli, bantshadikuno ba ya go tshwanelwa go dira ditekanyetsokabo ka kelotlhoko e kgolo. Bantshadikuno ba sa ntse ba tshwanetse go netefatsa gore ba duelela ditsenngwateng ditlhotlhwa tse di siameng – batlisisa mo tikologong go bona ditlhotlhwa tse di botoka thata mme o se ke wa amogela tlhotlhwa ya ntlha o ise o lekelele mebaraka gore e na le eng. Ikopanye le Grain SA go bona ditlhotlhwa tsa sešwengšweng, tse di ka dirisiwang jaaka sediriso sa therisano.



O tlaa tshwanela go dira dipalelo ka kelotlhoko gore o ya go jala sejalo sefe – o tshwanetse go kgona go dira poelo, go seng jalo ga o kitla o kgona go tswelela jaaka molemi. Gakologelwa gore ditlhotlhwa tsa ditsenngwateng go bonala di sa ntse di ile go tlhatloga go ya pele, pele ga setlhajalo se se latelang.













































