Input (Maize)										Setswana 

Inšorense ya ditsenngwateng – a o tshwanetse go inšora dijalo tsa gago?

Instructions: 

Folio strap: Inšorense 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo la Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Ka ntlha ya fa temothuo e diragadiwa kwa ntle, go na le mathata a mantsi mme mo mabakeng mangwe ditshenyegelo tsa go jala dijalo di feta boleng jwa lefatshe le dijalo di tshwanetseng go jalwa mo go lona. Gantsi, bantshadikuno ba tshwanela go adima madi mo ditheong tsa matlole kgotsa kgwebo ya temothuo gore ba kgone go tlamela jalo ya dijalo tseo ka madi. Kadimo le kadimiso ya madi di na le mathata, ka gonne ba ba adimisang madi ga ba batle a ba latlhegela. Gantsi moadimi o tlhokega go neelana ka tshireletso (security) ya kadimo – ka mafoko a mangwe, moadimisamadi o tlaa boelwa jang ke madi a gagwe fa dijalo di sule tsotlhe ka ntlha ya lebaka lefe kana lefe fela.



Fa o le mong wa lefatshe le o lemang mo go lona, fa gongwe moadimisamadi o tlhoka go go kopa tetla ya go kwadisa bonto kgatlhanong le setlankana sa kanobong sa thoto eo. Se se raya gore fa o sa kgone go duela kadimo ya gago, ba tlaa rekisa thoto ya gago go bona gape madi a bona, a o a ba kolotang. Mo lebakeng la bantshadikuno ba ba tlhabologang se se tlhola mathata a mantsi – go tlaa utlwisa botlhoko thata gore o latlhegelwe ke lefatshe fela ka gore o ntshitse dijalo tse di bokoa. Go na le palo e kgolo ya bantshadikuno ba ba tlhabologang ba ba seng beng ba lefatshe le ba le lemang – lengwe ke lefatshe le le hirilweng, mme bogolo jwa lona lefatshe ke la morafe (lefatshe le ke la Puso mme le tsamaisiwa ke pusomorafe). Ga o kgone go bonta lefatshe la morafe, gonne wena, jaaka montshadikuno, ga o na setlankana sa kano ya bong sa lefatshe leo. Mo nakong e e fetileng bantshadikuno ba ba neng ba lema mo lefatsheng la morafe ba ne ba sa kgone go bona dikadimo, ka ba ne ba se na tshireletso e ba neelanang ka yona. Fa ke teng fa inšorense ya ditsenngwateng e tlhagelelang teng – o ka inšora dijalo tse di mo tshimong gore fa go ka nna le “tiro ya Modimo”, setlamo sa inšorense se duele madi a a kolotiwang.



Ka ntlha ya ditshenyegelo tsa ntshodikuno tse di tlhatlogang mo temothuong le ditshireletso tse di nyelelang tsa bantshadikuno, tlhokego ya inšorense ya ditsenngwateng mo Aforikaborwa e godile thata. Kuno e e thaetswe thata mo palogareng ya thobo e e ntshitsweng ya pakatelele ya montshadikuno mo yuniting ya temo yotlhelele ya gagwe eo phesente e e rileng ya yona e netefalediwang.



Gore ba kgone go amogelesega mo kunong e, bantshadikuno ba tshwanetse go neela ka ditlankana tse di latelang:

Kwa thoto (property) e leng gona.

Dimmepe tsa polase tse di lekantsweng go ya ka GPs tse di bontshang masimo otlhe bongwe ka bongwe, dinomore tsa masimo le dikgaolo tse di farologaneng.

Dithulaganyo tsa thuolefatshe mo lefatsheng leo – a o mong wa lona, ke lefatshe le le hirilweng; lefatshe la morafe, j.j.

Ke mang a tlaa tlamelang montshadikuno ka matlole?

Ditiragalo tsa ntshodikuno ka montshadikuno/polase mabapi le;

Diheketara tse di jetsweng; le 

Thobo e e bonweng mo bonnye ditlha tsa ntshodikuno tse di fetileng tse tlhano.

Tshekatshekelo ya mmu e e dirilweng e seng go feta dingwaga tse pedi, e bile e bontsha tshwaelo ya temolefatshe.

Dinwane le mekgwatiriso ya go lema – ditiro tsa tshugo ya motheo le ya senkonteri, dijalo tse di yang go jalwa, mefutapeo, nontsho, mekgwatiriso ya taolo ya mofero le disenyi.

Dintlha ka botlalo tsa rakonteraka yo o tlaa go direlang tiro.

Matlha a jalo le tlhogo – matlha a a totobaditsweng mangwe a letleletswe e bile ga go na dijalo dipe tse di jetsweng ka kwa ntle ga matlha a, tse di tlaa inšoriwang.

Masimo a tlaa sirelediwa jang mo bogodung?

Dijalo di tlaa sirelediwa jang kgatlhanong le tshenyo ya loruo.



Kgaolo ya pula ya selemo

Pholisi ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa kgaolo ya pula ya selemo ka gale e golaganngwa le pholisi ya sefako ka pusetso e e netefaleditsweng ya bonnye go lekana kgotsa go feta palogare ya thobo e e ntshitsweng ya pakatelele ya montshadikuno mo polaseng e e amegang. Montshadikuno o swetsa gore ke phesente efe ya tshenyo e a batlang go e ituelela mabapi le bothata jwa sefako ka tlhopho ya gagwe ya tuelotlaleletso (excess).



Kgaolo ya pula ya mariga

Pholisi ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa kgaolo ya pula ya mariga e ikemetse ka boyona mme ga e a golaganngwa le pholisi ya sefako. Sefako se dira bongwe jwa mathata a ditsenngwateng a a inšorilweng mme ka jalo e duelwa le mathata a ditsenngwateng a mangwe.



Tshireletso ya ditsenngwateng tsa temo ya gale

Mathata a a tsenyeleditsweng mo tshireletsong ya dintsenngwateng tsa temo ya gale (dry land) a akaretsa: sefako, molelo, thoro, serame, komelelo, pula e ntsintsi, kgogolego ya metsi, segagane, botsididi, phefo, ditsuatsue le tatlhegelo nngwe le nngwe e e tlang ka maemo a bosa a a bosula, malwetse a dimela a a sa laolegeng, disenyi tsa ditshenekegi le diphologolo tse di tlhaga.



Inšorense ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng mabapi le mekgwatiriso ya temo e e amogetsweng.

Go lema ga bantshadikuno go tlaa bewa leitlho ka dinako tsotlhe go netefatsa gore go latelwa mekgwatiriso ya temo e e siameng. Yona e akaretsa tse di latelang:



Mekgwatiriso ya temo e e amogelesegang;

Poloko ya bongola;

Taolo mofero;

Mefutapeo e e amogetsweng ya ARC/setlamo sa dipeo;

Matlhajalo – jaaka a laotswe ke ARC/setlamo sa dipeo;

Mananeo a kgatsho a a feletseng;

Mmu o o bokoa le masimo a a nang le mathata a a sa lemiwang (masimo a lopapadia; a tserweng ke phefo, a a nang le petometsi kgotsa masimo a a sentsweng ke dinonyane);

Nontsho kgatlhanong le tshekatshekommu; le 

Dibolayatlhatshana tse di sa tshelwang ka dikgato tse di masisi



Tshireletso ya ditsenngwateng tsa nosetso

Mathata a a sirelediwang mo nosetsong a akaretsa : sefako, molelo, thoro, serame, pula e ntsintsi, kgogolego ka metsi, segagane, botsididi, phefo, ditsuatsue le tatlhegelo efe kana efe ka ntlha ya maemo a bosa a a bosula, malwetse a dimela a a sa laolesegeng, disenyi le ditshenekegi le diphologolo tse di tlhaga. Komelelo ga e a akarediwa go sa kgathalasege sebako ke eng.



Inšorense ya ditsenngwateng e tlhotlhwagodimo mo go maswe, mme fa tlhotlhwa ya ditsenngwateng e le kwa godimo, mme tlhotlhwa ya dikuno e le kwa tlase (jaaka go ntse ka dijalo tse dintsi ka nako e), go tsaya mofuta o wa inšorense go botlhokwa thata, fela gape go ka raya gore fa tsotlhe di setse di diragetse, montshadikuno o iphitlhela a sa sala ka sepe morago ga thobo. O ka tswa o ne o adimile madi mme o kgonne go a busa, fela o tlaa bo o dirile poelo e kana kang? A wena jaaka montshadikuno o na le itlhophelo? E seng jalo jalo – o tlaa tshwanela go bonta thoto ya gago, kgotsa o tlaa tlhokega go tsaya tshireletso ya inšorense ya ditsenngwateng go sireletsa kadimo. Kgotsa ga o ne o kgona go bona kadimo ya ntshodikuno.



Ga go maswe go le kalo le gale, ka gore fa o ka dira sengwe le sengwe ka tshwanelo jaaka go tlhokwa ke setlamo sa inšorense, o tlaa bo o lema sentle thata, o dirisa mekgwatiriso ya ntshodikuno ya segompieno, mme le tšhono ya gago go bona thobo ya dijalo e e siameng e tlaa bo e tokafetse thata.

