Improvements (Maize)									Setswana 



Ditokafatso tsa polase di botlhokwa 



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Lefatshe le le se nang sepe le bolengtlase thata go na le lefatshe le le tlhabolotsweng. Ke sona go leng botlhokwa thata go tshola dikago, diterata le ditsela tse di mo polaseng ya gago di le mo maemong a a siameng le go di tlamela ka gale.



Dikago tse di mo polaseng di tshwanetse go tsholwa di le mo maemong a a siameng gore di kgone go dirisiwa – go boloka, go tshwara dithoro le go beola dinku. O gakololwa gore go molemo go baya diterekere le didiriso tsa gago ka gale ka fa tlase ga marulelo, ka gore go nna ga tsone ka fa ntle ke tshenyo e kgolo.



“Magora (diterata) a a siameng a dira baagisani ba ba siameng”. O tshwanetse o kgone go tshola loruo lwa gago mo kgaolong e o e batlang. Fa o jala dijalo, go botlhokwa gore dijalo di sirelediwe mo loruong. Mo thulaganyong ya phudiso e e lolameng dikampa dingwe di dirisiwa mo dinakong dingwe tsa ngwaga – se se sireletsa bojang le go naya majang a a monate nako ya go itharabologelwa (go tlhoga gape).



Dikonturu le meselemetsi di tlhokega thata mo thibelong ya kgogolego ya mmu – kgogolego e tlhola tshenyego ya leruri mme ke maikarabelo a moagi yo mongwe le yo mongwe go sireletsa mmu gore dikokomana tsa isagwe le tsona di kgone go ka dirisa lefatshe go itshedisa.



Ditsela di botlhokwa thata mo temothuong ya bogwebi – dikuno tse di jaaka menontsha di tlhoka go tlisiwa mo polaseng mme dikuno tsa rona le tsona di tlhoka go tswa mo polaseng le go ya mmarakeng. Tlamelo le paakanyo ya ditsela e botlhokwa bogolo mo temothuong ya bogwebi.



Dikago 
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 
Kagelelo 
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 
Dinkonturu 
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 
Meselemetsi 
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 
Ditsela
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 




