Hybrid (Maize)										Setswana 
Peo ya leidi kgotsa ya mohuta wa tulafatso e e bulegileng-lekanyetsa diitlhophelo
Instructions:
Folio strap: Maidi
Byline: Ian Househam, mogokaganyi wa porofense wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 
Figure 1: Thobothoro e e bokoa ya ditlha tsa 2008 le 2009.
Photo: Mmidi o o tulafatsaneng. 
Bantshakuno ba tlhagisa mabaka a mantsintsi a gore go reng ba sa boeletse peo mo peong ya leidi, jaaka ditshenyegelo tsa peo tse di kwa godimo, tlhaelo ya matlole ka nako ya jalo, go sa nneng teng ga peo ya maidi, tlhokego ya go reka monontsha, pharologanyo e nnye kgotsa e e se yong mo thobong, tlhaelo ya nyalantsho, poloko e e bokoa le boleng jwa tiregiso e e bokoa ya mefutamaidi a kgwebo e e gona.
Dikganetsano tse di tsositse dipotsopotso gore maidi a na le mosola go feta dipeo tsa tulafatso e e bulegileng mo bantshakunong ba ba tlhaelang metswedithuso koo go nna teng ga peo go sa ikanyegeng, tiriso e e potlana ya ditsenngwateng tirisong le pheilo ya dijalo, e leng tlwaelo. Potso ya tota ke gore ke mohuta wa mothale ofe : leidi kgotsa wa tulafatso e e bulegileng o o ka itshegeletsang thata mo montshakunong go fitlhelela tshireletsego ya dijo le go tlamela ka lotseno lo lo itshegeleditseng.
Peo mo ntshokunong ke yona setsenngwateng sa pinagare. Mekgwatiriso ya setso yotlhe e tlhametswe go utolola kgonolotso e e tletseng ya peo e e jetsweng. Ga go mokgwatiriso wa temothuo ope (sekao tshugommu, temo, tlhagolo le taolo ya disenyi le malwetse) o o ka oketsang thobo ya dijalo go fetisa selekanyetso se se tlhomilweng ke boleng jwa peo. Peo, ka jalo, ke yona motheo wa katlego kgotsa pheilo ya dijalo tse di jetsweng.
Go fitlhelela thobo ya pholô, motho o tshwanetse go jala peo ya boleng jo bo kwa godimo. Go netefalediwa boleng jwa peo jo bo siameng, motho o tshwanetse go reka le go jala peo e e netefaditsweng, e ka nna ya leidi kgotsa ya tulafatso e e bulegileng. Peo e e netefaditsweng e tlhwekile bonnye 98% mme e na le phesentheiji ya tlhogo ya bonnye 90%. Ditshenyegelo tsa peo e e netefaditsweng di fokodiwa ke kgonothobo e e kwa godimo thata ya yona. 
Bantshakuno ba babotlana le bajelaganong ba ba nang le mathata a madi, gantsi ba jala peo ya mmidi e e beilweng go tswa thobong e e fetileng. Fa ba ka dira se ka dithoro tse di bolokilweng go tswa mmiding wa leidi, gantsi ba nna le thobo e e fokotsegileng (go ka fitlha 50%) fa go tshwantshanngwa le mmidi o o jetsweng ka peo e ntšhwa. Go jala peo e e bolokilweng go tswa methaleng ya tulafatso e e bulegileng ga go tlise tatlhegelo ya thobo.
Leidi (hybrid) ke eng?
Leidi ke kuno ya kgwelano magareng ga batsadi ba babedi ba ba sa tsalaneng (farologaneng ka lotso), mosadi yo o tlhaotsweng a le mongwe le monna yo mongwe. Itulafatso ke tirego ya go tsaya mmudula mo semeleng se le sengwe le go o tshela mo maledung a sona semela seo. Fa mmidi o itulafatsa, moloko mongwe le mongwe o nna o koafala. Seo se itsege jaaka itsadisopoeletso mme morago ga meloko e e latelanang, se se isa kwa dimeleng tse di koafetseng mo go bidiwang losika lwa itsadisopoeletso. Losika lwa itsadisopoeletso lo, lo lonnye ka bogolo, lo na le diako tse dinnye le thobo e e fokotsegileng. Fela le gale, fa masika a itsadisopoeletso a mabedi a gwelanngwa, thatafalo e boela gape mo peong e e tswang moo mme thobo ya dimela tse di jetsweng go tswa mo peong eo, e oketsega thata. Se se itsege jaaka thatafalo ya leidi. E diragala ka ntlha ya tswakano magareng ga dirobe tsa dijine tse di bonweng mo masikeng a itsadisopoeletso a mabedi a a farologaneng.
Mmidi wa maidi o na le diparologantsho tse di latelang:
O na le ponagalo e e tshwanang;
O na le thatafalo;
O ntsha thobo e e kwa godimo;
O tlhopetswe bolengthoro jo bo tokafaditsweng; le 
Leidi le le rileng le ka tlhophelwa kemelano e e kgethegileng ya disenyi le malwetse kgotsa itshokelo ya komelelo.
Mesola ya go jala mmidi wa maidi ke:
Maidi ka kakaretso a thobo e kwa godimo go na le methale ya tulafatso e e bulegileng.
Maidi a tshwana ka mmala, go butswa le dipharologantsho tse dingwe tsa dimela tse di kgontshang montshakuno go diragatsa ditiro dingwe (sekao, tshelomonontsha, kgatsho le thobo) ka nako e le nngwe.
Tshwano ya dithoro tse di robilweng e ka nna gape le mesola ya thekiso fa di rekisediwa bareki ba ba nang le diemo tsa boleng.
Maidi ka palogare a ntsha 18% go feta methale ya tulafatso.
Dithapolo tsa go jala maidi 
Peo ya teng e tlhotlhwa godimo thata.
Montshakuno o tlhoka go roba go feta ditono tse pedi ka heketara go buelela ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa peo.
Go tlhokega go reka peo e ntšhwa setlhajalo sengwe le sengwe.
Dithoro tse di ntshiwang mo peong ya leidi ga di a tshwanela go dirisiwa mo ditlhajalong tse di latelang.
Montshakuno o ka nna a palelwa ke go bona peo ka nako.
Maidi a tshwaetsega bonolo mo maemong a ngodiego (sekao: go ntsha lefetlho).
Mo tsamaisong ya dijalo e e bokoa le maemo a a makgwakgwa a tikologo, mosola wa thobo wa maidi go feta methale ya tulafatso e e bulegileng o a fokotsega.
Mothale wa tulafatso e e bulegileng ke eng?
Mothale wa tulafatso e e bulegileng ke ona o peo ya ona e ntshiwang ka tulafatso ya kakaretso (ke go re ga go na taolo ya tulafatso). Tulafatso ya dimela mo masimong ga e laolwe, mo go rayang gore dijalo ga di ne di tshwana, sekao dijalo di tlaa farologana ka bogodimo jwa semela, mmala wa maidi o tlaa farologana, diako di tlaa farologana ka bogolo le popego mme dijalo di tlaa butswa ka dinako tse di farologaneng.
Mesola ya go jala methale ya tulafatso e e bulegileng
Ga go na ditshenyegelo tsa peo kgotsa di kwa tlase. Montshakuno o ka baya bontlhanngwe jwa dijalo jaaka peo.
Ditshenyegelo tsa peo di kwa tlase thata go na le tsa peo ya leidi.
Madi a mantsi a ka dirisiwa go reka monontsha kgotsa dibolayasenyi. 
Peo e ka dirisiwa ka go boelediwa. Ke go re dithoro tsa setlha seno di ka jalwa gape mo setlheng se se latelang.
Dikgaolo tsa kgonotlase ga di ka ke tsa buelela ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa peo ya maidi.
Methale ya tulafatso e e bulegileng e na le motheo o o anameng wa dijine mme e farologana thata ka matlha a tsalo. Se se tlhola paka ya tsalo e telele, se se tlaa letlang methale ya tulafatso e e bulegileng go tulafatsa ka dipaka tse di khutshwane tsa ngodiego e e kwa godimo (sekao ngodiego ya bongola, themphereitšha, jj). Pharologano e, ka dinako dingwe e neelana ka thobo e e nitameng thata go na le maidi a a tsalang ka go tshwana thata.
Go botlhokwa go reka peo e ntšhwa dingwaga dingwe le dingwe tse tharo go tshegetsa botlhololo jwa lotso.
Dithapololo tsa methale ya tulafatso e e bulegileng
Kgonothobo ya tlwaelo e kwa tlase ka 10 - 25%.
Mo dikgaolong tsa kgonogodimo, methale ya tulafatso e e bulegileng e tlaa fokotsa melapoelo.
Ga di ne di tshwana ka mmala, go butswa le dipharologantsho tsa dimela tse dingwe.
Di ka ama tlhotlhwa ya dithoro, k.g.r boleng.
Tlhaelo ya go tshwana e ka tlhola mathata mo go direng ditiro dingwe jaaka kgatsho le thobo (bogolo jang fa go dirisiwa serobi sa khombaene).
Go tshola mothale wa tulafatso e e bulegileng o tlhwekile o tshwanetse go jalwa dimitara tse 300 go tswa methaleng e mengwe.
Peo ya boleng jo bo bokoa (peo e e bolokelwang go jalwa mo dijalong tse di latelang e bolokwa gantsi mo maemong a a bokoa a a bulegetseng dithemphereitšha tse di kwa godimo, disenyi le malwetse), e ka tlhola tlhogo e e bokoa le dimela tse di bokoa tse di sa kgoneng go gaisana le mefero sentle.
Jaaka e le molao, methale ya tulafatso e e bulegileng ga e a tlhabololwa lotso go bontsha kemelano le ditshenekegi le dibolayatlhatshana.
Go roba peo ya tulafatso e e bulegileng
Santlha, jala mothale wa tulafatso e e bulegileng o o atlanegiseditsweng kgaolo ya gago.
Tsamaisa masimo a gago sentle, diragatsa temothuo ya tshomarelo, o dirisa monontsha, motshetelo kgotsa tsoopedi. Laola mofero le disenyi.
Jala dijalo tsa gago bonnye 100m go tswa masimong a mangwe, kgotsa o jale mmidi wa gago dibeke tse tharo pele kgotsa morago ga dijalo tse di gaufi, gore e ntshe lofetlho ka dinako tse di farologaneng. Ka tsela e o tlaa netefatsa gore kgotlelego e e sa tlhokegeng ya mmudula ga e diragale. 
O tshwanetse go roba go tswa bogareng jwa tshimo go fokotsa kgotlelego ka mmudula.
Pele ga go ntsha lofetlho, tlhatlhoba masimo a gago mme o tlose dimela dife le dife tse di bonalang di farologana thata le tse dingwe (k.g.r di le ditelele thata, dikhutshwane thata kgotsa di lwala).
Ka nako ya thobo, tlhopha siako tse dintle go gaisa go tswa mo dimeleng tse di lebegang go gaisa. Tlhopha diako tse di tshwanang, tse di se nang bolwetse mme di na le bolengthoro jo bo eletsegang.
Roba bonnye diako di le 300.
Diako di tshwanetse go khurumediwa, go omisiwa le go bolokwa mo maemong a a tshwanetseng (kgaolo e e lefifi e e omileng le e e sireletsegileng).
Netefatsa gore peo e omile (botshelo jwa peo bo imena gabedi, mo phokotsegong nngwe le nngwe ya 1% kwa tlase ga ditengbongola tsa 13%). Go lekeletsa fa peo ya gago e na le ditengbongola tse di ka nnang 13%, tsaya ditlhaka tse 100 mme o di tswake le gerama e 1 ya letswai mme o di tlogele mo lebotlolong le le tswetsweng thata. Fa morago ga metsotso e 5 letswai le utlwala bongola, gona diako di sa ntse di tlhoka go omisiwa go ya pele. 
Peo e nna lobaka lo loleele mo maemong a a tsididi (e seng a kgatselo). Botshelo jwa peo bo imena gabedi fa themphereitšha ya poloko e le kwa tlase ka 5ºC.
Tshupa, fankase le baketheria di ngotla botshelo jwa peo. Go fokotsa se, tshola peo e omile ka fa go ka kgonegang.
Boloka peo ya gago mo dipolokelong tse di omileng, phepa tse di sa tsenyeng mowa mme o di tshwae ka setshwao, kwalo (ngwaga o o tlang ga o ne o gakologelwa gore ke eng).
Dimetheriale tse di thibelang kgolo ya disenyi 
Molora o o omileng
O monyela bongola ka fa gare ga dibolokelo le go thibela kgolo le go ata ga tshupa. Tshela 0,5 g ya molora mo khilogeramong e le nngwe ya peo.
Llaeme 
Yona e ka dirisiwa ka tsela e e tshwanang fela le ya molora o o omileng. Tswakanya di tshwana tsa tee tse 15 (50 g) le khilogeramo e le nngwe, ya peo.
Oli ya kapeo 
Tswakanya oli ya kapeo le peo ya gago go thibela go ata ga tshupa. Dirisa thiisipune e le nngwe ya oli mo khilogeramong e le nngwe ya peo.
Matlhare a a omisitsweng kgotsa sidilweng a dimela tse di nkgang le tse di farologaneng
Tshupa ga e utlwane le dimela tsa monkgo o o bogale. Dirisa tšhilisi (tswaka dithiisipune tse tlhano tsa lorole lwa tšhilisi le khilogeramo e le nngwe ya peo).
Mokgwapha
O omise le go thuga matlhare a ona mme o tswake le dithiisipune tse tlhano tsa khilogeramo e le nngwe ya peo
Dipoelo go tswa peong ya maidi le peong ya tulafatso e e bulegileng
Maidi 
OPV
Phitlhelelo ya poelo ya lotso.
Kwa godimo.
Fa gare.
Mosola go tswa kalafong ya peo le taoloboleng.
Kwa godimo.
Fela fa e rekwa jaaka peo e e netefaditsweng.
Go nna teng ga motlamedi wa peo yo o tlhomameng yo o tlamelang ka phitlhelelo mo metherialeng wa lotso o mošwa.
Go ka tshokile. 
Ga go tlhomamisege. 
Kemonosi ya morafe wa temothuo.
Kwa tlase. 
Kwa godimo.
Leidi le le gaisang le ka dira botoka thata go feta mothale wa tulafatso e e bulegileng (OPV) ka go feta 70%. Mothale wa tulafatso e e bulegileng o o siameng, le gale, o ka dira fela go tshwana kgotsa e bile le go gaisa leidi le le dirang bokoa. Tshusumetso ya go jala peo ya moloko wa bobedi (e e robilweng) ga e na bokao thata jalo mo mothaleng wa tulafatso e e bulegileng, fela e kgolo thata mo leiding (tatlhegelo ya go fitlha 50%). Maidi a kemogodimo (elite) a ntsha 18% ya dithoro go feta mothale wa tulafatso e e bulegileng. Peo e e boelediwang e ntsha 32% ya dithoro kwa tlase ga peo ya leidi e ntšhwa. Peo e e boelediwang ya OPV e ntsha 5% ya dithoro kwa tlase ga peo ya OPV e ntšhwa. 
Fa go rekwa peo e e netefaditsweng, ditshenyegelo tsa peo di tlaa nna kwa godimo go na le fa go rekwa peo ya OPV e ntšhwa kgotsa e e boelediwang. Tatelano ka maemo ya thobo ya dithoro mo seemong sa tsamaiso se se teng e tlaa nna: 
1. Leidi;
2. OPV;
3. OPV e boelediwang; le
4. Leidi le le boelediwang. 
Go reka peo ya maidi ngwaga le ngwaga, e nna yona tlhopho ya poelo e tona, fela fa dilekanyo tsa tsamaiso e le go bona ditono tse pedi ka heketara kgotsa go feta. Fa dilekanyo tsa tsamaiso di tokafala, poeletso ya peo ga e nne le poelo e e kwa tlase. Go na le mosola o monnye thata fa montshakuno a fetogela kwa peong ya leidi go tswa peong ya OPV, kwa ntle ga monontsha e bile go sa nne le phetogo mo tsamaisong. Fa montshakuno a tshwanela go reka peo ya leidi ka ditshenyegelo tse di kwa godimo, selekanyo sa tsamaiso ya gagwe le sona se tshwanetse go gola jalo.
Bantshakuno ba mmidi ba jala mmidi mme ba ka sobokanya boleng jwa mmidi wa bona jaaka sejalo sa madi a seatleng. Fela, re itse gore tshireletsego ya dijo ya lelapa, kefogo ya riseke, diratwaepelo le ngwao, di na le tlhotlheletso e kgolo mo ditshwetsong tsa montshakuno ka metheriale o o jalwang gammogo le mekgwatiriso ya tsamaiso ya dijalo. Go sa le jalo, tshireletsego ya peo ya lelapa ke kakanyo ya botlhokwa mo poeletsong ya peo ya dithoro, bogolosegolo mo dikgaolong tsa magae tse di kgakala tse di sa kgoneng go direlwa ke batlamedi ba dipeo. Phitlhelelo ya mebaraka ya dithoro, koo ditlhotlhwa tse di botoka di ka bonelwang pele, e tshwanetse go nna kakanyo ya botlhokwa mo bantshakunong ba ba tlhaelang metswedithuso fa go swediwa gore go rekwe peo efe. Go na le dintlhakemo tsa seloago le setso tse dintsi mo ntlheng ya maidi kgatlhanong le OPV. 
Methale ya tulafatso e e bulegileng (OPV) e ka nna tlhophoe e mosola mo bantshakunong ba mmidi mo mabakeng mangwe, fela tiriso ya peo ya OPV kgotsa e e boelediwang e tla bo e le kgato ya poelomorago mo thobong ya dithoro. Ka kakaretso, maidi a ka ntsha 18% ya dithoro go feta bontsi jwa OPV tse di botoka.
Dintlha tse di akanngwang fa go swediwa ka mehuta ya methale
Phitlhelelo ya mesola go tswa dipatlisisong mo tokafatsong ya lotso la methale e mešwa.
Phitlhelelo ya mosola wa kalafo ya peo le boleng jwa peo.
Go nna teng ga motlamedi wa peo yo o tlhomameng.
Ditogamaano tsa botshelo tsa merafe e e tlhaelang metswedithuso.
Kanoko ya seikonomi ya dipoelo tsa peeletso (thobo).
Dintlha tse di akanngwang fa go tlhophiwa mofutapeo
Ikanyego ya thobo.
Kemelano le komelelo.
Kemelano ya malwetse. 
Tsepamo.
Kgotlelelo ya ditshenekegi (BT).
Boleele jwa setlha.
Nako ya go butswa. 
Kelo ya go oma.
Kgotlelelo ya esete. 
Kemelano le khemikale (mmidi wa round-up ready).
