Help (Maize)										Setswana



Nthuse tsweetswee – ke batla go dira temothuo!



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Go na le bantshadikuno ba le bantsi ba ba re founelang ka kopo e – “Nthuse tsweetswee, ke batla go dira temothuo”. Bangwe ba batho ba ga ba na sepe gotlhelele, fa bangwe ba na le lefatshe le didiriso. Temothuo ke kgwebo, mme malatsing ano go tsamaisa kgwebo go bokete – o tshwanetse wa bo o tlametswe sentle, o ineetse le go nna le kitso.



Mo go bao ba fisegelang go nna bantshadikuno, mme ba se na lefatshe kgotsa metšhine, bothata bo bokete le go feta. Fela le gale gakologelwa gore ga o tlhoke go nna mong wa lefatshe go nna montshadikuno. Mo boammaaruring, lefatshe lotlhe le re le adimilwe – re batlhokomedi fela ba lefatshe mme fa re swa lefatshe le tlaa sala. Fa e le gore o tlhoafetse ka temothuo, bona lefatshe, le fa e ka nna la bonnye jo bo kana kang, mme o simolole. O ka hira lefatshe (gakologelwa gore lefatshe la poraefete le ka hirwa mme gape bontsi jwa bommasepala ba selegae ba na le lefatshe la botlhe le le tshwanelwang go ka bonwa ka khiro). O tshwanetse go simolola mme o tshwanetse go diragatsa – o ka se ke wa nna montshadikuno go tswa fela mo dibukeng, ka gore tiori ya temothuo ga e katle tlhogo jaaka tiragatso ya yona.



Selo se o se tlhokang se se latelang ke kitso – temothuo e na le mefama e mentsi. Go ya fela ka mofuta wa temothuo o o batlang go o dira, o ka tlhoka go itse ka dimela (dijalo tsotlhe tsa dithoro le dipeo tsa oli, merogo, furu le faeba), diphologolo (diruiwa tse dikgolo, diruiwa tse di potlana, dikoko, diphologolo tse di tlhaga le dikolobe), metšhine (diterekere le dipolantere, dikgatshi le ditlamelo tsa tshugommu) le sa botlhokwa thata o tlhoka go itse ka tsamaiso ya ditlamelwana tse o yang go di dirisa (madi, batho, metšhine le dimetheriale).



Fa o na le tetla ya tiriso ya semikana se sennye fela sa lefatshe, le fa e ka nna heketara kgotsa tse pedi simolola go dira. Fela fa o setse o simolotse, o mo tseleng ya go nna montshadikuno wa mogwebi. O ithutile ka tsela e e nepagetseng ya go dira sengwe le sengwe – se dire ka tsela e e nepagetseng. Ka bomadimabe re lemogile gore batho ba ithuta go dira dilo ka tsela e e nepagetseng, sebe sa phiri ke gore ba sa ntse ba tswelela go dira ka yona tsela ele ya bogologolo. Oprah Winfrey a re: “fa batho ba itse botoka ba dira botoka”. Fa o ithutile go tsaya dikaommu go sekaseka seemo sa dikotla sa mmu wa gago – dira jalo! Fa dikatlanegiso tsa monontsha di boela kwa go wena - dirisa monontsha o o nepagetseng (le fa e ka nna mo heketareng ya gago e le nngwe). Reka peo e e nepagetseng, netefatsa gore o jala palo e e nepagetseng ya dimela mo moleng le gore katologano ya mela ya gago e nepagetse. Laola mefero ya gago – mefero ke mmabamogolo wa maemo a ntlha mo temong ya dijalo, e utswa mo dijalong tsa gago! E utswa metsi, dijo, lesedi la letsatsi le mowa – ga go ope wa rona yo o ka kgonang go letla dilo go utswiwa mo go ena, tota le tsona dijalo tsa gago ga di kitla di itshokela bogodu.



Fa o netefatsa gore o tlhaloganya gore go tlhokega go dira eng mo temothuong, gona ke nako jaanong ya go oketsa, bogolo jwa masimo a o a dirisang. Re utlwa batho ba bantsi ba ngongoregela gore ba na le lefatshe le lennye go dira temothuo mo go lona – a setsekanyana se o nang naso o se dirisa ka botlalo? Kgotsa a gongwe o ka bo o ntsha go le gogolwane mo lefatsheng le lennye le o nang nalo? A o dirisa kgakololo yotlhe e o e bonang – gakologelwa gore ka gale go na le batho ba ba itseng go go feta, mme ka gale ba rata le go ineela go go thusa.



