

Heart (Maize) 									Setswana 

		

Grain SA – aelo ya madirelo a dithoro 



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng 

Byline: Jenny Mathews, modulasetilo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 

Photo 



Grain SA, e tsamaisa Lenaneotlhabololo la Balemirui le le tlamelwang ka matlole ke Maize Trust, Oil and Protein Seeds Development Trust, Sorghum Trust le Winter Cereals Trust ka maikaelelo a go tlamela bantshakuno ba Aforikaborwa ka kitso ka katiso le ka tirelo ka dipopegotheo tsa kemonokeng tsa tiragatso tse di ka fitlhelelwang bonolo.



Ka ntlha ya fa Grain SA e na le setlhopha sa baitseanape ba ba emeng sentle go neelana ka bokgoni le thuto tse di kwa godimo mo bantshakunong ba bantšhwa ba Aforikaborwa, e simolotse go amogelwa ka bonako jaaka moeteledipele mo lephateng la Tlhabololo ya Bantshakuno mo nageng eno. Ditokololo tsa Grain SA di dumela gore lenaneo le le tlaa thusa mo tiregong ya ntšhwafatso, ka go tlamela batho ba ba neng ba gateletswe mo malobeng go ka gaisana ka tekatekano mo madirelong a dithoro. Go botlhokwa le gale go tlhaloganya gore Grain SA ke mang, le seabe se e se dirang ka bophara mo temothuong mo Aforikaborwa.



Grain SA ke mang?

Grain SA ke mokgatlho wa baithaopi o o tsepamisitseng mogopolo ka kgethego mo madirelong a dithoro a bosetšhaba le boditšhaba. O tsepamisitse mogopolo mo kgodisong ya dikgatlhego tsa bantshakunothoro botlhe ba Aforikaborwa.



Montshakunothoro yo o lemang gajaana mongwe le mongwe, yo o tiisang maitlhomo a Grain SA, o na le tshwanelo e bile o rotloediwa go tsenela botokololo jwa mokgatlho morago ga go duela tuelo ya botokololo e e batlegang.



Grain SA e na le seabe sefe mo tikologong ya temothuo ya Aforikaborwa?

Grain SA ke mothati mo madirelong a dithoro a bosetšhaba le a lefatshe mme maikaelelo a yona ke go dira jaaka sebueledi sa bantshakunothoro botlhe ba Aforikaborwa ka tsela e e leng gore e godisa dikgatlhego tsa bantshakuno le mafaratlhatlha ka bophara jwa madirelo a dithoro.



Grain SA e dira jaaka leletamotse mo madirelong e bile e itsenya mo ditiregong tsa go dira pholisi le tshwetso tse di amang dikgatlhego tsa bantshakuno tsa dithoro, mo boemong jwa ditokololo tsa yona. Grain SA e amega ka mafolofolo mo go tlhagisetseng puso melebo le dikakanyo tsa bantshakuno le go dirisana le puso go rarabolola mathata le molaokakangwa.



Tsepamisokgopolo ya motheo ya Grain SA, ke go gabalalela ntshokuno e e nonofileng le tikologo ya mebaraka e e sa gobeleleng ya dithoro. Mokgatlho o sa ntse o amega thata mmogo le bannaleseabe ba bangwe mo motseletseleng wa boleng go tokafatsa bogaisanedi jwa madirelo a dithoro ka bophara mo go gaisaneng le bannaleseabe ba boditšhaba ba bagolo jaaka USA le Brazil.



Grain SA e dira ka Ditlhophatiro tse di kgethegileng

Ditlhopha tse di dirwa ka badiredi ba Grain SA, baitseanape, bantshakuno ba ba kgethegileng mo Khuduthamageng. Gareng ga ditiro tse dingwe, ditlhalefi tse di:



Dira tlhatlhobo ya ntšhwafatso ya tikologo ya temothuo go nna setlapele le go amega ka mafolofolo mo dikomiting tsa kgakololo tsa Ditona, e le go netefatsa tirego e e sa gobeleleng le tšhono e e lekalekanang ya bantshakunothoro botlhe mo nageng;

Go baya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng le ntshokuno ya dithoro tsotlhe, leitlho;

Go dira jaaka leletamotse mo botennye jwa ditirelo le dikuno tse di abelwang bantshakunothoro;

Go rerisana le dikgwebo tsa temothuo go akaretsa motseletsele wa boleng mo boemong jwa bantshakuno;

Go ithuta tikologo ya bobapatsi ya lefatshe le go thaothela bantshakunothoro tshireletso ya puso go netefatsa tekatekano mo kgwebong;

Go netefatsa gore patlisiso e e maleba e a dirwa gore bantshakunothoro ba Aforikaborwa ba tlametswe ka kitso le thekenoloji tse di tlaa ba kgontshang go gaisana; le 

Go tlhatlhobela bantshakuno ba bantsho tikologo le go gabalalela go godisa go tsena mo ntshokunothorong le mabala a borekisi. Setlhopha se gape, se sa ntse se beile tiro ya Lenaeneotlhabololo la Molemirui, leitlho.



Go mo pepeneneng gore le mororo Grain SA e ka se ke ya tlamela ditokololo tsa yona ka thuso ya matlole, e tlamela montshakunothoro mongwe le mongwe mo nageng ka kemonokeng le boitseanape jo bo tlhokegang thata. Ditiro tsa mokgatlho o, di kgontsha bantshakuno go tsepamisa kgopolo mo go se ba se dirang botoka go gaisa – e leng go jala le go rekisa dithoro! Go botlhokwa thata mo bantshakunothorong botlhe go tlhaloganya gore Grain SA e neelana ka mo gogolo go feta thuto le katiso!



Montshakunothoro mongwe le mongwe wa Aforikaborwa o tshwanetse go gabalalela go nna tokololo e e tletseng ya Grain SA ka dithata tsa go tlhopha tse di tletseng. Grain SA ke matlho, ditsebe le molomo wa bantshakunothoro botlhe mo tikologong ya temothuo e e oketsegang go nna matswakabele, e e itemogelang kgatelelo e e oketsegang go tswa dithateng tse di ka fa ntle jaaka kgaisano ya lefatshe lotlhe. Fa se e le kgwetlho mo montshakunothorong yo o itshetletseng, go ka nna bokete go le kae mo montshakunothorong yo montšhwa go itshetlela jaaka montshakuno wa mogwebi yo o atlegileng le yo o tswelelang? Kwa ntle ga kemonokeng ya moitseanape, popegotheo e e itshetletseng jaaka Grain SA, thaotho le tshireletso ya dikgatlhego tsa bantshakunothoro botlhe ba naga e, di tlaa bo di le mo mathateng.







