Hat (Maize)									 Setswana
Hutshe ya lefatshe – go baya letlotlo la gago mo tshireletsegong
Instructions:
Folio strap: Mmu 
Byline: Jenny Mathews, modulasetilo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA
Grabber: Go khurumetsa mmu o o botlhokwa wa gago e ka nna selo se se siameng thata!
Fa motho o akanya gore dipalopalo tse di bontshang gore dilekanyo tsa monono wa mmu mo borwa jwa Aforika di wela tlase le diteng tsa dibodi tsa mmu mo temong e e seng ya nosetso di a fokotsega, gona hee, go setse go na le mabaka a a siameng a mantsi go akanya ka mesola ya go jala dijalo tsa khurumetso, bogolosegolo fa dipula tsa morago kgotsa ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa ditsenngwateng le ntshokuno tse di oketsegang – diponagalo tsoopedi tse di itemogelwang mo setlheng seno, di ka thibela montshakuno go jala mmidi. 
Le mororo dijalo tsa khurumetso di dirisiwa mo dithulaganyong tsa thefosanyodijalo mo dingwagakgolong tse dintsi, bantshakuno malatsing ano ba bonala ba tlwaetse go dirisa menontsha le dibolayatlhatshana. Tsibogo e e golang ya go tlhoka go somarela tikologo e bontsha fa bantshakuno ba segompieno ba boela gape kwa thefosanyong ya dijalo tsa khurumetso ka ntlha ya mosola o di o nayang.
Mesola ya dijalo tsa khurumetso 
Dijalo tsa khurumetso di mosola ka ntlha ya mabaka a le mmalwa:
Tokafatso ya popegommu
Popego ya mmu e tokafala nako nngwe le nngwe fa semela se tlhoga medi le go golela mo mmung o o katisegetseng. Mmu o nna marose mme ka jalo o kgona go monyela le go tshwara bongola botoka. Fa tshimo e tlogelwa lobaka lo loleele e sa lengwe, boalogodimo bo a katisegela le go baka gore metsi a botlhokwa a fete fela mo godimo. Dijalo tsa khurumetso di sireletsa boalogodimo mo letsatsing le le bogale le ona mmu jaaka kobo mme ga di fokotse fela dilekanyo tsa katisegelo fela gape di tlhola ditshetsana tse di tshelang jaaka menopi e e tshelang mo metherialeng ya dimela e e bolang.
Taolo ya kgogolego 
Dijalo tsa khurumetso di thusa go tshwaraganya mmu ka go dira gore tatlhegelo efe le efe ya mmu ka ntlha ya metsi kgotsa phefo ka ntlha ya kgogolego e fokodiwe thata. 
Monono wa mmu
Bontsi jwa dijalo tsa khurumetso bo neelana ka metswedi ya tlhago ya menontsha ya dibodi e e nonneng. Menawa e tlaleletsa ka naeterojene e e botlhokwa thata mo mmung. Moo o neng o nontshitse sentle thata mo setlhajalong mme go sa ntse go na le selekanyo se se fetileng sa naeterojene mo mmung, gongwe ka ntlha ya dijalo tse di bokoa, tse di bakilweng ke komelelo, gona dikotla tse di ka dirisiwa go bona mosola go ya pele ka go jala dijalo tsa khurumetso jaaka sejalo sa setoroi se se nang le potasiamo le foseferase tse di kwa godimo
Bothata jo bo atileng jo bantshakuno ba rakanang le jona ke tlhaelo ya dikotla bogolosegolo kotla ya N le P. Se se ka rarabololwa bonolo ka go dirisa monontsha o o baakanyang fela bantshakunopotlana ba ba se nang gona gale ga ba kgone go tlhopha ikgethelo e, jalo thefosanyo ya sejalo sa khurumetso e nne tharabololo e e tlhotlhwa e e tlaa godisang poelo ya seikonomi le monono wa mmu. Go dumelanwa ka kakaretso gore ka go dirisa sejalo sa monawa sa selemo jaaka “cow peas” mo modikong wa thefosanyo le sejalo sa mmidi, thobo le ntshokuno di ka tokafala, monono wa mmu o a godisiwa mme ditshenyegelo tsa monontsha di ye tlase.
Taolomofero 
Sekhi se se kitlaneng sa dijalo tsa khurumetso jaaka “cow peas” kgotsa “teff grass” se beela mmu moriti kgatlhanong le letsatsi mme gape se hupetsa mefero e e neng e ka gola ka go phorosela.
Ntshokuno ya dijo 
Mo mabakeng a mangwe foo go jetsweng dijalo tse di jaaka “cow peas” le “teff” dijalo tse ga di tswele mmu mosola fela mo setlheng seo go sa jalwang dijalo tsa mmidi, fela gape se naya montshakuno mosola wa furu ya loruo lwa gagwe, e e tla nnang botlhokwa mo setlheng sa komelelo se se tlang.
Ditshenyegelo tsa Thoro
Dijalo tse dintsi di dira ditshenyegelo tsa thoro go tswa mo tshimong e di ntshitsweng mo go yona go ya kwa lefelong la thekiso (mmaraka) fa e le gore dijalo tsa khurumetso tsona gantsi di gololosegile ka gore gantsi di jalelwa go dirisiwa foo di jetsweng teng kgotsa bonnye mo legaeng la polase ka bolona.
Mefuta ya dijalo tsa khurumetso
Sejalo sa khurumetso se tlhophiwa go ya ka dintlhatebo (criteria) di le mmalwa mme montshakuno o tshwanetse go botsa dipotso tse di jaaka:
Se tshwanetse go jalwa leng?
Maikaelelo a tiriso ya sona ke eng?
Ke dijalo tsa khurumetso dife tse di dirang sentle ka tlhago mo kgaolong ya gaetsho?
A tshimo e e tlhoka sejalo sa khurumetso sa monawa kgotsa se e seng sa monawa? Gakologelwa gore dijalo tsa khurumetso tsa monawa di oketsa dilekanyo tsa naeterojene ka go e gopa go tswa lefaufaung, fa e le gore dijalo tse e seng tsa monawa di tlaa dirisa naeterojene ya mmu e e teng le dikotla tse dingwe.
Dijalo tsa monawa dingwe tse di kgonegang ke : dišukabini, disoyabini, losereng, “field peas” kgotsa “cow peas” tlolouba, j.j. fa e le gore dijalo dingwe tse e seng tsa monawa e le “teff grass”, rae, outsu, korong, thenepi, furu kgotsa rediše ya Japane.
Tlhomomogopolo mo “cow peas” – monawa 
“Cow pea” ke sejalo sa selemo se se nang le kemelano le komelelo le mogote. Ke semela sa ngwaga le ngwaga se se golang bogodimo jwa 80 cm mme se tlhome moditona o o thata go ya tlase. Se gola monate mo mebung ya motlhaba o o bokoa. Se mosola thata mo mmung ka gore se kgona go jalwa mo mebung e e humanegileng naeterojene kwa ntle ga go tlaleletsa ka monontsha mme sa botlhokwa bogolo, se maatlametlo magolo thata mo bathong le diphologolong ka gore matlhare, matlape le peo ya sona di na le bolengkotla jo bo kwa godimo. “Cow peas” di sa ntse gape di ka omisiwa le go bolokwa ka katlego.
Tlhomomogopolo mo teff – se se seng monawa.
Mafulo a a jetsweng a ke semela sa ngwaga se se butswang ka bonako le go gola mo pakeng ya dibeke tse 8 - 12. Se itumelelaa maemo selemo a a lola le go gola sentle mo mebung e e monyegileng sentle. “Teff” e dira sekhukhu se se gaisang sa mmu mme go gola ka motlele ga sona go hupetsa mefero e e sa batlegeng. Se dirisiwa thata jaaka setoroi mme se kgonwa go ka segwa gabedi mo setlheng se se siameng. Setoroi se tshwanetse go segwa fela pele se ungwa gape. 
Bokhutlo 
Dikgonagalo tse di tlhagisiwang ke dijalo tsa khurumetso tsa thefosanyo tse di jalwang mo setlheng se se metsi fa montshakuno, ka ntlha ya lebaka lengwe fela a paletswe ke go jala dijalo tsa gale tsa gagwe mo setlheng se se metsi, go itumedisa thata. Bantshakuno mo lefatsheng ka bophara ba itsege ka go bitsa dijalo tsa khurumetso tsa bona “hutse ya lefatshe” ka ntlha ya tshireletso e di e nayang mmu wa bona. Ammaaruri, go baya mmu wa botlhokwa wa gago mo tshireletsong, e ka nna selo se se siameng thata.
