Harvest

KE NAKO YA THOBO!

Jane McPherson, Motsamaisilenaneo wa Lenaneotlhabololo la Grain SA.



Ditshwantsho tse di patileng kgang e di bontsha matlhotlhapelo a a ka welang molemakorong fa dithulaganyo tsa tshwaragano tsa gagwe di se mo maemong. Ditshwantsho tse di tserwe ka Tlhakole mo masimong kwa Kapabotlhaba – korong ga e ise e ke e rojwe, mme masimo a tshwanela go jewa ka molelo!



Ke maswabi a magolo thata gore morago ga ngwaga wa tshemelelo o bo o sa kgone go isa dithoro kwa sefaleng, mme go tshwanetse go tsewe matsapa otlhe go efoga tiragalo ya mofuta o.



Ka bomadimabe korong ke sejalo se se tshwanetseng go rojwa ka metšhine go kgobokanya thobo yotlhe le go godisa seemo, mme go tlaleletsa, dirobi tsa korong di a itsamaisa mme se se raya gore ke motšhine o o turang bobe. Peoseemo ya korong e botlhokwa mo tlhotlhweng ya yona e bile korong ke sejalo se se latlhegelwang ke seemo (grade) ka bonako le ka bonolo fa e sa robiwe ka nako e e nepagetseng. Korong e tshwanetse go robiwa ka bonako jo bo kgonagalang, ka gore pulanyana e nnye e e ka nelang korong e e buduleng e tlaa bo e lekane go diga kereite ya korong le go dira ntshodikuno ya korong go tlhoka dipoelo.



Bontsi jwa balemipotlana ba tshwanelwa ke go ikanya dikhombaenara tsa konteraka go roba dijalo tsa bona. Go na le mathata le dikgwetlho tse di mmalwa mabapi le se: (Morobi wa konteraka).

Gantsi o tsena mo ditumelanong le balemi go sa le gale mo setlheng.

O rotloetsega go saena konteraka ya diheketara ka bontsi jo bo kgonegang gonne seo ke lotseno mo go ena.

Ga a kgone go bonela pele gore e tlaa na leng le kae mme ka jalo o ka diegisiwa ke se.

O rata thata go roba masimo a magolo a a se nang dikonturu gonne motšhine o kgona go dira diheketara di le dintsi ka letsatsi, ka o sa boaboe gaufi mo tshimong.

Ga a battle go emela dithereilara.

O duelwa go ya ka palo ya diheketara tse a di robang e seng go ya ka kereite e molemi a e boneng.

O kopana le mathata a go ema – fa metšhine e dira ka thata dithobego di nna gona, mme seo ke se se ka se bonelweng pele.

Ga se ka gale a boning dikarolo tsa metšhine gonne tsotlhe tse di diragala ka boKeresemose le Ngwaga o Mošwa, foo batho ba le bantsi ba ratang go tsaya khunologo.



Tsotlhe tse di utlwala di swabisa, fela go botlhokwa go ela mamena tlhoko gore o tle o kgone go a logela maano go a fenya:

Molemi o tshwanetse go:

Dira dithulaganyo le rakonteraka nako e sa le teng.

Leka go netefatsa gore rakonteraka ga a ikimetsa tiro.

Netefatsa gore go na le matlapa a le mmalwanyana fela mo tshimong ka fa go ka kgonegang ka teng ka gore a senya tafole ya serobi.

Rulaganya go nna le bontsi jo bo lekaneng jwa dithereilara gore tirego yotlhe e se kgorelediwe.

Direla korong bobolokelo fa e le e sa kgonwe go rorelwa kwa difaleng ka tlhamalalo go tswa mo tshimong.

Dira dithulaganyo le difala tsa selegae mabapi le go omisa korong, fa e le go ka bonala se se tshwanelwa go dirwa.



Go na le dilo tse pedi tse di itumedisang thata ka setlha sa thobo-phelelo ya modliko o le mongwe wa ntshodikuno ya dijalo le gape tshimologo ya setlha se sengwe. Mo baleming ba ba ntshang korong mo Foreisetata,ntlha yotlhe ya tshomarelo ya bongola mo mmung e bonala le yona ntlha ya botlhokwatlhokwa ya tirego yotlhe ya ntshodikuno ya korong mo legoleng la selemo.



Botlhokwa jwa go somarela bongola mo mmung ga bo ka ke jwa gatelelwa go feta fa. Tirego e e tshwanetse go simolola ka bonako fela morago ga thobo ya sejalo se se fetileng. Go na le manaba a le mararo mo polokong ya bongola jwa mmu:

La ntlha ke merwalela e e leng ditlamorago tsa boalogodimo jo bo thata gore metsi a ka nwelelela kgotsa pula ya matlakadibe e e sa lething nwelelelo.

La bobedi ke tero ya khaphlari – se ke motsamao wa metsi go ya kwa godimo kwa boalogodimong koo a ka mowafalang le go latlhegela mo lefaufaung. Se se direga fa boalogodimo bo katisegetse le go nna thata.

La boraro ke kgaisano e e diriwang ke mefero - mefero mo tshimong e dirisa bongola jo wena jaaka molemi o lekang go bo bolokela sejalo se se lateleng.

O tshwanela go tsamaisa masimo a gago sentle go tswa nakong ya thobo e e fetileng go ya nakong ya jalo go ne tefatsa gore o somarela metsi mo mmung ka bontsi jo bo kgonegang. Katlego ya sejalo se se latelang e mo magetleng a gago.

