

Graanprodusent								Tswana



Kopana le bontlhopheng – Montshadithoro yo o Tlhabologang wa Ngwaga



Instructions: 

Folio Strap: Montshadithoro wa Ngwaga

Byline: Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneo la Tlhabololo la Balemirui la Grain SA



Bontlhopheng ba le barataro ba ba tla gaisanelang setlhogokabo: Montshadithoro yo o tlhabologang wa ngwaga: 2008, ba setse ba tlhophilwe. Ka Diphalane 17, mofenyi o tlaa itsisiwe kwa moletlong wa mabono o o tshwarwang ke Grain SA. Bontlhopheng ke ba:



Deliwe Ntebele-Mutlwane

Deliwe o tsaletswe kwa Kagiso, Krugersdorp ka 1961 mme ke leitibolo la ga Rre le Mme Ntebele. Rraagwe e ne e le molemirui, fa mmagwe e le mooki. Deliwe o nyetswe ke Rre Olebogeng Mutlwane mme ba tshegofadiwa ka bana ba le babedi. O bona thotloetso le kemonokeng go tswa go matsalaagwe le monna wa gagwe.



Deliwe o tsene kwa sekolong sa Poraemari sa Aobakwe kwa Itsoseng mo Porofenseng ya Bokonebophirima le kwa go sa Sekontari sa Reitumetse kwa a feditseng Grade 12 teng. O tsweleditse dithuto tsa gagwe kwa Kholetšheng ya Bethel a dira borutabana mme morago a dira khoso ya N6 ya go bopela le go aga.



Ka 1991, Deliwe o ne a tlogela tiro ya gagwe e a e ithutetseng mme a simolola ka temothuo ya nakwana go fitlha ka 2002 fa a ne a nna molemirui wa leruri. O hirile polase kwa Marotse (Delareyville) mme gape o dira mmogo le matsalaagwe. Ke tokololo ya Setlhophathutano sa Frichgewaagd mo kgaolong ya Delareyville, o tsenetse e bile o sa ntse a tswelela go tsenela dikhoso tse dikhutshwane jaaka Khoso ya Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa polase, Tlhagiso mo Ntshodikunong ya mmidi, Ntshodikuno le Thekiso ya Mmidi e e tsweletseng, Tsamaiso ya Kgwebo ya Temothuo le Tsamaiso ya Porojeke go tswa Grain SA, NWK, Promise Farmer le Business Today.



Deliwe o ntse a le molemi yo o ikemetseng wa sonobolomo le mmidi dingwaga di le nne, gape o na le loruo lwa dikgomo, dikolobe, dipodi le dinku.



Isaac Khuto

Isaac Khuto o tsaletswe kwa Boksburg ka 1944 koo rraagwe a neng a dira jaaka tlelereke mo lebentleleng. Batsadi ba gagwe ba ne ba mo romela kwa Ficksburg a le dingwaga di le pedi go nna kwa polaseng ya ga rangwaneagwe le rakgadiagwe kwa a goletseng teng. O gakologelwa gore o simolotse go disa dinku a le dingwaga di le supa e bile o sa ntse a gopola monkgo ole wa bojang sentle mo mosong, fa loapi lo ne lo apogile sentle thata e bile a kgona go bona dithaba tsa kwa Lesotho. Ba ne ba tlhola ba bogetse diterekere di lema masimo ka fa Lesotho mme a aga a ipotsa gore go ka utlwala jang go e kgweetsa.



Isaac o tsene mo sekolong sa dipolase mme morago a tsena sekolo sa Sekontari kwa Ficksburg kwa a falotseng Grade 8 teng. O diretse ba ga Frasers kwa Ficksburg dingwaga di le lesomepedi. Ka a ne a setse a na le kgatlhego mo kgwebong o ne a simolola go gweba ka boena ka go reka le go rekisa merogo le maungo. Fa kgwebo e ntse e gola, o ne a kgona go reka thekisi ya ntlha ya gagwe mme o ne a kgona go tsweletsa kgwebo e pele magareng ga 1978 le 1998. Ka 1983 Isaac o ne a bona tšhono mo kgwebong ya baamogelabaeng mme a reka sekahotele. O santse a na le yona hotele e, e bile o na le laesense ya nnotagi.



Mo botshelong jwa gagwe, Isaac o kile a nna ramabole wa porofešenale. O simolotse jaaka magogorwane ka 1960 mme morago a nna wa porofešenale. A re: “Mo mosakong wa mabole ke ka wena fela le bokgoni jwa gago”, – mme ke teng kwa a ithutileng teng go iikanya. “Ga gona kwa o ka iphitlhang teng kgotsa o ka sielang teng mme o ithuta go lebagana le botshelo”, ga rialo Isaac. O sa ntse a katisa kwa Ficksburg Boxing Club, o kile a nna modulasetilo wa Free State Boxing Club mme gajaana ke modulasetilo wa Porofense wa Tshwaragano ya Mabole ya Foreisetata. Gape ke modulasetilo wa Setlhophathutano sa Imperani sa Grain SA mo Ficksburg.



Ka 1988, Isaac o ne a reka polase ya Diyatalana ya 230 ha, mme a simolola ka tiro ya gagwe ya go nna molemirui. O ne a ratile go reka polase yotlhe ya 460 ha, fela a boifa go dira molato o mogolo – polase e ne ya kgaoganngwa dikarolo tse pedi mme o ne a reka halofo e nngwe. Ka 2006 o ne o kgona go hira diheketara tse dingwe tse 65 tsa mmu wa temo wa kgono e e kwa godimo gaufinyana le ena.



Ka setlha sa 2007/2008 Isaac o robile thobo ya palogare ya 3,5 tono ka heketara ya korong mo diheketareng di le 79, mme le mororo go na le tshenyo e kgolo ya sefako mo mmiding wa gagwe, dijalo tse di mo masimong di sa ntse di siame.



Isaac o nyetse Lerato mme ba tshegofadiwa ka morwa le barwadi ba le babedi.



Maphale Samuel Moloi

Maphale o tsaletswe mo polaseng ya Magdelena, koo rraagwe a neng a dira jaaka modiri wa dipolase, mo sedikeng sa Fouriesburg ka 1969. Ba ne ba le bana ba le robedi – basimane ba babedi le basetsana ba barataro. Maphale o tsene sekolo mo motsesetoropong wa Mashaeng ka fa ntle ga Fouriesburg, koo a weditseng Grade 12. Ka mafelo a beke o ne a ya polaseng e e gaufi ya ga Rre Linde du Plessis, koo a neng a kgweetsa terekere le go thusa teng. O ne a bona ka moo Rre Du Plessis a neng a bereka mmu ka teng mme a eletsa gore o ka re le ena ka lengwe la malatsi a ka nna le polase ya gagwe. “Rre Du Plessis o nthusitse thata go rotloetsa kgatlhego ya me mme ka reetsa Mme Jane McPherson ka tlhoafalo fa a bua mo Lesedi FM ka temo ya dithoro, mme ke ne ka rotloetsega thata go diragatsa toro ya me,” ga rialo Maphale.



Maphale o diretse Lefapha la Merero ya Selegae kwa Kgorong ya Molelwane ya Fouriesburg go tloga ka 1993 - 2007. Ka 1996 o ne a simolola temothuo ka dikgomo le dinku mo lefatsheng la morafe kwa Fouriesburg. Ka 2004 o ne a hira lefatshe la diheketara tse 30 mo molemiruing wa mogwebi Rre Osborne mme a jala mmidi. Ka 2006 o ne a hira lefatshe la diheketara tse 4 179 go tswa go Mmasepala wa Fouriesburg mme ke teng fa a dirang temothuo ya gagwe teng gajaana. “Gongwe monongwaga ke ka kgona go hira lefatshe la mmu wa kgono e e kwa godimo la diheketara tse 400, fela Grain SA e tlaa tshwanelwa go tla go bona mmu wa teng pele,” go rialo Maphale.



Maphale o nyetse Dianne mme ba nna kwa Mashaeng le bana ba bararo ba bona.



Boy Mokoena 

Boy o tsaletswe mo polaseng kwa kgaolong ya Middelburg ka 1948 koo rraagwe a neng a dira jaaka modiri wa polase. O tsene mo sekolong sa selegae kwa a falotseng Grade 5. Ka nako e rraagwe o ne a le molemirui wa nakwana mo lefatsheng la morafe la kgaolo ya Vlaaklaagte. Boy a re o gakologelwa a dira le rraagwe ba lema ka dipholo.



Ka 1981 Boy o ne a simolola temothuo ka boena mo lefatsheng la 10 ha le a neng a le hirile mo pusong. Moragonyana o ne a bona phatlha ya go newa 50 ha mo kgaolong ya Vaalspruit (gaufi le Bronkhorspruit). Gajaana Boy o dira temothuo mo lefatsheng la 545 ha le a le hirileng mo pusong mme gape o hirile 300 ha ya mmu wa temo o o siameng mo baleming ba baagisani. Monongwaga o lemile mmidi mo lefatsheng le lotlhe le. Boy gape o na le motlhape wa dikgomo tse 300 tse a di fudisang mo lefatsheng la morafe mo selemong le mo masimong a mmidi mo marigeng.



Boy o nyetse Lina yo o sa leng a le moratiwa wa gagwe go tswa malatsing a bona a sekolo mme ba na le bana ba le bane. Ke tokololo e e matlhagatlhaga ya Setlhophathutano sa Grain SA mme o setse a tsenetse Khoso ya Ntshodikuno ya Mmidi, gammogo le Khoso ya Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa Polase. Mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang, o tlaa tsenela Khoso e e tsweleletseng ya Ntshodikuno ya Mmidi le Thekiso, gammogo le Khoso ya Tsamaiso ya Kgwebo ya Temothuo.



Labious Manoto

Rraagwe Labious o ne a tswa kwa Koppies mo Foreisetata. O ne a ya go aga kwa Lombaardslaagte koo Labious a tsaletsweng teng ka 1948. Ke mongwe wa bana ba le lesomepedi. Rraagwe o ne a lemoga fa ba agile mo lefatsheng la temo le le mafura mme a simolola go lema ka dipholo. ”Lorato lwa me la temothuo ke sengwe se ke jang boswa go tswa mo go rre,” ga rialo Labious.



Labious o falotse Grade 8 ka 1966, mme morago a wetsa Khoso ya boagi ka 1969. O agile dikolo mo Mafikeng go tloga ka 1970 mme a bereka kago ya ntlha ya gagwe ya metlhatlagano e mebedi gona mo Mafikeng. Morago o ne a direla Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba.



“Ka ntlha ya lorato lwa me lwa temothuo ke ne ka simolola go dira temotho nakwana ka 1975. Ke ne ke na le 15 ha ya lefatshe le e leng la me (mo kgaolong ya morafe) mme ka hira diheketara tse dingwe tse 30,” ga rialo Labious. Ka nako e a neng a direla Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba o ne a na le tshwanelo ya malatsi a khunologo a le 30 ka ngwaga. O ne a netefatsa gore o tsaya khunologo ya gagwe ka nako ya setlha sa jalo gore a kgone go itlhokomelela jalo ya dijalo tsa gagwe. Labious o ne a na le modiredi a le mongwe mme mmogo ba ne ba dira bosigo le motshegare ka nako ya setlha sa jalo – ka Massey Ferguso 65 ya gagwe. “Ke ne ke dira kwa toropong mo gare ga beke mme mafelo a beke ke tla gae go tlhokomela tsa temo,” ga rialo Labious.



Kgwebo ya gagwe ya temothuo e ne ya gola mme go tloga ka 1991 o ne a nna mo polaseng mme a tsogelela go tswa teng go ya tirong letsatsi le letsatsi. Labious o dirile temothuo a ntse a dira go fitlha 1996 ka nako e a neng a bereka 500 ha. Labious o ntse a dira temothuo ka botlalo go tloga ka 1997 mme gajaana o jala go tsamaela 1 000 ha.



Samuel Nyambose

Samuel o tsaletswe mo polaseng mo sedikeng sa Reitz ka 1944 koo rraagwe a neng a le modiri wa polase. Ke mongwe wa basimane ba le batlhano kwa ga gabo. Samuel o tsene sekolo kwa Reitz mme a falola Grade 8. Morago o ne a ya kwa Johannesburg mme a direla setlamo sa enjeniering dingwaga di le thataro jaaka modiri fela. Samuel o ne a hudugela kwa Phuthaditjhaba mme a bula lebentlelenyana la korosari. “Ka gore ke tsaletswe mo polaseng, keletso ya me ka dinako tsotlhe e ne e le go nna molemirui, mme e rile fa ke bona tšhono ya go hira polase mo sedikeng sa Kaallaagte ka 1997, ka se ke ka senya nako,” ga rialo Samuel. O ntse mo polaseng dingwaga di le tharo. Ka 2000 o ne a reka polase ya Lorelei mo sedikeng sa Paul Roux a dirisa kabo ya R30 000 le kadimo go tswa Landbank.



“Go ntse le dinako tse di bokete, fela monongwaga ka thuso go tswa Grain SA le OVK, ke kgonne go feleletsa kadimo ya ntshodikuno ya me kwa OVK mme gape le ya Landbank e bile ke sa ntse ke na le madi a a setseng go jala 30 ha ya korong,” ga rialo Samuel.



































