Goal											Tswana

A re latlhegetswe ke maitlhomo?



Instructions:

Folio strap : Tlhabololo

Byline : Jane McPherson, Motsamaisa lenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Go na le madi a mantsintsi a a dirisiwang ke Lefapha la merero ya Lefatshe, Lefapha la Temethuo, Grain Trusts tse di farologaneng, dikgwebo tsa temothuo, ditlamo tse di tlamelang ka ditsennegwateng, mekgatlho ya dikuno ka tlhaolo le mekgatlho e e seng ya puso (go tlhagisa di le mmalwa fela) mo tlhabololong ya temethuo mo Afrikaborwa. Potso e e salang ke gore: a sotlhe se se tlisa ditlamorago tse di baotlegang?



Thlabololo, go akaretsa tlhabololo ya molemirui, ke ka batho. Ke batho ba ba tshwanelang go gola, go tlhabologa, go ithuta le go bona maitemogelo. Tsepamisomogopolo mo tlhabololong ya molemirui ga se ka gore ke mang yo o ka ntshang dithoro tse dintsi, mme segolo ke ka go thusa molemirui go bona bokgoni le kitso tse di tlaa mo kgontshang go dira temethuo ka ikemelo, tswelelo le ka dipoelo.



Fa e le re tota re batla go dira pharologanyo, go botlhokwa go tsepamisa mogopolo mo mothong ka sebele gammogo le morafe le go tlhomamisa gore ke metswedithuso efe e ba nang le yona, le go agelela mo metswedithusong eo. Go bonolo go phasumela fela mo kgaolong, le go tsepamisa mogopolo mo go se batho ba se nang naso le go ikaketsa ka go ithaya o re o a bathusa ka go ba direla sengwe le sengwe se o akanyang gore ba tshwanetse go se direlwa. Go tlaa diragalang fa o sa tlhole o ba direla dilo tseo? Re tlhoka go tsaya batho go tloga fa ba leng teng jaanong, ka iketlo le kelotlhoko, re netefatsa gore ba dumelana le diphetogo le ditlhabololo, le go ba isa kwa ba batlang go nna teng).



Go bonala go na le tsepamisomogopolo e e reng “go botoka fa go le gogolo”. Boammaaruri ke gore go na le golo gongwe foo batho ba tshwanetseng go simolola teng, le fa e ka nna ka selekano se sennye fela. Go na le batho bangwe ba baleng balemi ba boramojelaganong, ba e bileng ba se na keletso ya go gola go nna sengwe sesele - seo le sona se ntse se siame. Fela gape go na le bao ba ba dirang temo sentle thata le go tswelela sentle ka selekanyo se se botlana ba ka letsatsi lengwe ba yang go nna balemi ba bagolo. Gape go na le bao ba ba dirang temothuo ka selekanyo se segolo e bile ba e dira sentle (fela gape go sa ntse go na le dikgato tse di farologaneng tse dintsi mo magareng).



Fa maiteko a tlhabololo a rona a tshwanetse go tshwanela, re tlhoka go fitlhelela batho kwa ba leng gona le go ba tsaya go tloga teng foo - ga ke kgatlhwe ke go tsaya dikonteraka tse dikgolokgolo, go jala, go tlhokomela le go roba mmeke bo ke bitsa se “tlhabololo ya balemirui” - se ga se tlhabololo e bile go ka bo go le botoka fa dikonteraka di ka bo di hirile masimo ao. Totatota go ne go ka nna botoka mo baleming fa ba ka bo ba hirisedi borakonteraka ba masimo a bona, gonne gajaana ditshenyegelo tsa tiro eno di bonala di le kwa godimodimo go fetisa e bile le rakonteraka o na le diabe mo dipoelong (o ja gabedi fa molemi a ka nna a se ke a ja sepe gotlhelele).



A re boeleng kwa metheong ya maloba mme re tsepamise mogopolo mo tlhabololong ya batho. Fa masimo a gago a dirisiwa ke rakonteraka mongwe yo mogolo, gona akanya thata le ka tshwanelo gore o ya kae le gore go tlaa go tsaya lobaka lo lo kae go nna molemi go na le go nna mohirisalefatshe!



