GEARS (MAIZE)								Setswana



Go tlhaloganya rašio ya kere 



Instructions:

Folio Strap: Tirisometšhine 

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Khosong ya Bokonteraka jwa Temothuo

Photos:   Dikere le rašio 

 Seporokete 

 Letsogo la Kere 

 Sekgweetso (driven)

 Mokgweetsi

 Leotwana la kere 



Metšhine e mentsi e dirisa dikere. Sekao se se siameng thata ke sa baesekele, e e nang le dikere tse di e dirang bonolo go e tšhoba, bogolo fa o tlhatloga makgabana. Dibaesekele gantsi di na le leotwana la kere le legolo, le le mametleletsweng terapa le mokawana wa maotwana a kere a bogolo jo bo farologaneng, mo leotwaneng le le kwa morago. Fa terapa e dikolosiwa tšheine e goga go dikologa maotwana a kere a a kwa morago.



Lebelela leotwana la kere le le mametleletsweng le terapa mme o le tshwantshanye ka bogolo le maotwana a kere mo bogareng jwa leotwana la morago. O lemogang ka ona?



Batho ba bantsi ba tlhatlogile makgabana ka baesekele. Fa mokong o konyela thata go nna bokete go tšhoba baesekele mme ka tlwaelo mopalami o tlaa fetola dikere gore go nne bonolo. Fa mopalamabaesekele a fetola dikere, tšheine e tlola go tswa mo kereng e nnye go ya kwa go e kgolo ya meno a mantsi, mme go dira gore go nne bonolo go tšhoba diterapa. Fa kere e e kwa morago e na le meno a mantsi gona go nna bonolo go palamelela lekgabana le fa baesekele e tsamaela kwa pele ka bonya.



Go tlaa diragalang fa mopalamabaesekele yo o tlhatlogang lekgabana a fetola dikere go tswa leotwaneng la kere le legolo go ya go le lennye? A go tlaa nna bonolo kgotsa bokete go tšhoba?



Rašio ya kere 

Lebaka la gore dibaesekele di nne bonolo go di tšhoba go tlhatloga lekgabana fa dikere di fetolwa ke ka ntlha ya se se bidiwang rašio ya kere (rašio ya bolebelo). Rašio ya kere e ka berekelwa mo popegong ya dipalo mme dikao di bontshiwa fa tlase. Tota rašio e tlhomamisiwa ke palo ya meno mo leotwaneng la kere lengwe le lengwe, tšheine e a itlhokomolosiwa mme ga e tsene mo tekatekanong.



SEKAO:

Fa kere ya terapa e dikologa gangwe kere ya seporokete e tlaa dikologa ga kae?



PALO YA MENO YA TERAPA		=         60 = 2 (Kere ya seporokete e dikologa gabedi)

PALO YA MENO MO SEPOROKETENG	           30 



Rašio ya kere ke			   1	       :	         2

 					Kere ya	  Kere ya

                                                           Terapa	      Seporokete





Sekao se se fa godimo se bontsha gore nako le nako fa kere ya terapa e dikologa gangwe kere ya seporokete mo leotwaneng la morago e dikologa gabedi go go dirang bonolo go tlhatloga lekgabana.



Leka dipotso tse di latelang:



Fa kere ya terapa e dikologa gangwe fela kere ya seporokete e tlaa dikologa ga kae?

PALO YA MENO YA TERAPA		= ____	 =   

PALO YA MENO MO SEPOROKETENG	            



Rašio ya kere ke			   1	       :	          

 					Kere ya	  Kere ya

                                                           Terapa	      Seporokete



Fa kere ya terapa e dikologa gangwe fela kere ya seporokete e tlaa dikologa ga kae?



PALO YA MENO YA TERAPA		= ____	 =   

PALO YA MENO MO SEPOROKETENG	            



Rašio ya kere ke			   1	       :	          

 					Kere ya	  Kere ya

                                                           Terapa	      Seporokete



Fa kere ya terapa e dikologa gangwe fela kere ya seporokete e tlaa dikologa ga kae?



PALO YA MENO YA TERAPA		= ____	 =   

PALO YA MENO MO SEPOROKETENG	            



Rašio ya kere ke			   1	       :	          

 					Kere ya	  Kere ya

                                                           Terapa	      Seporokete





Rašio ya kere e ama jang lebelo?

Rašio ya kere e re bolelela gore kere e nngwe e dikologa ka lebelo le le kana kang fa e tshwantshanngwa le e nngwe.



Fa input gear ya rona (ya meno a le 10) e dikologa ka lebelo la 5 rpms mme e gokeletswe mo output gear ya rona (ya meno a 50) output gear ya rona e tlaa dikologa ka 1rpms.



Go reng?

Rašio ya kere ya rona ke 50:10 kgotsa 5:1



Fa kere e nnye ya rona e dikologa gangwe fela kere e tona ya rona e tlaa dikologa 1/5. Go tsaya medikologo e 5 ya kere e nnye ya rona go lekana le modikologo o 1 wa kere e tona ya rona. Jalo kere e tona ya rona e dikologa ka lebelo 1/5 = 1rpm



Go ne go tlaa nna jang fa rašio ya kere ya rona e le 1:3?

Mo lobakeng lo input gear ya rona e tona gararo go na le output gear ya rona.



Fa output gear ya rona e ne e ka dikologa ka 20 rpms, modikologo mongwe le mongwe o ne o tlhoka medikologo e 3 ya output gear ya rona. Ntshothata ya rona e ne e tlaa nna 60 rpms.



Mokgweetsi le Sekgweetso

Mokgweetsi ke kere kgotsa seporokete se se nang le maatla ka tlhamalalo. Mo sekaong sa baesekele motho yo o palameng baesekele ke ene a tšhobang diterapa. Seporokete se setona se diterapa di mametletsweng mo go sona ke sona “mokgweetsi” (se na le maatla) mme seporokete se sennye se se mo leotwaneng la morago ke “sekgweetso”. Ga se ka dinako tsotlhe mo se segolo e leng mokgweetsi wa se sennye – bogolo (size) ga bo botlhokwa. Se se botlhokwa ke gore ke mang yo o nang le maatla la ntlha.



Gakologelwa gore fa go na le palo ya diseporokete e e gokagantsweng ka tšheine, di mametleletswe mo šafoteng e le nngwe, go ka nna le seporokete se sengwe se se tlaa nnang mokgweetsi mo tatelanong e e latelang.



Fa o batla tatelano, go botlhokwa go tlhokomela bogolo jwa dikere/diseporokete. Diseporokete di tlhotlhetsa lebelo le šafote e dikologang ka lona. Lebelo la modikologo wa šafote ke lona le le tlhomamisang gore mekheniseme wa peo o dikologa ka bonako jo bo kae, se se tlhomamisang gore go jalwa peo e e kana kang. Fa šafote e dikologa ka bonako, gona go tlaa jalwa peo e ntsi.



Ka nako ya khaliboreišene, fa o ka lemoga gore go jalwa peo e ntsi thata, jaanong o itse gore šafote ya bofelo e e kgweetsang mekheniseme wa peo e dikologa ka bonako mme go tlhoka go fokodiwa lebelo. Tsela e le yosi fela ya go iketlisa šafote ke go fetola bogolo jwa diseporokete tse di amanang le kgweetso ya šafote.



