Food										Tswana

Babalesega ka dijo



Instructions: 

Folio strap: Pabalesego ya dijo

Byline: E baakantswe go tswa go www.health24.com. 



Go ja dijo kgotsa go nwa metsi a a kgotlelesegileng go ka tlhola ditshwaetso tse di farologaneng.



Tlholefatsodijo ke lereokakaretso la tshwaetso e e tlhagelelang ka dijo. Ditshupo tse di tlwaelegileng tsa tlholefatsodijo di akaretsa ikhuno ya mala, letshololo, pherogosebete le go tlhatsa. Dibaketheria ke tsona ditlhodi tse di tlwaelegileng tsa tlholefatsodijo, di latelwe ke megare le dipharasaete.



Ga se ka gale motho o kgonang go bona fa dijo kgotsa metsi a kgotlelegile fela ka tebo ya matlho, tatso kgotsa monko, fela o ka fokots mathata thata ka go latela fela dikgato tse di bonolo tse di tlhagisiwang fa tlase:



Boitekanelo jwa sebele

Tlhapa diatla tsa gago gangwe le gape le ka botlalo ka sesepa le metsi, bogolosegolo

fa o tswa kwa ntlwaneng;

morago ga go tshwara diphologolo;

morago ga go ethimola kgotsa go mina;

pele le morago ga go baakanya dijo;

morago ga go tshwara nama, tlhapi kgotsa koko e tala (sa butswang).

Fapa dintlho mo diatleng tsa gago go thibela kgotlelego fa o dira ka dijo. Netefatsa gore dibantise le difapi di phepa



Metsi a a nowang

Fa o sa netefatse gore metsi a babalesegile go a nowa, a bedise pele. Metsi a thepe ka gale a babalesegile, fela metsi a a tswang mo metsweding e mengwe, jaaka dinoka le didiba, ga a babalesega.

Boloka metsi a a babalesegileng mo seduting se se phepa, se se khurumetsweng, go eletsega fa e ka nna setsidifatsi.

Netefatsa gore dinotsididi le matlapanakgapetla a dirilwe ka metsi a a babalesegileng.

Gakologelwa gore fa o thuma kgotsa o tlhapa o se ke wa goduma metsi a a sa babalesegang.



Boitekanelo mo boapelong

Tlhatswa maalo a a jaaka tafole ya mo boapeelong, khaontara le sinke, pele le morago ga go direla dijo foo. Tshola mafelo a bobeeladijo (jaaka dišelefo le ditsidifatsi) a le phepa.

Phepafatsa mo go tshologileng ka yona nako eo.

Dirisa dikhai tse di farologaneng tse di phepafatsang mo boapeelong le dikarolo tse dingwe tsa ntlo.

Bolaya ditwatsi mo difaatukung, disepontšheng le dikiripotong ka sebolayatwatsi le go di anega kwa letsatsing, mo go thusang go bolaya megare. Fa o na le mmakeroweife, go gotetsa dikhai le disepontšhe disekonte di le 60 go tlaa thusa go bolaya megare.

Tlhatswa bodilo jwa boapeelo bonnye gangwe mo bekeng, ka dikhai tse di dirisediwang sona seo fela.

Tlhatswa, dijana khatlelari le diboto tsa bosegelo sentle – bogolo mo metsing a sesepa a a bolelo a o a tshololang fa a nna leswe thata. Tsokotsa dijana ka metsi a a phepa, fa go kgonega.

Latlha didiriso tse di phanyegileng kgotsa tse di ngapegileng thata. Megare e tshela mo matlereng a dikopi le dijana le mangapo mo diduting tsa polasetiki le diboto tsa go segela.

Dirisa boto ya go segelela go segelela dijo tse ditala. Fa go kgonegang dirisa boto e nngwe go segelela, nama, nama ya koko le tlhapi le e nngwe mo dijong tse dingwe; kgotsa phepafatsa boto ka metsi a sesepa a a bolelo morago ga go segelela mofuta wa dijo mongwe le mongwe. Diboto sa tshegelelo tsa polasetiki kgotsa letlapa ke tsona di babalesegileng mo nameng e tala.

O se ke wa boeletsa didiriso gape morago ga go amana le nama, tlhapi kgotsa koko e tala, go fitlhelela o di tlhatswitse thata. Latlhela matlakala mo motomong o o kgurumelwang o oo tshololang le go o phepafatsa gangwe le gape.

Tshola dipati le difensetere tsa boapeelo di butswe ka fa go kgonegang ka teng go tlamela ka tlhabisamowa e e siameng; se se thusa go thibela tlhogô ya mouta le boswa.

