First-aid									      Tswana

Lebokoso la thusopotlako la fa gae



Byline: E baakantswe go tswa go www.health24.com. 



Ntlo nngwe le nngwe e tshwanetse go nna le lebokoso la thusopotlako le le tlametsweng sentle. Tshola le lengwe fa gae mme le lengwe le nne mo koloing.  Boloka lebokoso mo lefelong le le tsiditsana, le le omileng, kgakala le go ka fitlhelelwa ke bana ba bannye.  Netefatsa gore o itse go dirisa dilwana tsotlhe sentle le gore di dirisediwa eng.



Lebokoso la Thusopotlako la fa gae le tshwanetse go nna le eng?

3 x rolo ya dibanteje (50 mm)

3 x rolo ya dibanteje (75 mm)

2 x dibanteje tsa khutlotharo

Difapi tsa “gauze”:  1 e e omileng le 1 e e innweng mo parafeneng

1 x le botlolo ya Dettol kgotsa Savlon (50 ml)

2 x difapadintho tse dinnye

2 x difapadintho tse di magareng

2 x difapadintho tse dikgolo 

1 x rolo ya “adhesive tape” (1 m x 2,5 cm)

1 x sekere sa dibanteje

Dikgokelo

1 x molemo wa matlho (eyebath)

Tweezers

1 x sefapi sa ntho ya molelo

1 x tšhupu ya setolo sa dintho

1 x para ya ditlelafo

1 x sediriso sa khemiso go dira CPR

1 x paki ya dipolasetara tsa bogolo jo bo farologaneng

1 x “cold pack”

Paracetamol jaaka Panado

Lalamine lotion, tee tree oil, amira oil, aloe-vera le propolis cream

Themometara

Rehydration fluid jaaka Rehidrat

Dintshwana tse di lekanyang.



