Fire (Maize)									Setswana
Sireletsa thobo ya gago kgatlhanong le melelo 
Instructions:
Folio strap: Thibelo ya molelo 
Byline: Jane McPherson, motsamisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Bantshakuno la Grain SA
Use a photo of a raging fire on lands
Mariga a tlaa tsena morago ga selemo le letlhabula tse di bongola thata. Ka ntlha ya setlha se se bongola thata se diphologolo di na le phulo e ntsi thata fela se gape se rayang gore melelo ya naga e ka nna bothata jo bogolo monongwaga. 
Melelo e ka tlhola tshenyo e kgolo thata mo dipolaseng. Lotlhokwana lwa mokgwaro lo le longwe lo ka nyeletsa diketekete tsa diheketara tsa lefatshe la temothuo. Melelo e mentsi ya dijalo e diragala pele kgotsa ka bonako fela morago ga thobo ka gonne ka nako e dijalo gantsi di a bo di budule le go oma.
Melelo e ka thibelwa jang
Bana ga ba a tshwanela go tshameka ka mokgwaro.
O se ke wa latlhela mokgwaro kgotsa sekerete se se tukang mo bojannye, matlhareng, dikhing kgotsa setoroing tse di omileng.
O se ke wa gotsa melelo mo nageng kgotsa mo maemong a bosa a a phefo.
Netefatsa gore melelo yotlhe e timilwe sentle.
Fa o bona molelo 
Fa o bona molelo wa naga, begelela baagisani ba gago le motimamolelo wa selegae ka bonako. Ba bolelele gore molelo o tuka fa kae totatota.
Tlogela mongwe fa gae go ka naya batho tshedimosetso ka molelo. Fa o na le radio kgotsa mogala, a di nne di butswe gore tshedimosetso e ntšhwa e tle e fetisiwe ka bonako fela fa e amogelwa.
Fa o se mong wa polase, mmolelele ka totobalo gore tota molelo o šwa fa kae.
Tlosa le go isa diphologolo le didiriso tsotlhe tsa polase kwa lefelong le le babalesegileng.
Didiriso tse o ka di dirisang go tima molelo
Ditimamolelo – metsi kgotsa mohuta wa lorole lo lo omileng.
Dira ditselamolelo ka makgasa a diseterepe tsa rabara kgotsa kgetsi e e metsi. Go betsa molelo ka diseterepe kgotsa kgetsi e e metsi go hupetsa mowa (okosijene)o molelo o o tlhokang go tuka. Fa go se na mowa o o lekaneng molelo o tlaa hupelwa le go tima ka bonya.
Dirisa sepeiti se se sikarwang go kolobetsa dimela le bojang tse di fa pele ga molelo. Sepeiti se se sikarwang se sa ntse se le mosola thata fa o tlhola dikgabonyana tsa molelo fa morago ga molelo o sena go tingwa.
Dirisa didutametsi le pompo ya metsi tse di ka tlamelang ka metsi a a lekaneng.
Dišofole, diharaka le digarawe di ka dirisiwa go dira tsela ya molelo go thibela molelo go anama. Go ka tshubiwa molelo go tloga fa tseleng ya molelo o o tlaa fisang kgatlhanong le botsamaelo jwa phefo. Tsela ya molelo ke sebata se se phepa sa lefatshe se se tshwanang le tsela moo go se nang sepe se se ka tukang.
Dirisa dišofole le diharaka go tima molelo ka motlhaba le mmu. Di dirise gape go tlosa bojang le dikala tse di omileng tse di ka tukang bonolo. 
Dirisa diselešase tsa letsogo go sega bojang le dimela tse di sa šwang fa pele ga molelo o o tlang.
Go tima (lwantsha) molelo 
Tlhaga molelo go tswa ntlheng e le nngwe kgotsa ntlheng tsoopedi mme o leke go ngotla lepele la ona.
Fa go na le tsela ya molelo kgotsa sithibedi sa tlhago jaaka noka, leka go timela molelo go ya kwa sithibeding seo.
Tlhoma ditimamolelo mo mafelong a a maleba go tima ditlhase tse di rwalwang ke phefo. Phefo e e maatla e ka rwala ditlhase bokgakala jwa khilomitara e le nngwe.
Go botlhokwa gore molelo o iteelwe go ya kwa pilong gore ditlhase di se ke tsa tlolela kwa bojannye le matlhareng a a iseng a šwe.
Ka dinako tsotlhe baya botsamaelo jwa phefo leitlho.
Fa molelo o setse o timilwe
Fa molelo o setse o timilwe, go tshwanetse go dirwe tse di latelang: 
Netefatsa gore ditimamolelo ga di a utlwa botlhoko.
Paterola kgaolo bonnye diura tse tharo go tlhola dikgabonyana.
Busetsa didiriso kwa lefelong le le tshwanetseng. 
Tlatsa didutametsi jaaka ditanaka tsa metsi (koloi).
Baakanya didiriso tse di senyegileng.
Dikaelo tsa tsela ya molelo 
Mong mongwe le mongwe oo molelo wa naga o ka simololang kgotsa wa šwa mo lefatsheng la gagwe, kgotsa wa anama go tswa mo lefatsheng la gagwe, o tshwanetse go dira le go tlamela tsela ya molelo ka fa lotlhakoreng lwa molelwane wa gagwe magareng ga gagwe le lefatshe le le mabapi. Ke tiro le maikarabelo a gago go netefatsa gore molelo ga o simolole mo lefatsheng la gago. Go tshuba ditsela tsa molelo ke nako e e dirisitsweng sentle mme go ka go sireletsa le polase ya gago (lefatshe, dikago, dijalo le loruo) mo matlhotlhapelong. Beng ba lefatshe le le mabapi ba ka dumelana go dira tsela ya molelo e e tlhakanetsweng go tswa mo molelwaneng.
Tsela ya molelo 
E tshwanetse e nne bophara le boleele jo bo lekaneng go ka nna le tšhono e e utlwalang ya go thibela molelo wa naga go anama go ya kgotsa go tswa mo lefatsheng le le mabapi;
E se ke ya tlhola kgogolego ya mmu; mme 
E se ke ya nna le dilo tse di ka tshwarang molelo wa naga le go ka o tlodisa tsela eo.
Maitlhomo a ditsela tsa molelo 
Maitlhomo a ditsela tsa molelo e ka nna:
Go thibela kanamo ya molelo o o laolwang kgotsa o o sa laolesegeng;
Go supa ntlha fa molelo o ka tingwang teng;
Go supa ntlha foo go ka simololwang molelo kgatlhanong;
Ntlha ya tlhaselo ya molelo; le 
Ntlha ya go fitlhelela molelo
