Financial (Maize)									Setswana 

Motheo wa sematlole wa tsamaiso 



Instructions: 

Folio strap: Tsamaiso

Byline: Tshedimosetso e kgobokantswe go tswa Kaeding ya Tsamaiso ya Polase ka Poelo ka Marius Greyling

Grabbing quote: Re tlhoka madi go kgotsofatsa ditlhokego tsa sebopego le tshireletsego.

Captions: 	Setshwantsho 1.1: Tiro ya tshenyegelo gotlhe

Setshwantsho 1.2: Ntlha ya poelo, tatlhegelo le go lekalekana (break-even).



Kgwebo ke eng? Kgwebo e simologa jang? Go ya ka tsamaiso ya kgwebo, go botlhokwa go tlhaloganya dipotso tse ka botlalo mme kgannyana e e tlaa dira sona seo.



Ditlhokego tsa batho

Go tswa tlholegong ya motho, motho ka gale o tlhoka sengwe go tshela. Dijo, bonno le diaparo ke dingwe tsa ditlhokego tseo. Kwa tshimologong batho ba ne ba tlamela ditlhokego tse tsa bona ka go tsoma, go roba dijalo go tswa dimeleng tsa tlhago le go nna mo dikgageng. Fa batho ba ntse ba tswelela pele, ditlhokego le tsona di ne tsa tswelela pele, mme ditlhokego tsa ntshodikuno le/kgotsa go dira dithoto tsa nna karolo ya botshelo.



Madi ke eng le gona a tswa kae?

Fa sengwe se rekwa, go dirisiwa madi go se duelela. Madi ke pampiri fela e bile ka dinako tse dingwe re gakgamalela gore “pampiri e ka duelela jang dilo tsa boleng”. Madi a pampiri a simologile ka tselatiriso ya madi. Mo bogologolong dikananyo di diragetse (go ananya kgotsa go emisetsa sengwe le sengwe ka se sengwe sa boleng jo bo lekanang). Sekao, motho o ne a ka ananya kgomo ka dikgetse tse tlhano tsa mmidi. Bothata jwa mofuta o wa thekisanyo e ne e le gore fa o ne o na le kgomo mme o batla mmidi, o ne o tshwanetse go batla motho yo o nang le mmidi mme a batla kgomo ya gago ka mmidi.





Tirego e, e ne e tlhoka matsapa mantsi. Jaanong batho ba ne ba rarabolola bothata ka go batla sengwe se se neng se amogelwa ke mongwe le mongwe. Sengwe se, e ne e le gouta. Jaanong o ne o ka ananya kgomo ya gago ka 30g ya gouta. Gouta e ne e amogelwa ke mongwe le mongwe. Jaanong batho ba simolola go boifa gore gouta e ba nang nayo e ka utswiwa. Gouta e ne ya bolokiwa mo lefelong le le bolokesegileng mme mmoloki o ne a tshwanela go go kwalela mo sekgemetšhaneng sa pampiri gore o na le gouta e e kana kang mo polokelong. Fa o ne o mmontsha pampitshane e, o ne a go busetsa gouta ya gago. 



Jaanong ya nna gore boemong jwa go lopa gouta pele ka sekgemetšhane sa pampiri, ba ne ba ananya pampitshana eo ka se ba se batlang ka gore motho yo ba mo fileng pampitshana, o ne morago a ka ya go lopa gouta eo. Morago batho ba ne ba sa tlhole ba itshwenya ka go lopa gouta ya bona gonne ba ne ba na le sekgemetšhane sa pampiri se se bontshang gore ba na le gouta e e kana kang. Gompieno mongwe le mongwe o amogela madi a pampiri.



Batho ba bona madi jang?

Motho o ka bona madi fela ka go amogela tuelo e a e direlang kgotsa lotseno go tswa kgwebong ya gagwe e e atlegileng.



Lotseno 

Mo lefatsheng la segompieno le le tlhabologileng, dikgwebo, ka tlhamalalo kgotsa e seng ka tlhamamalo, di tlamela ka ditlhokego tsotlhe tsa motho. Ditirelo tse di dirilweng kgotsa dikuno tse go tlametsweng ka tsona, di rekisiwa ke dikgwebo mme madi a a bonweng go tswa ditirelong le dikunong tse ke lotseno lwa kgwebo. Dikao tsa dikuno ke dijo, diaparo, dikoloi, fenitšhara le bonno(ntlo). Dikao tsa ditirelo ke ditirelo tsa kalafi, tlamelo ya sekolo le katiso le ditirelo tsa tlhaeletsano. Kgopolo e ya lotseno e sa ntse e gatelela lebaka la gore gompieno motho o tlhoka madi go itlamela ka bontsi jwa ditlhokego tsa gagwe.



Tshenyegelo

Mo tiregong ya go tsamaisa ditirelo le/kgotsa go ntsha dikuno kgwebo e bona ditshenyegelo dingwe. Ditshenyegelo tse di kgaoganngwa ka ditlhopha tse tharo:



Ditshenyegelo tsa ntshodikuno

Ditshenyegelo tsa ntshodikuno ke tiro ya dipholo mme e ka diragala fela fa go na le ntshodikuno. Ka jalo go na le kgolagano magareng ga bogolo (volume) jwa ntshodikuno le ditshenyegelo. Fa montshadikuno a gama dikgomo di le lesome fela, ditshenyegelo tsa ntshodikuno tsa gagwe jaaka dituelo, dilatswa, furu le ditshenyegelo tsa tsamaiso ya mašwi di nna kwa tlase go na le fa a ne gama dikgomo di le 50. Dikao tsa ditshenyegelo tsa ntshodikuno ke monontsha, peo, dibolayatlhatshana, konteraka, melemo ya loruo, dilatswa, leokwane, badiri ba nakwana, materiale wa go phuthela le ditshenyegelo tsa thekiso.



Ditshenyegelo tse di tlhomameng

Ditshenyegelo tse di tlhomameng di dira karolo ele ya ditshenyegelo gotlhe, e e sa fetogeng mo thulaganyong ya ntshodikuno e e kgethegileng go sa kgathalasege gore a go ntshiwa go le gogolo kgotsa gonnye. Ka jalo ditshenyegelo tse di tlhomameng ga se tsa ntshodikuno mo pakakhutshwaneng. Fela le gale di ka fetoga mo pakateleleng ka ntlha ya phetogo ya thulaganyo ya ntshodikuno.



Fa montshadikuno a agile bogamelo jwa dikgomo di le 50 (leano la ntshodikuno la gagwe), ditshenyegelo tse di sa tlhomamang tsa gagwe tsa bogamelo jaaka morokotso mo khepetleleng le tatlhegeloboleng ya didiriso, e tlaa dula e tlhomame go sa kgathalasege gore a o e dirisetsa dikgomo tse di lesome kgotsa masometlhano. Fela le gale fa montshadikuno a fetola leano la ntshodikuno la gagwe mme a atolosa bogamelo go tshola dikgomo tse 80, ditshenyegelo tse di tlhomameng le tsona di tlaa fetoga ka gore leano la ntshodikuno le fetogile. Dikao tsa ditshenyegelo tse di tlhomameng ke tatlhegeloboleng (e seng madi), merokotso, dituelelo tsa inšorense, rente le badiri ba leruri. Ditshenyegelo di tlhomamisiwa fela fa di setse di dirilwe. Pele terekere e rekwa, ditshenyegelo tsotlhe tsa terekere di a fetoga. Gangwe fela fa terekere e setse e rekilwe, ditshenyegelo tse di tlhomameng malebana le yona, jaaka tatlhegeloboleng, morokotso, dilaesense le inšorense, di tlhomame. Dintlhana tse tsa tshenyegelo ga di fetoge le dipholo mme ka jalo ga di tlhotlhelediwe ke phetogo mo ntshodikunong mo pakakhutshwaneng.



Tatlhegeloboleng 

Tatlhegeloboleng ke tshenyegelo e e seng ya madi ka tlhamalalo, e e amanang le phokotsego ya boleng ya dithoto ka ntlha ya tiriso le go tsofala ga dithoto.



Morokotso le ditshenyegelo tsa tirisomatlole

Morokotso ke tshuiso ka madi ka ntlha ya tiriso ya khepetlele ya boditšhaba kgotsa e e adimilweng.



Ditshenyegelo gotlhe

Ditshenyegelo gotlhe ke palogotlhe ya ditshenyegelo tse di tlhomameng tsotlhe le tse di sa tlhomamang tsotlhe mme di bontshiwa mo setshwantshong 1.1.



Setshwantsho 1.1	































 Ditshenyegelo gotlhe

 







 

 Ditshenyegelo							Ditshenyegelo tsa ntshodikuno

	



 (R)





 					 Ditshenyegelo tse di tlhomameng



 

Dipholo (Y)





Poelo/Tatlhegelo

Poelo e lekana le lotseno fa lo feta ditshenyegelo gotlhe kgotsa ditheko gotlhe kgotsa fa ditshenyegelo di fela lotseno gona go bonwe tatlhegelo.



Lotseno - Ditshenyegelo = Poelo/Tatlhegelo (L - D = P/T)


 

 


Kgotsa go ya ka temothuo





Lotseno - Ditshenyegelo tsa ntshodikuno = Lotseno gotlhe - Ditshenyegelo tse di tlhomameng = Lotsenotota la polase (Poelo/Tatlhegelo)


 

 


Go botlhokwa go tlhaloganya gore fa kgwebo e dira poelo, badiri botlhe gammogo le mong ba amogela madi a ba ka a dirisang go tlamela ka ditlhokego tsa bona. Ka jalo dipoelo di tshwanetse di tswelediwe mo pakateleleng, go gatelelwa botlhokwa jwa mekgwatiriso ya temothuo e e tswelelang. Fela le gale fa kgwebo e ka dira tatlhegelo, dilo di ka fetoga. Le mororo badiri ba amogetse dituelo, mong o tlaa bo a se na lotseno, mme o tlaa tshwanelwa ke go sekaseka kgwebo ya gagwe sešwa go fokotsa ditatlhegelo. Dikgato tse di ka akanngwang di ka akaretsa kgaolo ya badiri. Go leba ka molebo o sele, akanya ka setshwantsho se se latelang.































Setshwantsho 1.2 

										 Ditshenyegelo

									Tatlhegelo

										 Lotseno





R

	 

Poelo

Ntlha ya tekatekanyo









Dingwaga (Nako)



Mo tsamaisong ya nako lotseno le ditshenyegelo tsa dikgwebo tsa temothuo di a oketsega ka ntlha ya lotseno lo lo kwa godimo lwa dikuno (koketsego ya tlhotlhwa) le ditshenyegelo tse di kwa godimo (koketsego ya tlhotlhwa). Fela le gale ntlhakhutlo ya koketsego e ya ka dikhutlo tse di farologaneng, ka jalo phatlha e a tswalega. Go tswelela go nna bokete le go feta go bona poelo. Dikgwebo tsa temothuo ke batsayatlhotlhwa mme ga ba ka ke ba rekisa dikuno tsa bona ka tlhotlhwa e e kwa godimo ka bobona.



Lotseno lo ka okediwa ka ntshodikuno e e kwa godimo go ya ka yunite (mmidi – tono/heketara) le/kgotsa maano a ntshodikuno a a tokafaditsweng (lema/rua ka nepo) le/kgotsa bontshadikuno jo bo oketsegileng. Ditshenyegelo di ka lekanyediwa ka go lwanela ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa ditsenngwateng le/kgotsa maano a ntshodikuno a a tokafaditsweng le/kgotsa go fokotsa ditshenyegelo ka go kgaola badiri le/kgotsa go laola ditshenyegelo ka tiragatso ya ditekanyetso le/kgotsa bontshadikuno jo bo kwa godimo.



Kwa bokhutlong, kgwebo e tlamela ka ditlhokego tsa batho. Kgwebo, le gale, e ka atlega fela fa dipoelo di ka tswelediwa mo maemong a a tswelelang. Fa dipoelo di dirwa mo maemong a a tswelelang mo polaseng mongwe le mongwe o bona mosola go tswa mo poelong. Fa go na le ditatlhegelo tse di tsweletseng mongwe le mongwe mo polaseng o ya go ketefalelwa ka ntlha ya koketsego ya dituelo tse di fokoditsweng kgotsa dikgaolotirong, fela ke mong fela yo o leng mo kotsing ya go latlhegelwa ke sengwe le sengwe go akaretsa le ditsagagwe ka sebele.

