Financial (Maize)									Setswana 

Go tlhaloganya fica fa o bula tshupatlotlo

Instructions: 

Folio strap: Dikgang tsa matlotlo

Byline: Tshedimosetso e baakantswe go tswa inthaneteng.



Bantshadikuno ba bantsi ba itemogetse tshotlego e e boitshegang fa ba leka go bula tshupatlotlo e ntšhwa. Se ke ka ntlha ya gore Molao wa Matlotlo wa Senthara ya Matlhale wa 2001 (FICA) o tlhoka dibanka kgotsa dikgwebo tsa temothuo go nna le tshedimosetso e e kgethegileng ka badirisi botlhe le go baya leitlho le go bega ditirisano tse di belaetsang tse di ka tswang mo dikunong tsa bosenyi.



Lefatshe le fetogile. Koketsego ya bosenyi le borukutlhi e pateleditse dinaga tse dintsi go dira mmogo mo maitekong a go laola petso e. Ditebogo go molao o mošwa le tirisano ya boditšhaba, bathati gajaana ba kgona go itaya disenyi botlhoko fa go botlhoko tota – mo sekgwameng. Disenyi le dirukutlhi di tlhoka madi a seatleng (cash) go tswelela. Di fetolela madi a a seatleng a a kgamathetseng madi a ba a bonang ka tsietso, thekiso ya diritibatsi, go semokola le thukutho go nna madi a a phepa ka go dirisa maina a batho ba ba se nang molato jaaka wena. Se se bidiwang “tlhatso ya madi” (money laundering) mme e bile ga se jele dinaga dibilione ka ngwaga fela, se sa ntse gape se tlamela ka metswedithuso mo borukutlhing jwa boditšhaba go gola. Go kgama kelelo e, puso gajaana e simolotse go diragatsa Molao wa Matlotlo wa Senthara ya Matlhale wa 38 wa 2001.


Go tsamaelana le molao o mošwa dibanka tsotlhe di tlhokiwa go tlhagisa ditirego tse di gagametseng thata mo pulong ya ditshupatlotlo tse dintšhwa. Se se raya gore, gore re tsamae ka fa molaong, di go tlhoka gore o di tlamele ka bopaki jwa itshupo jwa tlaleletso fa o bula tshupatlotlo ya banka e ntšhwa. Molao o sa ntse gape o tlhoka gore tshedimosetso ya sebele ya gago e tlhabololwe gangwe le gape. Ditsamaiso tse di ama e bile di tshwanetse go diragadiwa ke dibanka tsotlhe.



Banka kgotsa kgwebo ya temothuo e tshwanetse go bona tshedimosetso e e latelang mo monning wa Aforikaborwa:

Maina ka botlalo;

Letlha la botsalo;

Nomoreitshupo (fa o le moagi wa Aforikaborwa) kgotsa nomore ya phasepoto le gore o mokae (fa o le moditšhaba);

Aterese ya bonno; le 

Dintlha tsa megala ka botlalo.



Gore ba kgone go tlhomamisa boitshupo jwa gago ba tlhoka:

Bukanaitshupo ya gago e tala ya barakhoutu kgotsa fa bukana ya gago e latlhegile kgotsa e utswilwe, maipolelo a maikano kgotsa pego ya sepodisi; bopaki jwa koposešwa ya bukanaitshupo go tswa go ba Merero ya Selegae; le 

Phasepoto ya gago e e amogelesegileng kgotsa;

Laesense ya go kgweetsa ya mofuta wa karata e e amogelesegang ya gago.

Gore Banka kgotsa kgwebo ya temothuo e netefatse aterese ya gago ya bonno, o tshwanetse go di tlamela ka setlankana se se amogetsweng se se nang le leina la gago le aterese ya lefelo (dinomore tsa Lebokoso la Poso ga di a lekana) kgotsa nomore ya setsha le motsethoko wa bonno.



