Finalist (OPOT) 									Setswana

Kopana le Bafitlhamakgaolakgannye ba Montshakunothoro yo o Tlhabologang wa Ngwaga



Instructions: 

Folio strap: Mofitlhamakgaolakgannye

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 

Photos: Use the various photos



Meja ya kobo e busitswe mme jaanong kwa bofelong re ka bega bafitlhamakgaolakgannye ba bararo ba kabo ya Montshakunothoro yo o Tlhabologang wa 2009. Re rolela Samuel Moloi, William Matasane le Phillip Xaba kola ya tshephe – a sekgele se bonwe ke yo se mo tshwanetseng. Mofenyi o tlaa begwa ka 09 Diphalane, kwa moletlong o o tlaa bong o tshwaretswe kwa Midrand.



Samuel Moloi – Fouriesburg

Samuel o belegetswe kwa polaseng ya Magdalena ka Mopitlwe 31, 1969, koo rraagwe a neng a dira jaaka modirapolaseng; e le mongwe wa bana ba le robedi. O tsene sekolo mo Mashaeng fela ka fa ntle ga Fouriesburg, koo a weditseng Kereite ya 12 teng.



Mo bongwaneng, Samuel o ne a na le go dira mo polaseng fa go kgonega, mme ka gale a lora a ipona a na le polase e e leng ya gagwe. Samuel o nyetse Diane, yo o leng morutabana mo Fouriesburg mme ba tshegofaditswe ka bana ba le bararo.



Samuel ga a na lefatshe lepe le e leng la gagwe mme a re fa e ne e se ka thotloetso ya setlhopha sa Tlhabololo ya Balemirui sa Grain SA, o ka bo gompieno a se mo temothuong. O kgonne go hira lefatshe la mmu o o nonneng mo Mmasepaleng wa Fouriesburg paka ya dingwaga tse tlhano. O kgonne gape go hira lefatshe la tlaleletso go tswa setlhopheng sa badirapolaseng ba ba nnileng bajaboswa ba porojeke ya ntšhwafatso ya lefatshe ba ba neng ba sa kgone go le dirisa ka bobone. Gajaana, Samuel o ntsha dijalo mo diheketareng tse 375 ka thulaganyo ya thefosano ya mmidi, sonobolomo le korong.



Samuel o tlhaloganya botlhokwa jwa mebu e e boteng mo ntshodikunong ya dijalo. O tsamaya a tshotse borommu mo beneng ya gagwe, a tlhotlhomisa mmu o o siameng o a ka o hirang. Ka gore Samuel a se na lefatshe la gagwe, ga a na loruo lope lo lo neng lo ka lekanyetsa temothuo ya gagwe. Le mororo a dirile dikopo tse dintsi kwa Lefapheng la Merero ya Lefatshe, o iteile sefolletse.



Samuel ke motho yo o bonang ditšhono mme a dira leano go dira lotseno lwa tlaleletso. O na le bodirelo kwa Fouriesburg koo a tlamelang le go thula didiriso tsa gagwe teng le go direla batho bangwe ditiro tsa tlaleletso. O na gape le kgwebo ya go rema le go rekisa dikgong.



O beeleditse mo diterekereng le metšhine, fela thoto ya gagwe ya boleng bogolo ke go itekanyetsa ka batho ba ba nang le kitso ba ba ratang go mo ema nokeng le go mo gakolola. Ga a tshabe go tsaya kgakololo e bile o tshwarelela ka bonako. OVK e tlametse Samuel ka thuso ya ntshodikuno ya dijalo tsa selemo, fa VKB e mo thusitse ka matlole a ntshodikuno ya korong.



Samuel o na le badiri ba leruri ba le babedi mme o kwadiseditse Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro (UIF) le Thuiso ya Badiri. Gape o na le letsogo la gagwe la boikanyo – Piniki Hlabu yo o leng rara yo o boineelo le lefika la thuso ya gagwe. Samuel o ikaegile ka ntate Pinki mme o dirisa maitemogelo a gagwe a dingwaga tse dintsi.



Ditlha tse pedi tse di fetileng di ne di le dintle thata mo ntshodikunong ya mmidi mo Foreisetatabotlhaba, fela ga se bantshadikuno ba bantsi ba ba ka ipelafatsang ka thobo ya go feta ditono tse 6 ka heketara mo dingwageng tse pedi tse di tlhomaganang – katlego e motho o ka ipelafatsang ka yona.



Go ntse monate le kgakgamalo go bona tlhabologo ya monna yo – mo dingwageng tse dikhutshwane tse tharo o eme a tlhomogile gare ga banna jaaka montshadikuno wa nnete yo o nang le lorato lwa mmu le temodijalo, gammogo le temogo ya kgwebo e e bogale.



William Matasane – Senekal

William o belegetswe mo kgaolong ya Winburg koo a tseneng sekolo sa poraemari teng mme morago a tsena sekolo se segolo teng mo Winburg. Morago ga sekolo o ne a dira jaaka moapei mo Aventura Resort kwa Allemanskraal go fitlha ka 2004.



Mo dingwageng tsa bongwana tsa gagwe o ne a thusa rraagwe mo polaseng, mme a nna le lorato lwa bolemirui. Ka madinyana a o neng a a bolokile le ka thuso ya kadimo go tswa Land Bank, William o kgonne go reka polase ya Verblyden mo sedikeng sa Senekal. William, mmogo le mogatse Alina le bana ba bona ba bane, ba nna mo polaseng e.



William ke tokololo ya setlhophathutano sa Senekal mme o tsenetse dikhoso tse dintsi tsa katiso tsa Grain SA. O kgonne go duelela polase e ya diheketara tse 397 gotlhelele. Diheketara tse 253 ke tsa temo mme William o sa ntse gape a hirile diheketara tsa tlaleletso tse 380 tsa phulo ya dikgomo le dinku tsa gagwe. O dumela mo thulaganyong ya temothuo e e tlhakaneng ka maikaelelo a go fokotsa mathata.



William o ne a jetse diheketara tse 84 tsa korong ka 2008, ka bomadimabe e ne e se ngwaga o montle wa korong. Ka lesego setlha se sa dijalo tsa selemo se ne se le botoka thata mme dijalo tsa gagwe tsa mmidi le sonobolomo di lebega bontle thata. William a re o jala mmidi ka gonne o jewa ke sengwe le sengwe – batho, dikgomo, dinku le dikoko! William o sokotse thata go bona kadimo ya ntshodikuno ka gonne a wela mo kgaolong e e sa boneng ditirelo sentle go tswa dikgwebong tsa temothuo.



Fa o bua le William o lemoga ka bonako gore ke monna yo o batlang go atlega. O bonako go dirisa dithekenoloji tse dintšhwa le botoka e bile o fetogetse go mmidi wa BT mme o dirisa dithaene go na le mogoma. Taolomofero mo dijalong e laolwa sentle mme go mo pepeneneng gore William o itse se temothuo e e tswelelang le ya dipoelo e leng sona.



O na le botsalano jo bo siameng le baagisani ba bantshadikuno mme o bua bontle thata ka bantshadikuno ba bagwebib ba bane ba ba mo thusitseng mo dingwageng tsa gagwe mo polaseng.



Philip Xaba – Bothaville

Philip ke montshadikuno ka tsalo – o belegetswe mo polaseng ka 1952 mme ka dikgakologelo tsa bonyana jwa gagwe ke thuo ya loruo le ntshodikuno ya dijalo.



Ka 1973 Phillip o ne a simolola go dira jaaka mokgweetsi wa terekere mme morago a ya kwa Senwes kwa a dirileng teng dingwaga di le lesome. Phillip o nyetse Julia mme le mororo Julia a na le tirothutego ya gagwe – ke morutabana kwa Kgotsong ka fa ntle ga Bothaville – o tseneletse thata mo ditirong tsa temothuo mme o thusa Phillip thata mo polaseng.



Phillip ke mong wa polase ya Tweespruit e e ka nnang dikhilometara tse 5 go tswa Kgotsong. Ga a nne mo polaseng le mororo ba le babedi ba badiri ba leruri ba gagwe ba nna koo le go tlhokomela loruo.



Phillip o tsene sekolo go fitlha ka Kereiti ya 3, fela go mo pontsheng gore monna yono ga a ikaelela go kgorelediwa ke go tlhoka thutego e e kwa godimo – o itse se temothuo e leng sona mme o dira temothuo ka poelo. Phillip o rata metšhine thata mme o tlhokomela diterekere le didiriswa tsa gagwe tsotlhe sentle. 



Ke tokololo ya setlhophathutano sa Kgotsong mme o tsenetse dikhoso tse dintsi thata, jaaka Ntshodikuno ya Mmidi le Sonobolomo; Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa polase; Khoso e e tsweletseng ya Ntshodikuno le Thekiso ya Mmidi; Tshekatsheko ya ditlamelwana le Thulaganyo ya Polase. Phillip o bone kadimo ya ntshodikuno go tswa Senwes. 



Polase ya ga Phillip ke diheketara tse 197, mme e dueletswe gotlhe. O kile a bo a na le dithekisi tse a neng a di rekisa go kgona go reka lefatshe le didiriso tse a di tlhokang. O itse gore lefatshe le lennye go mo tsweletsa jaaka montshadikuno yo o feletseng mme o hirile diheketara tse 100 tsa tlaleletso tsa mmu wa temo o o siameng.



Mo setlheng se se tlang, o buisanela go hira diheketara tse 500 tsa tlaleletso go tswa moagisaning yo o se nang kgatlhego ya go lema lefatshe le. Phillip o loga maano mme a dira sentle thata – mme o golagane sentle thata le bantshadikuno ba bagwebi ba tikologo ba ba mo thusang fa a kopa thuso.



Phillip ke montshadikuno yo o bontshitseng gore go a kgonega go dira dipoelo tse di tswelelang mo lefatsheng le lennye – simolola ka go gonnye mme o gole jaaka bokgoni le ditlamelwana tsa gago di letla.



