February									Tswana

Tlhakole – nako ya go gadima setlha sa selemo



Instructions: 

Folio strap: Palopalo ya dimela

Byline: Jane MePherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneo la Tlhabololo la Grain SA

Photo 1: Dipeo tsa mmidi tse dikgolo thata mo diphatlhaneng tsa poleite ya polantere – ga di ise di ke di jalwe.

Photo 2: Pula e ka katela mmu mme ya tlhola tlhamego ya legogo le le popota le le thibelang matlhogelanyana go tlhagelela.

Photo 3: Dimela tsa mmidi tse di jaletsweng boteng thata mme tsa sokola go tlhagelela.

Photo 4: Bongwe jwa mathata a a tlwaelegileng thata morago ga go mela ke tshenyo ka ditshenekegi.



Lethuuthuu la tiro le le tlhagelelang mo setrheng sa jalo ya dijalo tsa selemo sengwe le sengwe le tshwanetse la bo le bepa mme molemi jaanong o mo maemong a go leba kwa masimo go bona dijalo tse di emeng mo go ona. Go solofetswe gore palopalo ya dimela e lekane, gore mmala wa dijalo ke botala jo bontsho jo bo eletsegang, gore ga go na mofero o o gaisanang le dijalo – ka bokhutshwane, gore sengwe le sengwe se bonala sentle go bona pholo e e boitshegang.



Gantsi le gale sengwe le sengwe o fitlhele se sa tsamae sentle ka fa go rulagantsweng mme dijalo mo tshimong ga di dintle jaaka go ne go solofetswe. E ke nako e e maleba go batlisisa dilo tse di ka bong di sa tsamaya sentle.



Palopalo ya dimela – a tota e botlhokwa?

Fa a jala sejalo, molemi o tshwanetse a bo a rulaganya go fitlhelela palopalo ya dimela e e rileng e e atlanegisitsweng. Semela sengwe le sengwe se na le bokgoni jo bo rileng go ntsha dithoro – dintlha tse di lekanyetsang thobo ke go nna teng ga metsi a a mo mmung, dikotla, lesedi le mogote. Palo ya dimela e e ka tlamelwang ka kgaolo ya yunite ya tshimo e ikaegile bogolosegolo ka selekano sa metsi a a mo mmung a a leng teng. Palopalo ya dimela ka kgaolo ya yunite e botlhokwa thata go feta bopharamola jo bo kgethegileng ka gore dimela di kgona go itshtrsa ka tsela e e rileng. Bopharamela mo maemong a temo e e sa nosiweng bo ka farologana go tswa go 0,9 m go ya 2,1 m kgotsa 2,3 m, go ya fela ka didiriso tsa metšhine tse di teng le mofuta wa tshugommu o o dirisitsweng. Mela e e bophara thata e supiwa foo thobo e e solofetsweng e leng kwa tlase, palopalo ya dimela e e eletsegang e leng kwa tlase, pula e leng kwa tlase, foo go nang le mathata ka kgogolego ya mmu ka phefo le foo mefero e tlaa laolwang ka metšhine mo gare ga mela.



Mela e mesesane e supiwa foo thobo e e solofetsweng e leng kwa godimo, koo pula e leng kwa godimo, koo go nang le mothulama mo tshimong le koo taolomofero e tlaa dirwang ka khemikale (ga go kgonege go laola mofero ka metšhine mo meleng e mesesane ka gore terekere ga e ne e nna le gona go tsamaya mo dipakeng tse di fa gare ga mela).



Thobo e e akanyediwang e na le seabe sa botlhokwa mo go tlhomamiseng palopalo ya dimela e e batlegang. Dipalopalo tsa dimela tse di kwa tlase thata di lekanyetsa kgono ya thobo, mme palopalo e e kwa godimo thata e tlisa ngodiego e e oketsegileng mo dimeleng e le yona e fokotsang thobo. Dimela tse di jetsweng motlele gantsi di na le mathata a go tlhaselwa ke malwetse (jaaka polokutu) mme go wa le gona go atile.



Kgaolo nngwe le nngwe le mofutapeo mongwe le mongwe, di na le palopalo ya dimela e e atlanegisiwang. Fa palopalo e e eletsegang e sa fitlhelelwe gona kgono ya thobo e tlaa amega bosula (ka bokhutshwane, ga go ne go nna le dimela tse di lekaneng go ntsha bontsi jwa dithoro jo bo eletsegang).



Palopalo ya dimela e e bokoa e tlholwa keng?

Go na le dintlha di le mmalwa tse di ka tlholang palopalo ya dimela e e bokoa mme ditlhodi tse di amana le dikgato tse di farologaneng mo kgolong ya dijalo.



Melo e e bokoa

Melo e e bokoa ke nngwe ya ditlhodi tse dikgolo tsa kemo ya bofelo e e bokoa. Melo e e bokoa e ka tlholwa ke mabaka a a mmalwa:

Khaliboreišene ya polantere e ka tswa e ne e fosagetse mme ya tlhola gore go nne le peo e nnye e e jetsweng mo tshimong.

Bogolo (size) jwa dipeo bo ka ne bo ne bo fosagetse mo dipolateng tsa polantere e e dirisitsweng (setshwantsho 1).

Dipeo di ka tswa gape di ne di le dinnye mo diphatlhaneng tsa polantere mme go tlhole gore dipeo tse pedi di leke go tswa mmogo ka nako e le nngwe, di thamele mme ga se jalwe sepe.

Mekhenesime wa “ticker” wa polantere o ka tswa o ne o sa dire sentle mme o thuba dithoro jaaka di feta.

Mo dipolantereng tsa mowa, go ka tswa e le gore phefo e ne e se bokete jo bo lekaneng go tshwara peo mo maemong a a nepagetseng go fitlhelela e jalwa.

Ka kakaretso tlamelo e e bokoa ya polantere e tlhola mathata a semotšhine a a farologaneng a le palonyana, se se dirang gore go jalwe peo e nnye kgotsa e e tlhubegileng.

Boleng jwa peo bo ka tswa bo le bokoa – peo e kgologolo, kgotsa peo e e lwalang e e nang le phesentheije e e kwa tlase ya tlhogo.

Mo maemong a a metsi thata, matlhogelanyana a a melang a ka tswa a tlhokile okosijene mo mmung.

Mo maemong a a omileng thata, peo e ka tswa e tlhokile go fitlhelela bongola jwa mmu jo bo lekaneng go tsibosa tlhogo.

Fela fa sejalo se setse se jetswe, pula e e bokete e ka katela bolemo mme e a tlhola go nna teng ga legogo le le popota le le thibelelang matlhogelanyana go tlhagelela fa godimo (bona setshwantsho 2).

Go ka tswa go ne go na le masalela a khemikale mo mmung e e bolayang dimela tse di tlhogang foo.

Mo setlhajalong sa go sa le gale, peo e ka tswa e jetswe fa themphereitšha ya mmu e ne e le kwa tlase go letla tlhogo.

Peo e ka tswa e jaletswe kwa teng mme se sa dira gore semela se palelwe ke go tlhagelela fa godimo (setshwantsho 3).

Ditshenekegi, dinonyana kgotsa diamusi tse dinnye di ka tswa di jele dipeo pele di ka tlhoga.



Tatlhegelo ya matlhogela

Bongwe jwa mathata a a tlwaelegileng thata morago ga tlhogo ke tshenyo ka ditshenekegi – bogolosegolo dibokosegi tse di jang semela fela fa godimo ga boalogodimo (setshwantsho 4).

Dinonyane di ka kuta matlhogelanyana (le mororo gantsi e se bothata jo bogolo).

Mo maemong a a omileng a mmu wa motlhaba, phefo e e fokang e nonofile go katela matlhogelanyana fa a leka go tlhagelela fa godimo.

Sefako se ka tlhola tshenyo e e boitshegang mo matlhogelanyaneng.

Mogote o o feteletseng (jaaka lekhubu la mogote) o ka dira gore matlhogelanyana a gaupane ka go oma.

Serame mo setlheng sa go sa le gale se ka bolaya matlhogelanyana.

Mo mabakeng mangwe, jaaka mo disonobolomong, go tlwaelegile go dirisa rôlôêgê go thuba legogo la boalogodimo le le ka bong le tlhodilwe ke pula mo tshimong e e jetsweng. Ege e ka senya matlhogelanyana.



Tatlhegelo ya dimela moragonyana

Go fudisa dikgomo (loruo) ke bothata jo bogolo mo dikgaolong tse dintsi.

Taolomofero ka metšhine fa gongwe e bolaya dimela – fa dikara tsa ditlhagodi di sa setelwa sentle, le fa mokgweetsi a sa tsepamisa mogopolo mo tirong e a e dirang (fa tiro ya go jala e sa dirwa sentle mme mela e sa lekane e bile e sa tlhamalala, tlhagolo e nna mathata mme e tlhole tshenyo ya dijalo).

Malwetse a ka tlhola tatlhegelo mo dimeleng.

Kgaisano e e bokete ka mefero e ka tlhola tatlhegelo ya dimela.



Tharabololo ya palopalo ya dimela e e bokoa ke eng?

Fa nako e sa ntse e letla, dijalo di ka jalwa gape (le mororo seno se tla le ditshenyegelo tse dikgolo).

Fa go na le mola o o tlhaetseng go tlhoga (ka ntlha ya go sa direng sentle ga polantere) mola o o ka jalwa fela ka bonako fa bothata jo bo lemogiwa.

Go botlhokwa thata gore tse di tlholang palopalo ya dimela e e bokoa di a lemogiwa gore di tle di baakanngwe le go se boelediwe mo setlheng se se latelang.



