February (Maize)									Setswana
Tlhakole – kgwedi ya go sekaseka setlha sa selemo
Instructions:
Folio strap: Production
Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Bantshakuno la Grain SA
Letlhanetlhane la tiro le le diragalang ka setlhajalo sa dijalo sa selemo sengwe le sengwe, le tshwanetse la bo le ya meriting jaanong mme montshakuno o mo maemong a go ema le go bona dijalo tse di emeng mo masimong gajaana. Go solofelwa fa dipalopalo tsa dimela di lekane, le gore mmala wa dijalo ke botala jo bontsho, le gore ga go na mefero e e gaisanang le dijalo – ka bokhutshwane, ke go re sengwe le sengwe se mo maemong a mantle go tlhagisa thobo ya pholo.
Mo mabakeng a mantsi, sengwe le sengwe ga se a tsamaya go ya ka thulaganyo, mme dijalo tse di mo masimong, ga di a siama jaaka go ne go solofetswe. E, ke yona nako e e maleba go tlhotlhomisa dilo tse di ka bong di fosagetse. 
Palopalo ya dimela – a tota e mosola?
Fa a jala dijalo, montshakuno o tshwanetse a bo a rulaganya go fitlhelela palopalo ya dimela e e atlanegisiwang e e rileng. Semela sengwe le sengwe se na le kgonego e e rileng go ntsha dithoro – dintlha tse di lekanyetsang thobo ke go nna teng ga metsi mo mmung, dikotla, lesedi le mogote. Palo ya dimela tse di ka tlamelesegang ka kgaolo ya yunite ya masimo e ikaegile bogolosegolo ka selekanyo sa metsi a a mo mmung se se gona. Palopalo ya dimela mo kgaolong ya yunite e botlhokwa go gaisa bopharamola jo bo kgethegileng ka gore dimela di kgona go thiba tlhaelo eo ka tsela nngwe. Bopharamola mo maemong a temo e e sa nosediweng bo ka farologana go tswa go 0,9m go ya 2,1m kgotsa 2,3m, go ya fela ka didiriso tsa semotšhine tse di gona le mofuta o o dirilweng wa tshugommu. Mela e e sephara thata e supiwa foo thobophopholetso e leng kwa tlase, palopalo ya dimela e e eletsegang e le kwa tlase, pula e e kwa tlase, koo go nang le mathata a kgogolego ka phefo le koo mefero e e tla laolwang ka metšhine fa gare ga dimela. 
Mela e mesesane e supiwa foo thobophopholetso e leng kwa godimo, koo go nang pula e ntsi, koo go nang le mothulama mo tshimong le koo mofero o tlaa laolwang sekhemikale (ga go kgonege go laola mofero semotšhine mo bopharamoleng jo bosesane, gonne go se kitla go nna le sebaka sa terekere mo dipakeng tse di fa gare ga mela).
Thobo e e kailweng e na le seabe se se botlhokwa mo tlhomamisong ya palopalo ya dimela e e tlhokegang. Dipalopalo tsa dimela tse di kwa tlase thata di lekanyetsa thobo e e kgonegang mme palopalo e e kwa godimo thata e isa kwa ngodiegong e e oketsegileng mo dimeleng e gape e fokotsang thobo. Dimela tse di jetsweng motlele gantsi di nna le koketsego ya riseke ya bolwetse (jaaka polokutu) mme go wa go nna bonolo.
Kgaolo nngwe le nngwe le mohutapeo mongwe le mongwe, di na le palopalo ya dimela e e atlanegisitsweng. Fa go sa fitlhelelwe palopalo ya dimela e e eletsegang gona kgonego ya thobo e tlaa amega bosula (ka bokhutshwane, ga go kitla go nna le dimela tse di lekaneng go ntsha boleng jwa dithoro jo bo eletsegang).
Dibako tsa palopalo ya dimela e e bokoa e ka nna eng?
Go dintlha di le mmalwa tse di ka nnang sebako sa palopalo ya dimela e e bokoa, mme dibako tse di amana le dikgato tse di farologaneng mo kgolong ya sejalo.
Melo e e bokoa
Melo e e bokoa ke nngwe ya dibako tse dikgolo tsa seemo sa bofelo se se bokoa. Go na le mabaka a le mmalwa a melo e e bokoa:
Khaliboreišene ya polantere e ka tswa e ne e sa nepagala le go tlhola jalo ya ditlhaka di se kae tsa peo mo tshimong.
Bogolo (size) jwa peo bo ka tswa bo ne bo sa nepagala mo dipolateng tsa polantere e e dirisitsweng.
Gape peo e ka tswa e ne e le nnye thata mo polantereng mme ga tlhola gore ditlhaka tse pedi di leke go tswa ka nako e le nngwe mo phatlheng – tsa thamela mme ga se ke ga tswa sepe go jala.
Mekheniseme wa “ticker” mo polantereng o ka tswa o na le phoso mme o thuba ditlhaka fa di feta. 
Mo dipolantereng tsa mowa, pudulo e ka tswa e se maatla a a lekaneng sentle go tshwara tlhaka mo kemong e e nepagetseng go fitlhelelwa go jalwa.
Ka kakaretso tlamelo e e bokoa ya polantere e tlhola mathata a semekhenike a a farologaneng a le mmalwa a a tsalang go jalwa ga ditlhaka di se kaenyana tse di thubegileng.
Boleng jwa peo bo ka tswa bo le kwa tlase – peo e e tsofetseng kgotsa e e lwalang e e nang le phesente ya melo e e bokoa.
Mo maemong a a metsi thata peonyana e e melang e ka tswa e tlhaetse okosijene mo mmung. 
Mo maemong a a omileng thata peo e ka tswa e tlhaetse go fitlhelela bongola jwa mmu jo bo lekaneng go tlhola melo.
Fela fa peo e setse e jetswe, go ka na pula ya sephaphathela e ntsi mme ya papiela mmu le go tlhola legogo le le thata le le thibelang peo e e melang go tlhagelela.
Go ka tswa go na le masalela a khemikale mo mmung a a bolayang semelanyana se se melang. 
Mo tshimologong ya setlhajalo go sa le gale, peo e ka tswa e jetswe fa themphereitšha ya mmu e sa le kwa tlase thata go letla melo.
Peo e ka tswa e jaletswe kwa teng thata mme se se kgoreletse semela go tlhagelela fa godimo ga mmu.
Ditshenekegi, dinonyane kgotsa diamusi tse di potlana di ka tswa di jele peo pele e ka mela.
Tatlhegelo ya dimela tse dinnye (seedlings) 
Bongwe jwa mathata a a tlwaelegileng thata morago ga tlhogo ke tshenyo ka ditshenekegi – bogolo sebokosegi se se jang semela fela fa boalogodimong.
Dinonyane di ka ja matlhogelanyana a mannye (le mororo se gantsi e se bothata).
Mo maemong a a omileng a motlhaba, phoko (kgogolego ya phefo) e ka hupela ka botlalo fa matlhogelanyana a leka go tlhagelela. 
Sefako se ka tlhola tshenyo e e boitshegang mo matlhogeleng.
Mogote o o tseneletseng (jaaka mo lekhubung la mogote) o ka gaupanya dimelanyana.
Serame, go sa le gale mo setlheng, se ka tshuba dimelanyana.
Mo mabakeng a mangwe, jaaka go ntse ka sonobolomo, ke mokgwatiriso o o tlwaelegileng go dirisa roloege go thuba legogo la boalogodimo le le ka bong le tlhodilwe ke pula mo tshimong e e jetsweng. Roloege e e ka bolaya dimelanyana.
Tatlhegelo ya dimela moragonyana 
Phulo ya loruo ke bothata jo bo boitshegang mo dikgaolong tse dintsi.
Taolomofero ya semotšhine gantsi e tlhola tshenyo mo dimeleng – fa dikara tsa setlhagodi di sa setelwa sentle, le fa mokgweetsi a se kelotlhoko mo tirong e a e dirang (fa tiro ya jalo e sa dirwa sentle le mela e sa tlhamalala le go lekalekana, tlhagolo e fetoga bothata le go tlhola tshenyo mo dijalong).
Malwetse a ka tlhola tatlhegelo mo dimeleng.
Kgaisano e e masisi ka mefero e ka tlhola tatlhegelo ya dimela.
Tharabololo ya palopalo ya dimela e e bokoa ke eng?
Fa nako e letla, dijalo di ka jalwa gape (le mororo se se tla le bokao jwa ditshenyegelo tse di masisi).
Fa mola o le mongwe o tlhaela (ka ntlha ya go sa direng sentle ga polantere), mola oo o ka jalwa ka bonako fela fa bothata joo bo lemogiwa.
Go botlhokwa thata gore dibako tsa palopalo ya dimela e e bokoa di bonwe gore di tle di alafiwe mme di se ke tsa boelelwa mo setlheng se se latelang.
