Farming (Maize)								Tswana



Tota temothuo ke ka ga eng?



Instructions:

Folio Strap : Kakaretso

Byline : Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 

Photos : 



Motlhaope go ka siama go re go tloga kwa tshimologong ya temothuo, jaaka re itse gompieno, lefatshe le le teng go ka diresediwa temothuo mo lefatsheng le lennye thata.



Go na le mekgwatiriso ya ntshodikuno (sekao, ntshodikuno ya haeterofoniki) e e dirang gore ntshodikuno e kgonege kwa ntle ga go dirisa lefatshe jaaka sediriso sa jalo, fela mo bogolong jwa temothuo, lefatshe le le mo ntshodikunong ga le nene, e bile le lennye. Ka kakaretso, temothuo ke ka ga ntshodikuno ya dijo le faeba. Mofuta wa temothuo o o diragadiwang mo kgaolong kgotsa naga e e rileng, o ikaegile mo dintlheng dingwe jaaka tlelaemete, mmu le ngwao. Batho ba ba tshelang ka lefatshe ba na le tlhotleletsego nngwe go fepa le go tlamela bamalapa ba bona – tshireletsego ya dijo tsa lelapa. Ke fela fa ditlhokego tsa balapa di kgotsofaditswe, ntshodikuno e ka fetisediwang kwa maitekong a kgwebo foo kuno e ntshiwang ka bontsi le go rekisiwa go bona lotseno.



Mo dingwageng tse dintsi go lemotshegile gore dinaga tse di kgonang go falola matlhotlhapelo a mofuta ofe le ofe, ke tse di nang le dijo tse di lekaneng. Ka ntlha ya mekgwatiriso ya ntshodikuno ya segompieno ya dijo, dinaga tse dintsi di kgona go ntsha dijo le faeba tse dintsi go feta ka fa tota ba di tlhokang ka teng go itlamela. Dinaga tse di tlhabologileng di le dintsi di ntsha dijo tse dintsi go na le ka fa di di tlhokang, mme go ya ka dintlhana tsa seikonomi tsa motheo, lebaka la gore tlamelo e feta patlego, go tshwanetse gore go nne le phokotsego ya tlhotlhwa, se se tla pateletsang bantshadikuno bangwe go emisa go jala sejalo seo. Mo dinageng di le mmalwa, bantshadikuno ba amogela ketleetso gore ba tle ba tswelele ka ntshodikuno eo, ka gore mmuso wa naga eo o batla go netefatsa gore naga ka bophara e sala go nna le tshireletsego ya dijo.



Dinaga tse di ntshang dijo go feta ka fa di di tlhokang, di romela ntle lefetiso kwa dinageng tse dingwe. Fa gongwe dijo tse di ka gorosiwa kwa nageng e nngwe ka tlhotlhwa e e kwa tlase go na le ka fa naga eo e ka ntshang dijo tsona tseo ka yona. Se e ka nna ka ntlha ya diketleetso, fela gape e ka nna ka ntlha ya tlelaemete e e siametseng ntshodikuno ya sejo seo thata (sekao, bantshadikuno ba New Zealand ba ka kgona go ntsha mašwi ka tlhotlhwa e e kwa tlase go tswa mafudisong a bona mme ka jalo ba kgona go romela mašwi ntle kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe koo ditshenyegelo tsa ntshodikuno di leng kwa godimo).



Jaaka go umakilwe, lefatshe le le gona go dira ntshodikuno ya dijo le faeba mo nageng nngwe le nngwe le lennye thata. Go nna le tshireletsego ya dijo ya naga eo, go botlhokwa thata gore lefatshe leo le tswelela go ntsha dikuno. Fela le gale lefatshe le ka sala fela go ntsha dikuno fa bantshadikuno ba ka dira poelo mo ntshodikunong. Ga jaana re mo nakeng tsa kukama ka gore ditshenyegelo tsa ntshodikuno ya mmidi, sonobolomo, mabele le dinawa tsa soya e tlhatlogile thatathata mme se se tshosetsa poelo mo ntshodikunong ya dithoro.



Re ka gakolola bantshadikuno go dira eng?

Re gakolola bantshadikuno gore ba se ke ba jala kwa ntle ga gore ba bo ba na le mmaraka wa kuno eo ka tlhotlhwa e ka tono e fetang ditshenyegelo tsa ntshodikuno.

Re tshikinya gore fa o jalela go iphepa fela, dira jalo gore wena le balapa ba gago lo nne le tshireletsego ya dijo tsa balapa.

Morago ga go tlhomamisa tshireletsego ya dijo tsa balapa, leka go batla mmaraka, mme o jalele fela go itumedisa mmaraka oo.



Jaaka setlhajalo se simologa re go eleletsa katlego yotlhe, Kgotso, Pula, Nala - Peace, Rain and Prosperity.

































