Farmer of the year (Maize) 								Setswana
Basupiwa ba Montshakunothoro yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa 2011
Folio strap: Montshakunothoro wa ngwaga 
Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Bantshakuno la Grain SA 
Photos: 
Judges: Ditokololo tsa phanele e ne e le Karabo Peele, Jane McPherson, Gerhard Mamabolo, Jenny Matthews, Dirk van Rensburg le Willie Kotzè
Koos: Koos le Lydia Mthimkhulu mo phaposiboapelong ya bona.
Thando: Thando Lolwane o ipaakanyetsa go bereka mo masimong a gagwe,
Malefane: Malefane Makubo o tlhalosa Lorato lwa gagwe mo temothuong.
John: John Dipane mo masimong a gagwe.
Boy: Boy Mokoena o bontsha phanele sonobolomo ya gagwe.
David: David Motswene mo masimong a gagwe.
Go batla go sa kgonege go akanya gore re fitlhile mo nakong ele gape ya ngwaga. Monongwaga re sweditse go etela bantshakuno go sale gale monongwaga e le gore re tle re bone dijalo fa di sa ntse di le ditala.
Re tsamaile go tloga ka 11 go ya 14 Moranang mme ditokololo tsa phanele e ne e le Karabo Peele (Maize Trust) Gerhard Mamabolo (AGRISETA). Jenny Matthews (setlhopatiro) Dirk van Rensburg (setlhopatiro), Willie Kotzè le Jane McPherson (batlhankedi mo lenaneong).
Re ne re itumetse thata fa Volkswagen ya Klerksdorp e ne e re rebolela sepalamo go se dirisa mo loetong lwa rona ka jalo re kgonne go tsamaya rotlhe mmogo. Basupiwa ba Montshakunothoro yo o Tlhabologang wa 2011 ke ba ba latelang;
Koos Mthimkhulu
Koos o belegwe kwa Paul Roux mo polaseng ya ga Julius Bobbert. O tsene sekolo mo sekolong sa polase sa selegae go fitlha ka Seema 1. Go tloga bonyaneng o ne a tshameka le barwa ba montshakuno go fitlhelela a simolola go dira ditiro dingwe mo polaseng. O simolotse kwa tering a gama dikgomo, a dira ka dikgomo tsa nama le loruo lo longwe, morago a gola go kgweetsa diterekere le go dirisa didiriso tse di farologaneng, kwa a dirileng dingwaga tse tlhano teng. Koos o ne a nna mokgweetsi wa toroko mo polaseng le go simolola go weletela mo bodirelong jwa polase, a baakanya le go aga didiriso. Fa a le dingwaga tse 26 o ne a fudugela kwa polaseng ya Mieliebutt ya ga Frikkie du Preez koo a ithutileng go le gontsi ka ga didiriso, go weletela le go jala dijalo.
Frikkie o ntse le seabe se segolo mo tlhabololong ya ga Koos go tswa kwa go nneng modirapolaseng go ya kwa go nneng montshakuno wa bogwebi. O fitlheletse maitemogelo a le mantsi thata fa a direla Frikkie. Gape Frikkie o mo rekiseditse didiriso di le mmalwa tse Koos a neng a kgona go di duelela fa madi a le teng. Ka go dirisa didiriso tse Koos a di rekileng mo go Frikkie, o ne a nna rakonteraka le go direla bantshakuno ba ba tlhabologang ba bangwe mo kgaolong ya Senekal. Tiro ya konteraka e ne ya dira lotseno lo a lo dirisitseng go duelela gotlhe didiriso tsele.
Koos o ne a bona diterekere tsa John Deere 3140 le Massey Ferguson 265 le didiriso dingwe go dira tiro ya bokonteraka. O ne a beeletsa mangwe a madi a o a boneng go tswa mo kgwebong ya bokonteraka mo dikgomong. Morago o ne a hira diheketara di le 55 tsa lefatshe la temo koo a neng a jwala mmidi le go roba palogare ya ditono tse 3 ka heketara mo ngwageng ya ntlha. O ne a abelwa polase ya Astoria ke Lefapha la Merero ya Mafatshe ka 2007 koo a dirang teng gajaana jaaka molebeledi wa montshakuno. Koos ke montshakuno yo o kgonang tota mme a re o itumelela thata kemonokeng e a e boneng go tswa Grain SA le Lefapha la Merero ya Mafatshe le se ba se mo diretseng, fela o lemoga gore ntshokuno ya “cash crops” mo mmung o o botlhofo ga e ka ke ya itshegeletsa fa go iwa pele. Dikonteraka di ntšhwafadiwa ngwaga le ngwaga mme konteraka ya gajaana e a e saenneng le Lefapha la Merero ya Mafatshe e simologa ka 10 Ngwanaitseele 2008 go ya Ngwanaitseele 2009, ka tšhono ya go ntšhwafatsa ke Lefapha ngwaga le ngwaga fa polase e dirisiwa sentle le go tlhokomelwa. Mo malobeng bantshakuno ba ne ba kgona go ka reka lefatshe, fela pholisi e fetogile mme ga go a tlhapa gore a Koos o tlaa tswa a kgona go reka lefatshe. Go fitlha gajaana ba Merero ya Mafatshe ba itumetse thata ka tiragatso e ba e boneng mme ba supile fa koneteraka ya bolebedi e tlaa ntšhwafadiwa.
Ka Koos a tshwenyegile ka poelo mo ntshokunong ya dithoro mo mebung ya kgono e e kwa tlase mo sedikeng sa Senekal, o batla go oketsa kgwebo ya bokonteraka. Gape o batla ya kgono e e kwa godimo e a ka e dirang ntshokuno ya mmidi le sonobolomo. O batla gape go oketsa palo ya dikgomo tsa nama mo polaseng. Dingwe tsa ditshwenyegokgolo tsa gagwe di akaretsa boatla jwa se se diragalang mo Lefapheng la Temothuo mabapi le go abela bantshakuno didiriso. Koos o eletsa go godisetsa kabometsi ya gagwe kwa dikampeng tsotlhe tsa polase, a reke dikgomo tse dingwe le go tlhoma mafulo a a jetsweng a leruri mo mebung e e lepapadia. 
Koos ke sekao se se siameng thata sa mongwe yo o simolotseng a se na sepe le go dira ka natla go fitlhelela kwa godimo kwa a leng teng gompieno. Go jesa monate tota go mo etela kwa polaseng ya gagwe gonne sengwe le sengwe se tlametswe sentle le go tsholwa ka manontlhotlho mo segotlong. Didiriso tsa gagwe tsotlhe di tlhokometswe thata le go bolokwa mo setorong. O nyetse Lydia, mme ba tshegofaditswe ka bana ba le bararo, barwadi ba babedi ba ba setseng ba nyetswe ka bobedi jwa bona le morwa Clifford. Mongwe wa bomorwadie. Petunia, ke sealogane sa tsa temothuo yo o dirang jaaka molemisi kwa kgaolong ya Ficksburg. Clifford o dirile khoso ya dingwagapedi mo tsamaisong ya thekiso le temothuo, a dira mo sepodising ngwaga tse pedi mme gajaana o nna mo polaseng leruri, mme o dira temothuo le rraagwe. O nonofile thata ka fa semekhenekeng, se se bonalang sentle ka maemo a a kgatlhisang thata a didiriso tsa gagwe. Koos le lelapa la gagwe ba nna mo polaseng mme ke sekao se se siameng sa mofuta wa ntšhwafatso e e tlhokegang mo lephateng le. 
Thando Love Lolwane
Thando o belegetswe kwa Gelukspan (Bapong) ka 1957. Ke mosimane wa borobongwe wa bana ba le lesome le bobedi ba ga Stention le Francinah Lolwane. O simolotse sekolo kwa Sekolopotlaneng sa Motswenyane go tloga 1966 mme a se tlogela ka 1971 morago ga Seema sa 6 (Kereite 7)
O simolotse go dira kwa Stilfontein Panelbeaters ka 1997 jaaka modiri fela mme a tlogela go ya go dira kwa Marico Foodstar jaaka motsamaisi wa motšhine dikgwedi di se kae. O ne gape a ya go dira kwa Stilfontein Goldmine a le mokgweetsi wa terena ya ka fa tlase ga lefatshe.
O nyetse Atholia Lolwane mme ba segofaditswe ka bana ba le batlhano, basetsana ba banedi le basimane ba bararo. Leitibolo la gagwe Jacob (32) gajaana o dira mo Lefapheng la Pholo kwa Schweizer Reneke, Progress (30) o dira kwa Lefapheng la Tlhabololo ya Loago; Gladwin (28) o ne a direla Lefapha la Phemelo mme gajaana o dira le rraagwe mo polaseng. Primrose (24) o dira dithuto tsa temothuo kwa kholetšheng ya Taletso FET fa e le Nomvuyo (16) ene o dira Kereiti ya 10 kwa Sekolosegolong sa Bethel. Gladwin o na le kgatlhego e ntsi thata mo temothuong e bile o thusa rraagwe mo polaseng 
Thando o simolotse temothuo ka 1982 ka go thusa rraagwe. Ka 1983 o ne a kgona go bona kadimo ya madi mo Agribank (Bophuthatswana) mme a simolola go lema ka diheketara tse75 tsa gagwe ka terekere e le nngwe. Ka 1989 o ne a setse a rekile terekere e nngwe ya Ford 6010. O rekile polase ya diheketara di le 400 mo Klippan le go hira polase e nngwe ya diheketara tse 249 kwa Lareystryd e bile o hirile gape lefatshe la morafe mo Gelukspan. Ka 2008, Thando o ne a fenya go nna New Harvest Farmer wa Ngwaga wa Toyota. Go ya ka Thando temothuo ke botshelo!
Malefane Makubo
Malefane o belegetswe mo Petrus Steyn ka 25 Lwetse 1949. O goletse mo polaseng ya ga rre CA Claasen mo kgaolong ya Petrus Steyn. O simolotse sekolo le go wetsa Kereite 4 mo Sekolopotlaneng sa Danielsrus gaufi le Petrus Steyn. Malefane o ne a rata polase mme o simolotse go dira mo polaseng a le dingwaga di le 12. O ne a setse a thapilwe leruri mo polaseng fa a le dingwaga di le 15. Malefane a re ka nako eo o ne a amogela disente tse 50 ka kgwedi mme o ne a kgona go amogela moputso o o tletseng (R2 ka kgwedi) fa a kgona go rwala kgetsi ya 200lb ya mmidi mo tlhogong. 
Malefane o ne a tlogela mo polaseng eo le go direla VKB - a re o ne a amogela mo go itumedisang mme se sa mo kgontsha go nyala mosadi wa gagwe (e ne e le R10 ka kgwedi). Morago ga dingwaga montshakuno wa mogwebi o ne a mo kopa go boela kwa polaseng. A re ba ne ba tshela sentle e bile o ne a newa tebogo (bonus) ya dikgetsi tse 20 tsa mmidi morago ga thobo se e ne e le madi a a itumedisang tota!
Malefane o ne a batla go dira kwa ditoropokgolong mo madirelong a go aga mme a hudugela kwa Qwa-Qwa gore “pasa” ya gagwe e tle e mo kgontshe go tswa ka kgaolo. Ka 1990 Malefane o ne a swetsa go tlogela botshelo jwa ditoropo le go boela gae kwa Qwa-Qwa mme a reka polase. Kwa tshimologong o ne a e hirile (R3 500 dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro), mme o ne kwa morago a kgona go reka polase e ka thuso ya kadimo go tswa Landbank eo a setseng a e duetse yotlhe ka botlalo. O ne a reka polase ya diheketara tse 560 eo diheketara tse 200 tsa yona e leng lefatshe la temo. 
Malefane a re o itiretse maikemisetso a gore a duele dikadimo tsa gagwe fa a bona lotseno go tswa mo polaseng – ditlhoko tsa gagwe di ne di tla morago ga dituelelo di fitlheletswe. O setse a duetse dikadimo tsotlhe tsa gagwe mme jaanong o dira temothuo ka Korong, mmidi, dosoyabini, dinawa, dikgomo tsa nama e bile o na le teri e nnye. Malefane o dumela mo isagweng mme o itumelela temothuo.
John Dipali 
John o belegetswe mo polaseng ya Vaalbank mo sedikeng sa Senekal. O tsene sekolo go fitlha kwa Kereiting ya 6 mo sekolong sa Dipolase sa Vaalbank. Morago ga go nna mo polaseng dingwaga di le nne, o ne a ya go direla Lefapha la Ditsela ka 1970 a le mokgweetsi wa segopatsela. O diretse Lefapha la Ditsela le Ditiro tsa Setšhaba dingwana di le 23. John o nyetse Jeanette (yo o rutileng dingwaga tse 30 mo Sekolopotlaneng sa Senekal, e bile bana ba bona ba setse ba nyetse/nyetswe).
John le ditsala di le nne ba ne ba reka polase ya Rooikoppies mme ka 2005 ba e rekisetsa rre Mohapi. John o ne jaanong a reka polase ya Concordia ka thuso ya Lefapha la Merero ya Mafatshe ka 2005. O setse a na le “title deed” ya polase e. Go fitlha gajaana o itumelela thuso e a e boneng go tswa go Lefapha la Temothuo la Merero ya Mafatshe le Grain SA. Ke montshakuno yo o kelotlhoko. Polase ya gagwe ke palogotlhe ya diheketara di le 277 mme o hirile gape diheketara tse 114 tsa tlaleletso tsa lefatshe la temo. 
Dingwe tsa dikgwetlho tse di mo jesetsang kgobedung ke ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tse di kwa godimo le ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa dithoro. Mekgwatiriso ya temothuo ya gagwe e siame e bile o dira ka didiriso tse di siameng mo polaseng. Ka gonne John a sa tlhole a le mošwa, o rulaganya le go gokaganya dilo tsa gagwe sentle gore a tle a kgone go dira dilo tsotlhe sentle ka nako e e siameng.
Boy Mokoena 
Boy o belegetswe mo Middleburg ka 1948 mo polaseng e batsadi ba bagwe ba neng ba dira mo go yona. O nyetse mme o na le bana ba le bane. Ga a ise a ke a tsene sekolo mme mo bosimaneng jwa gagwe o ne a nna le Lorato lwa go disa. Mo malatsing ao go tsena sekolo go ne go sa patelediwe, ja hee, lorato lwa gagwe lwa tlhago lwa gola.
O simolotse go dira ka go dira mo dipolaseng tsa bantshakuno ba bagwebi mme a tlhatloga jalo mo tirong go tswa go modiri fela go nna mokgweetsi wa terekere le go feleletsa a le foromane. Jaaka modisa wa maloba, o na le lorato lo lo tseneletseng mo thuong ya dikgomo. Gajaana o na le motlhape wa dikgomo tsa bogwebi di le 200 mo polaseng ya gagwe. 
Dingwaga di ka nna lesometlhano tse di fetileng Boy o ne a na le dikgomo di ka nna makgolorobedi tsa mohuta wa nama, mme nngwe ya diphoso tse di boitshegang tse a kileng a di dira e ntse go rekisa dikgomo tsa gagwe go tlamela didiriso tsa temo le go jala dijalo tsa akeronomi. Boy o ne gape a na le senthaphaefote e e nosetsang diheketara di ka nna 40 mo polaseng ya gagwe, e e neng ya tlhongwa dingwaga tse tlhano tse di fetileng, ka bomadimabe dikheibole tsa senthaphaefote le seteišene se se pompang sa teng di utswilwe. 
Le fa a ne a sa rutega, Boy ga a ka a lomeletsa bana ba gagwe ka go sa ba tsenyeng sekolo. Bana ba gagwe ba bararo ba tlogile mo dikgaolong tsa magae mme ba tsweletse sentle thata kwa dikgaolong tsa setoropo. Morwadie o mo thusa ka tsamaiso le merero mengwe ya matlole mo polaseng.
Ka bomadimabe Boy ga a kgatlhiwe ke sepe fela ka setlha se se tlang. E tlaa bo e le tatlhegelo e e boitshegang go ka latlhegelwa ke montshakuno yo o gaisang yo o itirelang dilo tsotlhe ka boena.
David Motsweni 
David o belegetswe mo Middleburg ka 1949 mo polaseng ya Patatfontein. O ne a tlhola a thusa rraagwe le rraagwemogolo mo polaseng mme lorato lwa temothuo lwa tsalega mo bonyaneng jwa gagwe. Ba ne ba tlwaetse go lema ka mok gwa wa bogologolo wa “derde deel” foo ba neng ba lema masimo ka dipholo, le go tlamela ka ditsenngwateng mme e re fa nako ya thobo e tla ba bo ba amogela fela nngwetharong ya dijalo.
Tlamelo ka matlole ya ga David e tswa mo go ena gonne a na le dikgwebo tse dingwe jaaka boruakolobe jwa Naga jo e leng kgwebo ya temothuo e e tsweletseng le go tlamelega sentle. O dumela mo go tsholeng kgwebo nngwe le nngwe ya temothuo e ikemetse ka boyona mme fa e sa atlege o a e tswala. O reka peo ya gagwe ko Monsanto mme ga a dirise dipeo dipe tsa GM. Dikhemikale o dire ka mo Quemico, fa monontsha o tswa kwa Sasol Nitro. O siame thata ka batlamedi ba ditsenngwateng ba gagwe ka gonne fa e re diotara di sena go goriswa ba ba ba nyelela. 
David ga a rata go tshwaela ka seabe sa Puso mo Temothuong le mo tlhabololong ya bantshakuno. O dumela gore katlego ya gagwe e mo diatleng tsa gagwe le mo matloleng a gagwe, e bile karolo ya katlego ya gagwe le gore ga a dumele mo go tlhabanyetseng – go tsela e le nngwe fela mm eke tsela e e nepagetseng.
Matshosetsi a magolo tswelelopeleng ya gagwe ke matlhotlhapelo a tlhago jaaka komelelo, sefako kgatosa masetlapelo a tlhago afe kampo afe. Matshosetsi a mangwe ke go tlhatloga le go wa ga mebaraka koo ditsenngwateng di sa tshwanelaneng le dipoelo le go tlhoka taolo mo ditlhotlhweng ka ntlha ya ntshokuno e e feteletseng. 
David o rata go atologa le go jala diheketara tse dintsi fela ga a na kgono ya tirisometšhine go dira jalo. Phaoolo mo dingwageng tse di tlang e tla nna mo go sekasekeng mebaraka ka nepo le go jala dijalo tse di nepagetseng jaaka di tlhokiwa ke ditlhoko tsa ikonomi go falola. 
Kgaisano e e gagametse tota fela re itumetse go bega gore bafitlhelelamakgaolakgang ba bararo ke Thando Lolwane, Malefane Makubo le Koos Mthimkhulu. Re ba eleletsa katlego yotlhe. 
