Farmer (Maize)										Setswana 
Montshakuno wa Ngwaga wa 2010 – Foreisetata e tsere sekgele gape!
Instructions:
Folio strap: Montshakuno wa ngwaga 
Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Bantshakuno la Grain SA 
Photo: William Matasane, Montshakuno wa Ngwaga wa 2010 wa rona.
Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng go ntse go na le kgaisano e e edileng magareng ga diporofense tse di jwalang dithoro tsa botlhokwa di le pedi, Foreisetata le Bokonebophirima.
Fa e sale tshimologo ya kgaisano ya Montshakuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa Grain SA, go ntse le bafenyi ba ba latelang:
Ngwaga 
Montshakuno wa Ngwaga 
Porofense
2002
Karabo Peele 
Bokonebophirima
2003
Stephen Matshididi
Foreisetata
2004
Paul Morule
Bokonebophirima
2005
Moss Malo
Foreisetata
2006
Lasarus Mothusi
Bokonebophirima
2007
Lepati Macaphasa
Foreisetata 
2008
Labious Manoto
Bokonebophirima
2009	
Samuel Moloi
Foreisetata 
2010
William Matasane
Foreisetata
Jaaka go bonala ba le batlhano ba bafenyi mo go ba le robong ba tswa mo Bokonebophirima, mme ba le bane ba tswa kwa porofenseng ya Foreisetata. 2011 e tlaa nna ngwaga wa phenyo ya bommapodi go bona gore ke porofense efe e e tlhagisang bantshakuno ba ba gaisang!
William Matasane o tota a le mofenyi wa botlhokwa wa monongwaga. Yo ke monna yo o tlhophileng temothuo jaaka boiphidiso mme o e dira ka maatlametlo. Jaaka go builwe mo dikgannyaneng tse di fetileng, William o dira temothuo ka go lema mmidi le sonobolomo, o na le motlhape o o bonalang wa dikgomo tsa nama le dinku di se kae. O itheketse polase, mme o hira lefatshe la tlaleletso go atolosa tiro ya gagwe, William ke rralapa yo o ineetseng le mothapi yo o kgathalelang badiredi – mofenyi go tswa ntlheng tsotlhe. Ra re mo go ena – nelwa ke pula!
