Farmer (Maize) 								Tswana



Temogo ya bonontlhotlho mo madirelong a mmidi



Instructions:

Folio Strap: Go tlhabolola montshadikunothoro wa ngwaga

Byline : Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA

Photos : Labious, Labious 2

Caption 2 : Neels Ferreira (Grain SA), Johan Kriel (mogokaganyi wa porofense), Labious Manoto le Tonie Loots (mogokaganyi wa porofense).

	

Mofenyi wa kgaisano ya Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa Grain SA o begilwe kwa maitseboeng a mabono a a neng a tshwaretswe kwa The Theatre on the Track mo Kyalami, ka 17 Diphalane, 2008. Ka kgaisano e, Grain SA e rata go lemoga bonontlhotlho mo madirelong a temo a mmidi magareng ga bantshadikuno ba ba tlhabologang le go tlamela ka batsewasekao mo go ba ba tsenang mo madirelong.



Go ne ga tlhaolwa bagaisani ba le barataro go gaisanela Kgaisano ya Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa 2008. Ke ba ba latelang:



Deliwe Ntebele-Mutlwane, go tswa Delareyville Bokonebophirima;

Boy Mokoena go tswa Bronkhorstpruit, Mpumalanga;

Labious Manoto go tswa Mooifontein, Bokonebophirima;

Samuel Nyambose go tswa Paul Roux, Foreisetata;

Samuel Moloi go tswa Fouriesburg, Foreisetata; le 

Isaac Khuto go tswa Ficksburg, Foreisetata.



Montshadikuno yo o Tlhabologang wa monongwaga ke Labious Manoto go tswa sedikeng sa Mooifontein mo Bokonebophirima. Re rata go akgola Labious mmogo le batsenelamakgaolakgang ba bangwe botlhe ka katlego e e manontlhotlho e.



Fa tlase go latela ditshwaelo tse di mmalwa ka ga Labious, tse di dirilweng ke ditokololo tsa basekaseki morago ga go mo etela.



Lawrence Luthango

Dikgono – Modiri wa senatla yo o boineelo. O na le maitemogelo. O na le kitso ka kgwebo ya gagwe.

Dikatlanegiso – O siametse go nna montshadikuno wa mogwebi.



Jerry Mthombothi

Dikgono – O na le diterekere le didiriso tsa polase tse di lekaneng. O itse se a se dirang, dijalo tsa gagwe di dintle, le didiriso tsa gagwe di sale mo maemong a mantle. Mabolokelo le bodirelo di siame.



Johan Kriel

Dikgono – o na le lefatshe, o na le didiriso, o na le barwa ba le babedi ba ba berekang le ena, e bile o na le maitemogelo a dingwagangwaga.



Willie Kotzé

Dikgono – O na le temothuo e e kopaneng e e siameng ya mmidi, sonobolomo, dinku le dikgomo. Ke montshadikuno yo o itshetletseng yo o nang le maitemogelo a dingwaga. O na le motseletsele wa diterekere le didiriso tsa tsona, gammogo le mabolokelo le bodirelo jo bontle. O na le kitso e ntle le go tlhaloganya temothuo mme o itse se a se dirang le gore o se direlang. O dirisa batlamedi ba ditlhagisokuno go bona kgakololo – peo, monontsha le dikhemikale.

Makoa – Monna yo o setse a fedisitse dintlha tsa makoa a gagwe e bile o dira temothuo e e nang le poelo e bile e e tswelelang.

Dikatlanegiso – Montshadikuno yo o dira sengwe le sengwe sentle mme o fitlheletse seemo sa montshadikuno wa mogwebi.



Jane McPherson

Dikgono – O na le maitemogelo a temothuo a mantle le kitso e e tebileng ya temothuo. O na le mmu o montle o o dirisiwang sentle le maatla a diterekere a a lekaneng le didiriso.

Katlanegiso – Tswelela ka tiro e e manontlhotlho e.



Tonie Loots

Dikgono – Maitemogelo a a siameng, mmu le pula tse di siameng gammogo le diterekere le didiriso tse di siameng.

Makoa – Taolomofero e tlhoka go tlhokomelwa – bogolosegolo motlho, thekiso ya gagwe e ka tokafadiwa.

Dikatlanegiso – Tsweletsa maatla a terekere a a lekaneng ka katoloso ya masimo. Tlhotlhomisa ka masimo a nosetso.



Amos Njoro

Dikgono – O na le kitso e e boitshegang ka se a se dirang.

Dikatlanegiso – O tlhoka go nna le seabe se segolwane mo malatsing a balemirui le dikhoso go bona diphetogo le kitso tse di botoka le tsa gajaana.



Jenny Mathews

Dikgono – Monna tia – ka ditlhako tse dikgolo – motlhala o mogolo – o o tlhokang go salwa morago. Motsewasekao yo o ka rotloetsang ba bangwe – bogolosegolo bomorwae. O rotloetsa tshepo ya gore isagwe ya temothuo mo diatleng tse di tshwanang le tsa gagwe e sireletsegile. Le mororo a sotlegile le go gwebelelwa, o atlegile go bonala. Ke a mo tlotla le go mmoifa. Yo ke monna yo o itlhaolang mo gare ga banna. Jaaka montshadikuno o sa ntse a gola mme ga a tshabe go ipolela dikgaolo tsa bokoa foo a tlhokang thuso - e a tlaa netefatsang gore o a e bona.

Katlanegiso – Montshadikuno wa Ngwaga wa 2008.



