Farmer 2 (Maize) 									Setswana



Molemipotlana wa Ngwaga wa Kapabotlhaba – mofenyi ke…

Instructions: 

Folio strap: Molemipotlana wa Ngwaga

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Montshakuno la Grain SA

Photos: Bruce Nqezo, Simphiwe Tshabu, Leonard Nondonga, Colbert Timakhwe le Caledon Quta. 



Batlhophiwa gammogo le bafitlhamakgaolakgang a Molemipotlana wa Ngwaga wa Kapabotlhaba ba setse ba begilwe. Mofenyi o tlaa begwa kwa moletlong wa 250 Ton Club ka Phatwe 26, 2010. Bona ba a latela:

Bruce Nqezo

Bruce o na le dingwaga di le 56 mme o belegetswe kwa Kwadike A/A kwa Lusikisiki. O weditse lokwalo lwa matiriki mme a ya go dira kwa Gold Fields mo Vaal Reefs go tswa 1974-1976. O ne a boela gae mme a dira jaaka mokgweetsi wa terekere mo Lefapheng la Temothuo mme gape a nna Mothusamotlhabolodi. O nyetse ka 1984 mme o na le basimane ba bararo le basetsana ba babedi. Mongwe wa basimane ba gagwe o kwa setheong sa thuto e kgolwane fa bana ba bangwe ba sa ntse ba le mo sekolong sa Sekontari. Bruce o ne a kgaolwa mo tirong ka 2000 mme morago ga foo a simolola go ntsha mmidi mo tshimong ya diheketara tse pedi. Gajaana o ntsha mmidi, dinawa le ditapole mo tshimong ya diheketara tse tlhano.



Simphiwe Tshabu 

Simphiwe Elliot Tshabu o belegwe ka 1956 mo Kgaolotsamaisong ya Ntshiqo mo Tsolo. O tsene sekolopotlana go fitlha ka mophato wa 4 (Kereiti 6). O dirile kwa maemelakepeng kwa Cape Town dingwaga di le thataro mme gape a dira kwa Vandarly Esco dingwaga di le 20. Ka 1997 o ne a boela gae mme a simolola ka thuo ya dinku le dikgomo. Go sa le jalo o ne a jala mmidi, dinawa le ditapole mo masimong a mo motseng. O nyetse ka 1982 mme ena le mosadi wa gagwe ba na le bana ba le barataro, basimane ba le bararo le basetsana ba bararo. Mosimane a le mongwe o a dira fa ba bangwe ba sa le mo sekolong. Ka ntlha ya kgaolotirong mo meepong le botlhokatiro, Simphiwe o ne a swetsa go dirisa lefatshe le le teng le a ka le bonang go ntsha dijo le go dira lotseno. Gajaana o ntsha mmidi mo tshimong ya diheketara tse 14.



Leonard Nondonga – mofitlhamakgaolakgang

Leonard Nondonga o belegwe ka 1950 mo Kgaolotsamaisong ya Njezweni. O tsene sekolo go fitlha ka mophato wa 6 (kereiti 8). O dirile mo madirelong a meepo a Rustenburg le mo meepong ya polatinamo go tloga ka 1981 go ya 1988. O nyetse ka 1977 mme o tshegofaditswe ka basimane ba batlhano – ba babedi ba a dira, fa ba bararo ba sa le mo sekolong. Ka 1999 o ne a kgaolwa mo tirong mo mmaeneng. O ne a boela gae mme a simolola go lema, a ntsha mmidi le dinawa. Moragonyana o ne a reka terekere go suga mmu sentle le ka bonako. Gajaana o dira tiro ya bokonteraka mme e mo thusa go bona lotseno. Leonard o dirisa diheketara di le nne tsa lefatshe la morafe.



Colbert Timakhwe – mofitlhamakgaolakgang

Colbert Timakhwe o belegwe ka 1944. O goletse mo batsading ba gagwe ba ba neng e le balemirui. O tsene sekolo mme o tlogetse ka mophato wa 5 (Kereiti 7). O ne a ya go dira mo meepong ya gouta kwa Lesley, kwa Teransefalabotlhaba, dingwaga di le lesome. O tlogetse meepo ka 1989 mme a ya Cape Town go direla ba Murray Construction. Ka 1991 o ne a boela gae go dira temothuo. O ne a nyala a sa le kwa Teransefala, mme ba tshegofadiwa ka bana ba barataro, basimane ba bane le basetsana ba babedi. Basimane botlhe ba a dira mme mosetsana a le mongwe o sa le mo sekolong. Colbert o ne a direla montshakuno, mme mo dingwageng tse tharo a kgobokanya maitemogelo mo ntshokunong ya temothuo. Gajaana o ntsha mmidi mo lefatsheng la diheketara tse tlhano.



Caledon Qutha – mofitlhamakgaolakgang

Caledon Qutha o belegetswe kwa Kgaolotsamaisong ya Njijini ka 1959. O goletse koo mme a tsena sekolo se se botlana teng mme a tlogela ka mophato wa 5 (Kereiti 7). O ne a ya go tsena kwa Sekolosegolong sa Mt Frere kwa a boneng teng setifikeiti sa Kereiti ya 12 mme gape a amogela Dipoloma ya Borutabana. O ne a ya kwa Cape Town koo a neng a dira mo dikolong tse di farologaneng. O nyetse ka 1983 mme ba tshegofaditswe ka bana ka babedi, mosimane le mosetsana. Ka 1989 o ne a bula lebentlele la korosari, a rekisa maungo le merogo. O ne a hira lebentlele la kakaretso ka 2004 mme a boela gae kwa Njijini kwa Mt Frere koo a leng ralebentlele mo motseng wa gaabo. Caledon o ne a nna le kgatlhego ya jalo ya mmidi gonne bontsi jwa batho ba emisitse go ntsha mmidi o o leng sejosegolo sa bona. Gape go na le lefatshe le legolo la morafe le le sa dirisiweng. O ne a kgatlhwa thata ke bantshakuno mo tikologong ya Kokstad, ba ba ntshang mmidi ka selekanyo se segolo mme gajaana Caledon o ntsha mmidi ka selekanyo se segolo mme gajaana Caledon o ntsha mmidi mo tshimong ya diheketara tse 20.



