Farmer 1 (Maize) 									Setswana



Molemipotlana wa Ngwaga wa Mpumalanga – kopana le batlhophiwa

Instructions: 

Folio strap: Molemipotlana wa ngwaga

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Montshakuno la Grain SA

Photos: Alpheos Masina, Nkomisheni Mhlongo, Nyosi Mhlanga and Vincent Mdluli



Batlhophiwa ba Molemipotlana wa Ngwaga wa Mpumalanga gammogo le bafitlhamakgaolakgang ba begilwe. Pego ya mofenyi e tlaa dirwa wa moletlong kwa 250 Ton Club ka Phatwe 26, 2010. Bona ba a latela:

Alpheos Masina 

Alpheos Masina o belegetswe kwa Badplaas ka 1948. O nyetse Christina Ncongwane mme ba na le bana ba le barataro. O goletse teng mo Badplaas mme ga a ise a ke a tsene sekolo. O simolotse go dira ka 1965 mo jalodikgweng kwa New Town mme gape a direla rakonteraka wa Kruger Construction, ba aga tsela go tswa Barberton go ya Badplaas. Ka 1968 o ne a simolola go dira mo polaseng a jala mefuta e e farologaneng ya dithoro le merogo mengwe. Gajaana o lema mmidi, dinawa le merogo mengwe mo diheketareng di le nne tsa masimo.



Ke mongwe wa bajaboswa ba Nolwanda Trust ba ba boneng polase mo Badplaas e ba e tleleimileng go ya ka molao wa Pusetsolefatshe. Ke monnamogolo yo o matlhagatlhaga yo o ikemiseditseng go ithuta ka dinako tsotlhe.



Nkomisheni Mhlongo – mofitlhamakgolakgang

Nkomisheni Mhlongo o belegwe ka 1953 mo motsaneng wa Langeloop mo kgaolong ya Nkomazi. O goletse mo motsaneng o mme a simolola sekolo mo Sekolopotlaneng sa Driekoppies ka 1959. O ne a sutisediwa kwa Sekolong sa Lomati Dry mo mophatong wa bongwe (kereiti 3) mme a falola mophato wa 6 (kereiti 8) ka 1971. Ka 1974 o ne a tsaya taolo ya khefinyana ya batsadi ba gagwe mme a nna motsamaisi wa yona. O nyetse Nomasonto Ngwenya ka 1975, mme ba tshegofadiwa ka bana ba supa, basimane ba babedi le basetsana ba batlhano. Bangwe ba bana ba gagwe ba a dira, fa gofejane a sa ntse a tsena sekolo.



Morago ga go tsaya kgwebo e, o ne a e atolosa go nna lebentlele le le tona ka 1975. O ne a reka mafelo a maitiso a go nwela (lounges) a le mabedi, a aga butšhara mme gape a reka loruo. Gajaana o na le dikgomo di le 345.



Ka 1997 o ne a swetsa go boela kwa temothuong ka seo e ne e ntse e le tiro ya batsadi ba gagwe ka gale. O simolotse temothuo ka go lema mmidi, mantonkomane, lotlhakasukiri le dijalo tse dingwe. Gajaana o dira temo ya lotlhakasukiri mo diheketareng tse supa, gammogo le mmidi le dijalothoro tse dingwe jaaka matonkomane, dibathanate, “okra” le dimenku – tsotlhe tse di jetswe mo lefatsheng la diheketara tse di ka nnang 20. Mmidi o jalwa mo masimong a nosetso a a ka nnang diheketara di le thataro. O kgonne go roba ditono di le 40 tsa mmidi, ditono di le 15 tsa matonkomane le ditono di le 20 tsa dibathanate. Gajaana o tshwaragane le go roba dinawa tse dikima (cow peas).



Nyosi Mhlanga – mofitlhamakgaolakgang

Nyosi Mhlanga o belegetswe kwa Gutshwa ka 1941 mme a golela mo Gutshwa mo pusong ya bothati jwa setso jwa ga Khumalo. Ke motsana o o ka nnang dikhilomitara di le 20 go tswa White River mo Mpumalanga. O simolotse sekolo mo sekolong sa Gutshwa ka 1952. O tlogetse sekolo morago ga go falola mophatho wa botlhano ka 1959. O ne a simolola go dira jaaka modira mo ntlong ka 1960 kwa Plaston. O dirile nako e ntsi a dira mo dihoteleng jaaka moapei le moabadijo kgotsa weitere. O ne a nyetse moswi Evah Khumalo ka 1964. Ba ne ba tshegofaditswe ka bana ba le babedi, mosimane le mosetsana. Gajaana o nna a le esi.



O goletse mo motseng o o go neng go dirwa temothuo mo lefatsheng la morafe. Ba ne ba lema mmidi, matonkomane le dinawa tsa jugo. Fa a ntse a gola, o ne a disa loruo lwa batsadi ba gagwe. O ne a simolola go dira temothuo ka boena ka 1978 go fitlha 1982 fa leuba le ne le mo pateletsa go tlogela. O ne a ya go dira jaaka modiri fela kwa Ngodwana. O ne a boela mo temothuong ka 2003, a lema merogo mo tshimong ya heketara e le nngwe mme dijalo tse ingwe tsa gagwe a di jala mo masimong a diheketara di le nne. Go jetswe setshatekelelo sa mmidi mo polaseng ya gagwe mo dingwageng tse pedi tsedi latelanang.



Vincent Mdluli – mofitlhamakgaolakgang

Vincent Mdluli o belegetse kwa Mahukhube (Spelanyane), gaufi le Nelspruit mo taolong ya bothati jwa pusomorafe ya Mpakeni. Ke motsana o o ka nnang dikhilomitara tse 50 go tswa Nelspruit mo Mpumalanga. O simolotse sekolo mo Sekolong sa Kereke ya Roman Catholic mo Daantjie Trust ka 1949. O tlogetse sekolo ka 1957 a sena go falola mophato wa 7. O simolotse go dira jaaka modiredi fela kwa Nelspruit Sawmill ka 1960. Ka 1960 o ne a godisiwa go nna motlhatlhobi, mme a tlogela setlamo se ka 1972. Ka 1976 o ne a thapiwa ke lebentlele la Ellerines Furniture e le morekisi mme a tloga a godisiwa go nna motlhatlhobedi ka 1980. O tlogetse Ellerines ka 1999. 



O nyetse Josephine Mndawe ka 1964 – yo o tlhokafetseng ka 2003. Ba ne ba na le bana ba le barataro – basimane ba babedi le basetsana ba le bane. Leitibolo la bona le belegwe ka 1966 fa gofejane e belegwe ka 1985. Ka 2007 o ne a nyala Nonhlanhla Mavuso, mme ga ba na bana.



Vincent o goletse mo polaseng ka batsadi ba gagwe e ne e le balemirui. Ba ne ba dirisa dipholo go lema masimo a bona. Fa a ntse a gola o ne a itumelela go rua dikgomo le go jala dijalo. Ka 2003 o ne a itshimololela temothuo ya gagwe ka sebele.



O simolotse ka go lema mmidi, matonkomane, le dinawa tsa jugo ka 2003 mo tshimong e e ka nnang diheketara di le lesome go ya lesometlhano. O ne fa gautshwane a dira semphato le rre Eros Mazibuko yo o leng moatefokate, yo o mo thusang ka matlole go dira temothuo ya gagwe ka mokgwa o o ntshang dikuno le o o nang le poelo. Gajaana ba jala diheketara tse 30 tsa mmidi, diheketara tsa matonkomane tse thataro le tse pedi tsa dinawa tsa jugo. Ba thapile badiredi ba le robedi le bakgweetsi ba le bararo ba diterekere. Ba na le diterekere di le nne, tshilo ya furu e le nngwe, megoma e meraro, dideše tse pedi, polantere e le nngwe, dikofole tse pedi le repara e le nngwe. Vincent gape o na le dikgomo di le 12 le dipodi tse 15.



