Farmer’s Days (Maize)								Tswana

	

Go reng go tshwarwa malatsi a balemirui le ditekotshupetso?



Instructions : 

Folio Strap : Lenaneotlhabololo la Balemirui 

Byline : Jane McPherson, motsamisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 

Photos:



Maikaelelo a Lenaneotlhabololo la Balemirui ke go tlhoma le go tsamaisa ditshatekelelo koo bantshadikuno ba ka lemosiwang ka mesola ya paakanyommu, nontsho, tlhopho ya mefutapeo, taolo ya mofero le ya disenyi le thobo, tse di nepagetseng teng.



Badiredi mo lenaneong ba gokaganya tlhomo ya ditekelelo tse mmogo le bannaleseabe mo madirelong a – rakonteraka, ditlamo tsa dipeo, ditlamo tsa dikensemese le ditlamo tsa dikhemikale tsa temothuo gore bantshadikuno ba tlhagisediwe tshedimosetso le matswakabele a ntshodikuno a a kgonegang le a a gaisang thata.



Fela fa ditsha tsa ditekelelotshupetso di setse di tlhomilwe, go botlhokwa gore bantshadikuno ba ba tlhabologang mo kgaolong eo ba tlhagisediwe dintlha tsotlhe tsa go jala le go tlhokomela dijalo tseo di tlaa jalwang mo ditsheng tseo. Malatsi a balemirui a naya bantshadikuno tšhono ya go kopakopana le bantshadikuno ba bangwe, ditlamo tse di tlamelang ka ditlhagisakuno mmogo le bannaleseabe ba bangwe botlhe mo madirelong, ba ba lalediwang go nna karolo ya malatsi a – bantshadikuno ba amogela tshedimosetso e ntsi le go itemogela ka meletlo e.



Go tshwerwe malatsi a balemirui a a latelang mo go 2008: 



Tonie Loots mo Bokonebophirima – malatsi a balemirui a 9;

Amos Njoro mo Bokonebophirima le Gauteng – malatsi a balemirui a 10;

Jerry Mthombothi mo Mpumalanga – malatsi a balemirui a 10;

Johan Kriel mo Foreisetata – malatsi a balemirui a 11; le 

Lawrence Luthango (yo o ntseng a dira go tloga ka Motsheganong 2008) mo Kapabotlhaba – o tshwere malatsi a balemirui a mannye a le 4.



Ka malatsi a a balemirui, go tlhagisitswe ditlhogo tse di farologaneng, dikao tse dingwe di a latela:



Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA; 

Kemonokeng, seabe le ditiro tsa mafapha a temothuo a a farologaneng;

Menontsha le tshelo e e nepagetseng ya yona – dibui tse di farologaneng ka malatsi a a farologaneng;

Taolo ya mefero le ya disenyi; 

Ditlhopho tsa mefutapeo; 

Temothuo jaaka kgwebo le ethanolo jaaka lesoba la thekiso ya dithoro; 

Ditlhokego tsa dikadimo tsa ntshodikuno; 

Thekiso ya Mmidi; 

Ditirelo tsa Land Bank; 

Merero ya Lefatshe le kabosešwa ya lefatshe; le 

Inšorense ya ditlhagisakuno.



Mo lenaneong la rona re leka go dirisa le go akaretsa bannaleseabe botlhe mo madirelong a temothuo mo tlhabololong ya bantshadikuno – go nna le seabe se mongwe le mongwe a ka se dirang go ya ka maitseanape a bona. Tshwaragano e tshwanetse go nna teng e bile e botlhokwa fa go tshwanela gore go nne le tswelelopele e e kitlaneng le e e tswelelang.



Dimphato di dirilwe ke ditheo tse di latelang:

MADC, Land Bank, ABSA, Standard Bank;

Sasol Nitro, Omnia, Tsunami, Opticrop, Kynock;

Senwes, OVK, NWK, MGK, Suidwes Landbou, AFGRI;

Mafapha a Temothuo le Merero ya Mafatshe, Merero ya Metsi, SEDA;

NAFU, NERPO, MPO;

Pannar, Monsanto, Agricol;

Bayer Wenkem, Novon/Protecta;

ARC GCI;

Taung College; le 

Santam Agri.





