Farmer 										Tswana



O ka simolola jang setlhopha sa balemirui mo morafeng wa gaeno



Instructions: 

Folio Strap: Ditlhopha Tsa Balemirui

Byline: E rulagantswe ke A.P.N. du Toit (ARC Grain Crops Institute) S.J. Terrblanche (Yunibesithi ya Pretoria) le J. Stevens (Yunibesithi ya Pretoria)

Photos 

Bongwe ke bobedi.

Mo setlhopheng, balemirui ba ithuta ka ga dikakanyo tse dintšhwa.

Balemirui ba ka ithuta go tswa mo go bona mmogo.

Ditlhopha di tlamela ka maatla a therisanoipuelelo.



Nako e gorogile jaanong ya gore balemirui ba ba tlhabologang mo Aforikaborwa ba fokotse go ikaega thata ka ditheo tsa puso tsa semolao le go rwala maikarabelo a isagwe ya bona.



Selotlele sa imatlafatso se mo kgobokanyong ya ditiro tsa balemirui ba selegae. Kgwetlho e e lebaneng balemirui ke go dira ka tlhoafalo go netefatsa tlhomo ya ditlhopha tsa balemirui tse di ikemetseng, e bile tsholobong e le mo mabogong a ditokololo. Ditlhopha tsa balemirui di tlamela ka sebopego sa semokgatlho se se maleba go dira mmogo go ya phetogong kwa seemong sa polase le mo thulaganyong ya temothuo ka kakaretso.



Go itshupile sentle, le gale, gore kgobokanyo ya balemirui go nna ditlhopha tse di nonofileng ke tirego e e tlaa tsayang lobaka lo loleele. Maitlhomo ka dikaelo tse ke go kgothaletsa le go kaetsa baeteledipele mo temothuong go dira ka botlalo bodirammogo mo balemiruing.



Go reng ditlhopha tsa balemirui tsa selegae?

Mesola ya botlhokwatlhokwa ya ditlhopha mo temothuong ke e e latelang:

Balemirui ba ka ithuta go tswa mo go bona mmogo, mme ka tsela e ba bone kitso e ntšhwa,

maitemogelo le bokgoni.

Mo setlhopheng balemirui ka sebele ba ka kgona go tsaya ditshwetso tse di botoka. Fa jaaka kitso e ntsi e ntse e phuthelwa mo setlhopheng, dikgonagalo tsa diphoso di ka fokodiwa, “Bongwe ke bobedi”.

Mo setlhopheng balemirui ba ithuta go akanya sešwa le go utolola melelwanekgopolo e mešwa. Ditokololo mo setlhopheng di rotloediwa go lebaleba diitlhophelo.

Ditlhopha di tlamela ka kgokaganyo ya ditirelo tse di jaaka ditlhotlhomiso, bolemisi, tlamelo ya ditsenngwateng le thekiso. Batlamelakaditirelo ba rata go dirisa tšhono go rerisana le setlhopha se se rulaganeng sentle le go reka kgotsa go rekisa ka bontsi.

Ditlhopha di thusa go oketsa bontshadikuno kwa seemong sa polase. Se se diragala ka ntlha ya kopanyo ya kitso, bokgoni le maitemogelo gareng ga ditokololo tsa setlhopha.

Ditlhopha di kgontsha balemirui go thatafatsa maatla a therisanoipuelelo a bona. Balemirui mo karolong e e tlhabologang ba tlhoka kodu e e utlwalang. Setlhophathutano se se nonofileng ke mmueledi wa ditokololo ka botsona.



Dipharologantsho tsa setlhophathutano se se nonofileng ke dife?

Ditlhophathutano tse di nonofileng di bonala ka dipharologantsho tse di tlhaolegileng tse di latelang:

Boeteledipele jo bo nonofileng – “Baeteledipele ba foo go direla e seng go direlwa”.

Ga di fekeediwe ke baeteledipele ba tsona kgotsa mongwe wa ditokololo tsa tsona.

Ponelopele, maikaelelo, maitlhomo le leano le le tlhomameng, tse di tlhapileng le 

	tšhwegatšhwegelo ya go fitlhelela katlego.

Ditokololo ke tsa seemo se se tshwanang sa botswelelopele jwa temothuo le go tlhakanela  

	dikgatlhego le ditlhokego tse di tshwanang. Fa setlhopha se tshwanelana thata gona momagano 

	magareng ga ditokololo e nna kwa godimo.

Mongwe le mongwe wa ditokololo o tshwanetse a tlhaloganye sentlentle gore tiro le maitlhomo a 

	gagwe mo setlhophathutanong ke eng.

Di nne le kgono ya sematlole le ditlamelwana tsa tsona ka botsona. Matlole bogolo a abiwa le go 

	laolwa ke ditokololo ka botsona.

Ditokololo tse di tsereng maikarabelo a dipholo tsa leanotiro, di ineetse mo setlhopheng le go 

	kgotsofalela go nna le seabe mo ditirong tsa setlhopha.

Ditokololo tsotlhe di gakaletse go ithuta e bile di rata go abelana kitso le maitemogelo a tsona.

Di iitshepileng mo go rulaganyeng le go tsamaiseng merero ya tsona le go kgona go iponela 

	ditsela tsa go ipatlela ditirelo tse di nonofileng.

Di tshwanetse di swedietege mo tlhophong ya ditsamaiso le mekgwa mo letsholong la maitlhomo 

	le maikaelelo a setlhopha.

Di dirisang dikgono tse di farologaneng tsa ditokololo tsa setlhopha ka sebele ka tsela e e 

	nonofileng.

Go nang le mowa wa tlhaeletsano o o edileng. Ditokololo di tshwanetse go ikutlwa di gololosegile 

	go bua maikutlo a tsona mo tirong gammogo le mo kgatong ya ditlhopha.

Go itshekatsheka gangwe le gape. Gangwe le gape setlhopha se tshwanetse go ema go 

	itlhatlhoba gore se dirile sentle go le kae le gore nonofo ya sona e ka tokafadiwa jang.

Di tshwaraganeng ka botlalo le dikemo tse di kwa godimo tsa temothuo e e rulaganeng. 

	Ditlhopha tse di jalo di golagane le mekgatlho e e nang le boemedi jo bo anameng.

Ga di ikgobelele ka tiragatso ya tsona mme di ka kgona go kampana le mathata le ditlhaelo tsa 

tsona. Go kgona go tokafatsa bononofi jwa tsona e tlaa dira diphetogo dife kana dife tse di tlhokegang.

Ditlhopha tse di nayang ditokololo tsa tsona thotloetso. Le mororo mongwe le mongwe a na le 

maikarabelo go direla setlhopha, ditokololo di itse sentle thata gore di tlaa boelwa mo go nneng karolo ya setlhopha.



Tlhamo ya setlhophathutano

Ditlhopha di tshwanetse go tlhamiwa go ya ka dibopego tsa semorafe le seloago tse di leng teng. Fa go tlhokega, kgokagano le pusomorafe e botlhokwa. Go tshwanetse go nne le kamogelo ka pusomorafe le mekgatlho e mengwe ya seemo sa selegae ya tlhokego ya tlhamo ya setlhopha.

Ditokololo tsa setlhopha di tshwanetse go tlhophiwa ke balemirui ka bobona.

Ditlhopha di ka simolola ka seemo se e seng sa semolao mme sa golela kwa go nneng sa seemo sa semolao ka mosito wa sona. (Bona molebo wa “Dira pele mme o rulaganye morago”). Molebo o o atlanegisiwa ka gore o a swedietega mme o letla balemirui go gola le tirego ya tlhamo ya setlhopha. 

Ditlhopha tse di setseng di le teng di ka rulaganngwa sešwa kgotsa tsa tsosiwa. Fela le gale ditlhopha tse di suleng bogatsu di sikologwe ka fa go kgonegang ka teng.

Foo batho ba iseng ba ithulaganye ka setlhopha, go tlaa tlhokega barulaganyi le barotloetsi ba ditlhopha go simolola le go thusa mo tiregong ya tlhamo ya setlhopha.

Foo barulaganyi/barotloetsi ba seng ditokololo tsa morafe teng, batho ba go ka ikgolaganngwang le bona go tswa mo morafeng, ba ba tshepegang sentle, ba tlaa tlhokega jaaka bannaleseabe go golagana le morafe wa temothuo. 

Go direla dilo mo pepeneneng go tswa mo barulaganying le baeteledipeleng go tlhokega thata jaaka setswaki sa botlhokwa mo tlhamong e e atlegileng ya setlhopha.

Ditlhokego le mathata a setlhopha se se kgethegileng sa balemirui a tshwanetse go itsiwe gonne se se tsewa jaaka patlegopele ya thulaganyetso ya isagwe le tlhomo ya maitlhomo.



Molebo wa “Dira pele mme o rulaganye morago”.

Molebo o o thusa balemirui go simolola kwa ntle ga go senya nako. Setlhopha se se sa rulaganang se sebotlana se simolola ka go tsepamisa mogolo mo bothateng jo bo kgethegileng mme se dira mmogo go bo rarabolola. Ditokololo tsa setlhopha di nna le boineelo jo bogolo go fitlhelela maikaelelo a setlhopha. Moragonyana mowa wa bosetlhopha o a tia e bile le ditokololo tsa setlhopha di atamelana thata ka tsela ya tlhago. Ka tsela e tlhamo ya ditlhopha e tshwana le ditshedinnye tse di tshelang, tse di golang go tswa ka fa gare. Mesola ya molebo e, e totobetse:

Ditlhopha di gola ka botsona kwa ntle ga itshunyonko go tswa kwa ntle.

O tlhola mowa wa boeteledipele jo bo siameng mo tirelong ya tlhopho ya tlhago.

Maikaelelo a setlhopha ke ona thotloetsikgolo mme e seng dikeletso tsa boeteledipele ba setlhopha kgotsa mekgatlho e e ka kwa ntle.



Dikaelo tsa tlhamo ya setlhophathutano

Tlhamo ya setlhophathutano se se nonofileng ke dipholo tsa balemirui ba ba rotloetsegileng mo morafeng o o nang le tlhokego e e tshwanang, go dira mmogo go fitlhelela karabelo ya ditlhokego le ditharabololo tsa mathata a bona. Ga go na setlhopha sa balemirui se se ka patelediwang go nna teng, e ka nna go tswa ka fa gare kgotsa go tswa mongweng ka kwa ntle. Tirego ya tlhamo ya setlhopha totatota e tlaa farologana mo seemong se se kgethegileng sengwe le sengwe. Go tshikinngwa ditsela le ditsamaiso tse di latelang tse baeteledipele ba ka di latelang mo tirong e e bokete ya tlhamo ya setlhopha:



Pitso ya pele ga tlhamosetlhopha

Fa jaaka tlhokego ya tlhamo ya setlhophathutano e tlhagelela mo balemiruing mo morafeng, baeteledipele ba ka simolola ka go biletsa pitso ya pele ga tlhamosetlhopha kwa lefelong le le fa gare. Pitso e tlaa tsenwa ke palonyana ya batho ba botlhokwa, ba ba mafolofolo ka kakanyo ya setlhophathutano, e e tlaa tswelang kgwebo ya bona ya polase mosola. Maitlhomo a pitso e ke go dira tekanyetsoboleng e e feletseng ya seemo sa temothuo sa gajaana. Go ntse go le jalo, ke tšhono ya go tlhomamisa tlhokego ya go tlhama setlhopha le go buisana ka botlalo ka maikaelelo le ditsholofelo tsa ditokololo tse di solofelwang. Ditokololo tse di solofelwang di tlhoka go itse mesola e di tlaa e bonang. Kopano ya pele ya tlhamosetlhopha e tlaa tlamela ka tsela e e matsetseleko go baakanya ditokololo le go ba tlwaelanya. Kopano e e tlaa letla balemirui go netefatsa gore a tota ba batla go ineela mo maitekong a a jaana. Ka yona nako e, go tlaa tlhokega gape go baya dikaelo tsa kakaretso mabapi le maikaelelo a setlhopha.



Pitso ya motheo

Kgato e e latelang e tlaa nna go tlhoma letlha la tlhamo ya setlhopha. Go atlanegisiwa gore barulaganyi ba lebe pitso jaaka e e seng ya semolao thata jalo. Ka nako ya pitso ditokololo tse di solofelwang tsa setlhopha tse di tseneng pitso di tshwanetse go swetsa gore ke yone nako e e siameng ya tlhamo ya setlhopha ya semolao. Fa kgopolotheo e siame, gona boeteledipele bo ka tswelela go naya setlhopha sebopego sa setlhopha.



Barulaganyi/batsereganyi ba tlaa dira jaaka baeteledipele ba nakwana ba setlhopha. Balemirui ba ba supilweng jaaka ditokololo tse di solofetsweng ba tlaa lalediwa pitso e.



Dintlha tse di latelang di tlhoka go buisanelwa mo pitsong e:

Tlhopho ya boeteledipele gammogo le pakatiro ya bona mo ofising. Setlhopha se tlhoka modulasetulo wa mofuta mang? Motsereganyi wa setlhopha ka boena ga a tshwanela go etelela setlhopha – setlhopha ka bosona se tshwanetse go rwala maikarabelo ao.

Maikaelelo a pakatelele a setlhopha a buisanelwe, a kwalwe sešwa ka tshwanelo. Ditokololo di tlhalose sentle go tlhaloganya maikaelelo ga bona le go tlosa go sa tlhaloganyeng gongwe le gongwe go go ka nnang teng.

Ditokololo di tshwanetse go ka kgona go tlhoma maikaelelo le ditlapele tsa tsona mo dikgweding tse thataro tse di latelang kgotsa ngwaga. Go tlhalosa sentle ditiro le maikarabelo tse di amanang le ditiro tse di farologaneng tse di tlhokegang go fitlhelela maikalelo a. Latelanye ka botlhokwa ditiro le maikaelelo go ya ka botlapele jwa setlhopha.

Go tshwanetse go tsewe tshwetso ka lenaneo la gore go tlaa kopanwa leng, ga kae le kwa kae, go akaretsa ditlhokego tsotlhe tsa ditokololo.



Ka ntlha ya fa tiragalo e ka tsewa jaaka botsalo jwa setlhopha, go tshwanetse go senngwe nako e e lekaneng go netefatsa go nna le boeteledipele jo bo nonofileng le go nna le maikaelelo le maitlhomo a a phepa a a tlhalosegileng sentle.



Pitso ya tatelelo

Tirego ya tlhamo ya setlhopha e tlhoka go tswelediwa kwa pitsong ya tatelelo morago ga pitso ya motheo. Maitlhomo a pitso e e tlaa nna:

Go konotela maikaelelo le maitlhomo.

Go aga leanotiragatso le letlha le thulaganyo ya nako ya paka e e tshwanetseng.

Go tlhama melaotheo ka go baya melawana le ditlwaelo tsa setlhopha tse di kgethegileng 

mabapi le botokololo, dituelo tsa botokololo, tseno ya pitso, boitsholo jwa setlhopha le bannaleseabe.



Tsamaiso ya setlhophathutano

Komiti ya nakwana

Mo mabakeng a le mantsi go tlhophiwa komiti ya ditokololo di le tlhano (five) e leng modulasetulo, motlatsamodulasetulo, mokwaledi, motsholamatlotlo le ditokololo tsa tlaleletso di le pedi. Ditlhopha dingwe di rata go supa le motlatsamokwaledi gammogo le botsholamatlotlo go netefatsa taolo e e siameng ya matlole. Ditokololo tse pedi tse tsa botsamaisi, di ka supiwa boemong jwa ditokololo tsa tlaleletso di le pedi, kgotsa tsa tlaleletsa. Go ka nna botlhale gore bong jwa ditokololo tse di supilweng bo emele ka tshiamo dipalopalo tsa banna le basadi mo mokgatlhong. Maitekelo a a botoka ke go nna le borre ba babedi le bomme ba babedi ba ba dirang setlhopha sa komiti, fa tokololo ya botlhano, modulasetulo, e ka nna monna kgotsa mosadi. Komiti e emela ditokololo mo go sengwe le sengwe se e se dirang. Komiti e rwala maikarabelo a maitsholo le tolamo mo setlhopheng, tse di leng botlhokwatlhokwa thata mo phitlhelelong e e atlegileng ya maikaelelo a setlhopha.



Bogolo jwa setlhopha

Ka kakaretso go ka begwa gore ditlhopha tse dinnye di nonofile sentle. Bogolo jwa setlhopha jo bo amogelesegang bo ikaegile ka tsepamisokgopolo le taolelo ya setlhopha, botshelotota jwa ka fa gare jo bo kgethegileng jwa setlhopha le kgono ya komiti ya nakwana go tsamaisa setlhopha le go tshegetsa boitsholo le tsepamo ya maitlhomo. Go botlhokwa thata go ikgolaganya le boeteledipele jwa setso kgotsa boeteledipele jwa morafe mabapi le ntlha e ya bolemirui mo botshelong jwa morafe. Go kgona go dira ka nonofo mo morafeng, botsamaisi jwa setlhophathutano bo efoge kgotlhang mo dintlheng tse di thailweng mo botlhaoleleng. Ditlhopha dingwe di thibela seno ka go dira taletso e e akaretsang balemirui botlhe ba mo morafeng go tsena letsatsi la balemirui ngwaga le ngwaga.



Dituelo tsa botokololo le matlotlo

Dituelo tsa botokololo di ka tlhomamisiwa ke dintlha di le mmalwa jaaka:

Maitlhomo a setlhopha;

Kgono ya matlole ya ditokololo;

Mefuta ya ditiro tse di dirwang ke setlhophathutano; le 

Ditšhono tsa tshegetso ka matlole.



Dipitso

Dipitso di tshwanetse go tshwarwa gangwe le gape go netefatsa botswelelopele jwa ditiro tsa ditlhopha. Go atlanegisiwa gore kwa tshimologong dipitso di tshwarwe kgwedi le kgwedi. Mo tsamaong ya nako go bonala go le botoka go tshwara pitso morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse pedi, fela legale ditiro tse di ikaegileng ka botso jwa go tsamaya ka ditlha ga temothuo, di tlaa laola alemanaka ya dipitso ya setlhophathutano sengwe le sengwe se se rileng. Dibui, malalediwa le baitseanape ba na le seabe sa botlhokwa mo go tsholeng setlhophathutano se na le kitso le tshedimosetso ya sešweng. Go mo setlhopheng sengwe le sengwe go tlhopha ka kelotlhoko le go laletsa baitseanape ba mo dipitsong tsa tsona. Kgopolotheo e e sa ntse e ama batlamelakaditirelo le batlamela ka ditsenngwateng ba bangwe. Ditlhophathutano di tlamela balemirui ka tšhono e e gaisang go laola gore ke seemo sefe sa boitseanape le ditirelo tse se batlang go di amogela.



Bokhutlo

Ditlhopha tsa balemirui tse di nonofileng ke tlhokego ya pele ya go itlhaganedisa tlhabololo ya temothuo mo Aforikaborwa. “Kwa ntle ga boeteledipele le mokgatlho, morafe o ganelela go ema tsi! tota le batho ba ba botlhale ba ba tshelang mo go ona ba kgaratlhela go falola mo dikgoleng tsa botlhokatlhabololo”, go rialo Japie Grobler, moporesidente wa Agri SA. Selotlele sa imatlafatso ke kgobokanyo ya tiro ya balemirui.



