Farmer (Maize)	 								Setswana
Lenaneotlhabololo la Balemirui le a Tlhalosiwa
Folio strap: Lenaneotlhabololo la balemirui
Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Bantshakuno la Grain SA.
Photo 1: Jane McPherson (molemeng), o ne a itumeletse go etelwa a sa solofela ke Rre Mzabensi Zwane, Mokhuduthamaga wa Temothuo mo Foreisetata le Moh, Nandi Mayathula-Khoza, Mokhuduthamaga wa Temothuo kwa Gauteng, kwa Letsatsing la Thobo la NAMPO. Ba ne gape ba patiwa ke Dr Limakatso Moorosi (mojeng), tlhogo ya Lefapha la Temothuo mo Foreisetata. 
Photo 2: Gideon Ralepedi (Senwes), G Motseng, Jane McPherson, B Tshwene (Mokhuduthamaga, Bokonebophirima), N Maloyi (Mmusakgotla), mme mo moleng o o fa pele Japi Fransman (Senwes), C Kanyane le Sello Lesupi, le bone ba etetse serala sa Tlhabololo ya Balemirui kwa Letsatsing la thobo NAMPO.
Moonotlhomo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA ke go tlhagisa bantshakunothoro ba bogwebi ba bantsho ba ba katisitsweng. Go fitlhelela maitlhomo a, go botlhokwa go tsepama mo mothong ka sebele; re tshwanetse go tlhabolola motho.
Tlhabololo ga se ka lefatshe.
Tlhabololo ga se ka metšhine.
Tlhabololo ga se ka mebaraka.
Tlhabololo ga se ka madi.
Tlhabololo ga se ka go direla montshakuno temothuo.
Tirego yotlhe e simolola ka tlhabololo ya motho – dintlha tse dingwe tsotlhe di tlaa latela seo. Tlhabololo ke tirego ga se pharumo.
Tona ya Temothuo ya gajaana Moh Tina Joemat–Pettersson o supile gore o bona go na le tlhokego ya go aroganya bantshakuno ba ditlhopha tse di farologaneng. Ditlhopha tseo di eme jaana: (le mororo re dirile pharologantsho ya rona gonne go se na dipharologantsho tse di dumelanweng tsa ditlhopha tse di farologaneng).
Kemo 1
1 go ya diheketara tse 10 
Montshakuno wa mojelaganong
Kemo 2
Diheketara tse 10 go 250 ditono
Montshakunopotlana 
Kemo 3	
Go feta ditono tse 250 
Montshakuno wa mogwebi
Go ka tswa go ka tlhakanya batho tlhogo fa re re mo Kemong 1, le mo bantshakunong ba heketara e le nngwe go ya tse di lesome ba mo setlhopheng se se tshwanang. Go botlhokwa thata go nna le lenaneo le le tsenyeletsang ka botlalo dikgato tse di ka tlhaolegang – montshakuno mongwe le mongwe yo o tsenang mo lenaneong la rona, o simolola jaaka wa Kemo 1 – bogolo jwa lefatshe la gagwe ga bo botlhokwa. Jaaka motho wa Kemo 1, go na le dikhoso dingwe tse o tshwanelang go di tsenela tse di leng motheo wa temothuo ya bogwebi. Ka bomadimabe go na le bantshakuno ba bangwe ba ba se kitlang ba tswelela go feta montshakuno wa Kemo 1 ka ba ka nna ba se tlhole ba bona lefatshe le le fetang le ba nang le lona kgotsa metšhine ya go dira. 
Bantshakuno ba Kemo 2, ba mo setlhopheng se se latelang, mme go na le dikhoso dingwe tse di tshwanetseng go tsenelwa mo kemong e – go tlaleletsa mo tshedimosetsong e e bonweng fa o le mo Kemong 1. Bantshakuno ba ba ka nna ba se ke ba tswelela go feta kemo e, gape e le ka ntlha ya dikgoreletsi tsa matlole, lefatshe kgotsa metšhine tse di sa kgoneng go rarabololwa.
Bantshakuno ba Kemo 3, ke bao ba ba tsweletseng pele go feta dikemo 1 le 2, ba nole katiso le tshedimosetso yotlhe, e ba e neilweng mo dikemong tse pedi tsa ntlha mme ba le mo seemong sa go ntsha go feta ditono tse 250 tsa dithoro ka ngwaga. Montshakuno wa setlabošwane yo o bonang diheketara tse 1 000 ka PLAS (sekao fela) ga tshwanela go batla go simolola tirego mo Kemong 3 – go botlhokwa thata gore montshakuno ofe le ofe a simolole kwa kemong ya ntlha le go aga go tswa foo. Bantshakuno bangwe, kwa bofelong ba tlaa fitlhelela seemo sa bogwebi, fela fa bangwe bao ka ntlha ya mabaka a a farologaneng ba tlaa salang go nna bantshakuno ba mojelaganong kgotsa bantshakunopotlana. 
Dikgoreletsi tsa tshimologo 		Tsereganyo			Bokhutlo jwa loeto
Farmers Days 		
Kemo 1 – Bantshakuno ba mojelaganong – 1 - 10 ha
Dikhosokatiso 
Khoso ya motheo ya Ntshokuno ya Mmidi.
Tlhagiso mo Khosong ya Ntshokuno ya Mmidi.
Tlhagiso mo Khosong ya Ntshokuno ya Sonobolomo.
Tlhagiso mo Khosong ya Ntshokuno ya Mabele. 
Tlhagiso mo Khosong ya Ntshokuno ya Korong.
Tlhagiso mo Khosong ya Ntshokuno ya Matonkomane.
Khoso ya Tsamaiso ya Tirisometšhine. 
Dipitso tsa ditlhophathutano
Tseosekaommu.
Seemo sa pH le fosefeite ya mmu.
Boteng jwa mmu.
Tlelaemete. 
Paakanyommu ya motheo.
Peo.
Dipalopalo tsa dimela. 
Nontsho.
Taolo ya mofero le disenyi. 
Dipontsho tsa ditekelelo 
Paakanyommu.
Tshelo ya llaeme. 
Jalo le palopalo ya dimela.
Nontsho.
Taolo ya mofero le disenyi. 
Malatsi a Balemirui
Kgolagano le intaseteri ka bophara. 
Kgaso ya Radio 
Phetiso ya tshedimosetso. 
Pula Imvula 
Phetiso ya tshedimosetso.
Kemo 2 – Bantshakunopotlana – 10 ha – ditono tse 250
Dikhosokatiso 
Khoso ya Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa Polase.
Khoso ya Paakanyo ya Enjene ya motheo.
Khoso e e Tsweleletseng ya Ntshokuno ya Mmidi le thekiso.
Khoso e e Tsweleletseng ya Ntshokuno ya Sonobolomo le Thekiso.
Khoso e e Tsweleletseng ya Metswedithuso le Togamaano ya Polase.
Khoso ya Tlhabololo ya Bokgoni. 
Khoso ya Tlamelelo ya mo Polaseng le Kemonokeng. 
Khoso ya tsamaiso ya tirisometšhine.
Dipitso tsa ditlhophathutano
Paakanyo le tlamelo ya semotšhine. 
Ditlhopho tsa mehutapeo.
Nontsho e e feleletseng. 
Tiriso e e feleletseng ya metswedithuso ya tlhago. 
Tsamaiso ya Riseke le inšorense.
Thekiso le poloko.
Tsamaisomatlole (dikadimo tsa ntshokuno).
Lenaneo le le Tsweleletseng la Molemirui
Khaleboreišene ya dipolantere le dikgatshi. 
Mekgwatiriso ya Tshugommu.
Tshetelo ya didiriso. 
Dikadimo tsa ntshokuno. 
Phitlhelelo ya dikabo le kemonokeng ya puso. 
Dipontsho tsa Tekelelo 
Dikemo tse di farologaneng tsa nontsho. 
Ditlhopho tsa mehutapeo. 
Taolomofero ya sekhemikale (mananeo).
Malatsi a Balemirui
Kgolagano le intaseteri ka bophara. 
Kgaso ya Radio 
1. Phetiso ya tshedimosetso. 
Pula Imvula 
Phetiso ya tshedimosetso.
Kemo 3 – Bantshakuno ba Bogwebi – Ditono tse 250 le go feta 
Dikhosokatiso
Khoso ya go direla temothuo Poelo.
Khoso ya ntshokuno ya Mmidi ka Nosetso.
Khoso ya Ntshokuno ya Garase ka Nosetso. 
Khoso ya Ntshokuno ya Korong ka Nosetso. 
Khoso ya Tlamelo mo Diterekereng tsa tiriso e e kwa godimo.
Ditlhophathutano 
Thekiso ya dithoro. 
Thefosanyodijalo. 
Mehutahuta le tiriso e e kwa godimo ya metswedithuso.
Lenaneo le le Tsweleletseng la Molemirui 
Kgokagano; 
Dikgwebo tsa temothuo.
Temothuo e e gokaganeng.
Ditlamo tsa tlamelo ya ditsenngwateng. 
Dibanka le batlamelakamatlole.
Phuthegelo ya bantshakuno mo mofameng wa temothuo wa bogwebi.
Malatsi a balemirui
Kgokagano le intaseteri ka bophara.
Kgaso ya Radio
Phetiso ya tshedimosetso.
Pula Imvula 
Phetiso ya tshedimosetso.
