Factors (Maize) 									Setswana 



Dintlha tse di tlhotlheletsang boleng jwa lefatshe la temothuo



Instructions: 

Folio strap: Mabaka a lefatshe

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Khosong ya Tshekatsheko ya Metswedithuso le Thulaganyo ya Polase



Ka tlhago, boleng jwa lefatshe la temothuo bo ne bo ikaegile ka bontshakuno jwa temothuo jwa lona. Mo dikgaolong tsa magae bantshakuno ba sa ntse ba ikarabela mo dithekong tse dintsi tsa lefatshe la temothuo koo poelo ya tota mo ditirisong tsa temothuo e leng tsona setlhomamisisegolo sa boleng jwa polase.



Dikelomorokotso tse di kwa godimo kgotsa kwa tlase tse di gona ka nako e, le tsona di tlhotlheletsa bantshakuno ka bontsi jwa bantshakuno bo dira ka bontlhanngwe kgotsa gotlhegotlhe ka khepetlele e e adimilweng. Peeletso ya khepetlele mo dibopegong tsa polase le ditokafatso le tsona di na le tlhotlheletso ya botlhokwa mo botennye jwa lefatshe la temothuo.



Lotseno lo lo tswang mo go nneng le lefatshe lo ka dirwa ka:

Ntshokuno ya dithoto (dijalwa) tse di farologaneng ka molemi mong;

Ka go hirisetsa balemi ba bangwe lefatshe la temodijalo kgotsa mafulo ka konteraka; le

Ka go dumelana le bantshakuno ba bangwe ka thulaganyo ya karoganothobo.



Go dira lotseno ka go nna mong wa lefatshe, ka jalo go na le dikarolo tse pedi:

Tirisolefatshe e e mosola ya pakakhutshwane le pakagare jaaka fa godimo; le

Poelo ya khepetlele ya pakatelele e e amanang le koketsego ya boleng jwa lefatshe mo nakong e telele.



Dipoelo tse tsa pakatelele gape di ikaegile ka phesente ya dipoelo go tswa tirisong e e mosola e e itemogelang dipoelo tsa seikonomi tse di kwa godimo le tse di kwa tlase mo medikong (cycles) mo nakong e telele. Ka kakaretso boleng jwa lefatshe bo ntse le go oketsega mo tsamaong ya nako mme tlwaelo ya lefatshe lotlhe ke gore lefatshe le le mosola le se fapaanelwe ke beng ba le bantsi. Ka jalo go ketefaletsa ba ba simololang go fitlhelela lefatshe mo pakeng e khutshwane le go le duelela go tswa ntshokunong e e nonofileng. Fela gape maemo a ka farologana fa lefatshe le ka bonwa ka go newa kabo (grant) (LRAD), kgotsa ka kadimo ka dikelomorokotso tse di etleeditsweng (jaaka go le ka sekema se sentšhwa sa Lefapha la Merero ya Mafatshe se se bidiwang “Proactive Land Acquisition Scheme (PLAS).



Khiriso ya lefatshe e fetogile, go tswa go tsela ya bantshakuno ba ba simololang go tsena mo temothuong go ya go tsela ya bantshakuno ba ba itshetletseng go fitlhelela lefatshe la tlaleletso le go atolosa kgwebo ya temothuo ya bona. Se se tshwanetse go akanngwa ka tlhoafalo mo lefatsheng la merafe koo go nang le lefatshe le legolo le le sa dirisiweng, le mororo go na le bantshakuno ba ba siameng ba bantsi ba ba tlhokang lefatshe le legolwane go dira temothuo ka poelo. Khiriso e letla bantshakuno go atolosa kgwebo kwa ntle ga molato le tshwariso ya khepetlele e e tsamaelanang le go nna mong.



