Factors (Maize)								Tswana



Dintlha tse di tshwenyang bantshadikuno ba babotlana



Instructions: 

Folio Strap: Lenaneotlhabololo la Balemirui 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Dipatlisiso ka Lenaneotlhabololo la Balemirui di supile le go ribolola dintlha tse di farologaneng tse di thatafaletsang bantshadikuno ba babotlana go tsenelela mo ntshodikunong ya mmidi ya kgwebo.





Mathata a a latelang ke mangwe a a magolo a a supilweng:



Diterekere le ditlamelwana tse di dirisiwang ke bantshadikuno ba ba tlhabologang ba bantsi di mo maemong a a bokoa thata e bile ga ba mo maemong a ditšhelete go ka tokafatsa seemo – seelo sa dipoelo mo ntshodikunong ya dithoro se kwa tlase ka jalo go seelo se sennye kgotsa ga se yo gotlhelele go ka letla bantshadikuno ba ba tlhabologang go fosa sepe.

Bontsi jwa bantshadikuno bo itemogela mathata ka ditlamelwana tsa segompieno – sekao, Lefapha la Temothuo la Mpumalanga le abetse ditlhopha dingwe tsa bantshadikuno diterekere tsa ditlamelwana tsa segompieno tse ba sa kgoneng go di dirisa kgotsa go di khaliboreita. 

Bantshadikuno ba bantsi ba tlhaela ka ditlamelwana tse di tlhokegang jaaka sekgatshi sa “boom” mo go rayang gore ga ba ka ke ba dira taolo ya mofero le disenyi ka dikhemikale. Ga go na ditheo tse di ikemetseng go tlamela ditlamelwana tsa temothuo tse dikgologolo ka matlole, mme ditlamelwana tse dintšhwa di tura mo go maswe moo bontsi jwa bantshadikuno ba ka se kgoneng go di reka.

Dikelomorokotso tsa gajaana di kwa godimo mme fa ditshenyegelo tse di tlhakanngwa le ditshenyegelo tsa ntshodikuno tse di setseng di le kwa godimo, ntshodikuno ya dithoro ga e ne e tlhola e nna le dipoelo mo dikgaolong tse dintsi.

Go na le bantshadikuno ba bantsi ba ba abetsweng lefatshe ka tsela ya kabosešwa le le sa tshwanelang ntshodikuno ya dijalo. Mo makgating a mantsi lefatshe le abetswe Terasete e e dirwang ke bajaboswa le diterasethii (go le gantsinyana go feta batho ba le 30). Kwa tshimologong go ne go tsewa gore mongwe le mongwe o tlaa amega mo polaseng, fela fa nako e ntse e tsamaya, go lemosegile fa mathata a oketsegile jaanong go setse bajaboswa ba se kae mo polaseng go dira tiro, fela maemo a bona ga a sireletsega.

Bothata jo bongwe jo tota bo batlang tlhokomelo ke jwa ditheo tsa semolao tse di bokoa le/kgotsa thulaganyo ya tsamaiso e e bokoa e e tlhageletseng ka ntlha ya kabosešwa ya lefatshe. Mo mabakeng a mantsi, lefatshe le ne le abetswe Terasete e e dirilweng ke bajaboswa le diterasetii (gantsi batho ba ba fetang 30). Kwa tshimologong go ne go ithewa gotwe mongwe le mongwe o tlaa nna le seabe mo polaseng, fela fa nako e ntse e ya, e godile go nna bothata mme jaanong go setse.

Phitlhelelo ya ditlhagisakuno (molato wa ntshodikuno) ke bothata jo bogolo jwa bantshadikuno ba bantsi mme go tota go le molemo go bona ditharabololo, sekao, porojeke ya tekelelo e re e tlhomileng kwa Foreisetata le Lefapha le Temothuo mmogo le OVK go ema nokeng bantshadikuno bangwe ba ba supilweng – OVK e dueletse kwa pele molato wa ntshodikuno otlhe go bantshadikuno gore ba tle ba kgone go tsenya dijalo mo mmung ka nako e e nepagetseng, mme Lefapha la Temothuo le duetse 50% ya ketleetso ya ditlhagisakuno go busetsa OVK sesuga gore madi ao a tsenngwe mo ditshupatlotlong tsa bantshadikuno ba. Tekelelo e e dirile sentle thata mme mongwe le mongwe o kgonne go duela kadimo ya gagwe le go dira poelo, mme fa re ne re leka go atolosa porojeke jaaka go dumelanwe, Lefapha la bo le re ga le na tekanyetsokabo ya porojeke e.

Fa bantshadikuno ba atlegile mo kopong ya kadimo ya bona, ditheo tsa matlole di ngomaela go ba adima a dipaakanyo le tlamelo tsa metšhine – kwa ntle ga ditlamelo tse di ka dirang sentle ga ba kitla ba nna bantshadikuno ba bagwebi.

Mo kgaolong ya Bronkhorspruit, le fa gautshwane mo kgaolong ya Lichtenburg, AFGRI e lemela bantshadikuno ba ba tlhabologang - ba dirisa borakonteraka ba bagolo ba basweu ba ba dirang temothuo, mme kwa bokhutlong jwa setlha, bantshadikuno ba bona seabe sa se se setseng (AFGRI e tsaya ditshenyegelo tsa ditlhagisakuno le 50% ya dipoelo). Tshwenyego ya rona ka se ke:

Bantshadikuno ga ba ithute go lema ka go se na kabelano ya bokgoni.

Bantshadikuno ba ba lekang go nna le seabe ga ba boelwe ke sepe – go bonala e kete masimo otlhe a lengwa mmogo mme bantshadikuno ba bona kabelo ya go lekana go ya ka diakere e seng go ya ka thobo e e bonweng mo semikaneng sa tshimo ya gagwe.

Fa go dira poelo ga mokgwatiriso o go wela tlase, go dumelwa gore AFGRI e tlaa emisa go lema, mme jaanong bantshadikuno ba tlaa bo ba le mo maemong a a maswe le go sa kgoneng go lema ka bobona ba le bosi.

Ditlhotlhwa tse di kwa godimo tsa monontsha di raya gore bantshadikuno ga ba dirise dilekanyo tse di atlanegisitsweng – se se baka thobo e e kwa tlase gammogo le tshwagafalo ya mmu.

Ba Terasete ya Mmidi ba tlhomile thulaganyo ya kemonokeng e ntle thata ya go duelela go tshela llaeme, tshugommu ya motheo, botataisi le inšorense ya ditlhagisakuno. Kemonokeng e le gale, e tlhagisiwa fela ka dikgwebo tsa temothuo. Go na le mabaka a mantsi mo montshadikuno a seng tokololo ya kgwebo ya temothuo epe, kgotsa a sa kgone go fitlhelela kadimo go tswa kgwebong ya temothuo, kgotsa mo makgating a mangwe, koo go se nang kgwebo ya temothuo (jaaka kwa Kapabotlhaba) – se se raya gore montshadikuno ga a kgone go dirisa kemonokeng e ya Terasete ya Mmidi.

Ditirelo tsa bolemisi tsa mafapha a temothuo ga di diragatse go ya ka seemo se se tlhokegang – batlhankedi ga ba a nonofa mo kitsong e bile mo makgating a mantsi ga ba kgatlhegele go ema bantshadikuno nokeng.

Go fitlhelela lefatshe la temo ke bothata mo diporofenseng tse dingwe – bogolosegolo bao go se nang lefatshe la semorafe kwa go bona, jaaka kwa Foreisetata. Lefapha la Merero ya Lefatshe ga le a nonofa – ga ba a ikaelela go duela tlhotlhwa e e batlelwang lefatshe le le nonneng, mme fa ba tshokile ba rekile lefatshe, ga ba tsee matsapa go bona gore bantshadikuno ba nna le ditlamelwana tse di tlhokegang go le dirisa – go nna montshadikuno go tlhoka go feta go nna le lefatshe le le se nang sepe.



