Establishing (Maize)									Tswana



Go tlhoma kgwebo ya temothuo ya gago



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Fela fa o simolola ka temothuo, o mo kgwebong mme o tshwanelwa ke go nna le potofolio ya botshelo jwa gago. Golo gongwe o tlaa batla go bona setheo sa matlole go batla thuso mme ba tlaa batla tshedimosetso e ntsi thata ka wena le kgwebo ya gago.



Fa tlase go na le mananeo (tables) a tshedimosetso a le mmalwa a o tshwanetseng go nna le ona a feletse (mmogo le khopi ya bukanaitshupo ya gago gammogo le ya mosadi wa gago).



Hisetori ya Montshadikuno

Tshedimosetso e e botlhokwa. Ka gale tlhalosa ka botlalo gore wena, montshadikuno, o tsaletswe kae, o goletse kae, le gore o nnile jang le kgatlhego le go amega mo temothuong.



Dintlha tsa sebele ka botlalo

Sefane
 

 

 
Leina
 

 

 
Ditlhakaina
 

 

 
Nomore ya itshupo
 

 

 
Letlha la botsalo 
 

 

 
Seemo sa nyalo
 

 

 
Leina la ga mogatso
 

 

 
Tshupafelo ya poso
 

 

 

 

 

 

 

 

 
Porofense
 

 

 
Tshupafelo ya bonno
 

 

 

 

 

 
Nomore ya mogala wa letheka
 

 

 


Nonofo ya dipuo

Tshedimosetso e e botlhokwa mo dikhosong tse o tlaa di tsenelang gore o tle o newe khoso ka puo e o tlaa e tlhaloganyang.



Puo ya legae
 

 

 
Dipuo tse dingwe 
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 


Bonno

Gakologelwa gore temothuo e tlhoka tlhokomelo ya gago letsatsi le letsatsi. Fa o tlhoafetse ka temothuo ya gago o tlhoka gore o be o le mo polaseng ya gago letsatsi lengwe le lengwe. Ga twe: “leitlho la mong le nontsha kgomo” e bile “monontsha o o gaisang ke motlhala wa montshadikuno mo masimong”. Temothuo e dira ka dilo tse di tshelang mme di tlhoka tlhokomelo ka dinako tsotlhe.



A o nna mo polaseng?
 

 

 
Fa go se jalo, sekgala go tswa polaseng
 

 

 


