Education (Maize) 								Setswana



Thuto le maitemogelo di tsamaya mmogo



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Bangwe ba bantshadikuno ba ba atlegileng thata ba rutegile go le gonnye thata – fela ba na le maitemogelo a mantsi thata e bile ba rata se ba se dirang. Temothuo ke botshelo jwa bona.



Temothuo ke botsweretshi, e bile ke bonetetshi, le tsela ya botshelo. Temothuo e dira ka tumelo – ga se gantsi o kgonang go e laola ka gonne temothuo e direlwa kwa nageng ka boutlwelobotlhoko jwa bosa.



Bonetetshi jwa temothuo bo tlhaologile thata le go nna matswakabele – go itsiwe go le gontsi ka ntlha e nnye ya temothuo. Se o tlhokang go se dira ke go bona thuso le kgakololo mo bathong ba ba rutegileng thata – o montshadikuno yo o diragatsang. Sekao, go dira tshekatsheko ya sekaommu go batla botegeniki. Ga o tlhoke go dira tshekatsheko ka bowena – se o tlhokang go se dira ke go tsaya dikao gangwe le gape, bona tshekatsheko mme o tsee kgakololo ya monetetshi yo o ka mo ikanyang, Jaanong o ka dirisa lenaneo la nontsho le le atlanegsitsweng le go tlhokomela dijalo tsa gago. Tsweetswee netefatsa gore o bona kgakololo mme o diragatse kgakololo eo – le gale leitlho le maikarabelo a gago di tlaa dira gore dijalo tsa gago di atlege.



Dirisa tšhono nngwe le nngwe e o ka e bonang go bona katiso mo bathong ba ba nang le kitso le maitemogelo a temothuo. O ka se ke wa ba wa ithuta temothuo mo bukeng, ka jalo tlhomamisa gore o katisiwa ke mongwe yo o itseng serutwa se. Fa o kwala porofaele ya gago, tsenyeletsa tshedimosetso e e mo mananeong a a fa tlase, fela se tshwenyege thata ka dithutego tsa gago tsa sekolo – se ga se sona sa go tshega le go tlhonama sa ditšhono tsa gago go bona katlego.

 

Tsa sekolo



Seema se se kwa godimo se se falotsweng
 

 

 
Thuto ya morago ga sekolo
 

 

 


Tirisano ya Grain SA



Leina la setlhophathutano
 

 

 
Dikhoso tse o di dirileng
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 


Maitemogelo a temothuo

Modirapolaseng 
 

 

 
Montshadikuno yo o ikemetseng
 

 

 
Temodijalo 
 

 

 
Dikgomo tsa nama 
 

 

 


