Economy (Maize) (685 words)								Setswana 
Bantshakuno ke mokwatla wa setšhaba 
Instructions:
Folio strap: Tlaleletsoboleng
Byline: Jenny Mathews, modulasetilo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 
Grabber: A montshakuno ka gale o lema fela a bo a sa jwale? A o kakadiwa mmu go ya go ile mme a bo a sa o jwale? A kwa bofelong ga a jwale mehuta ya dithoro e mentsi ya gagwe, mongwe le mongwe mo karolong ya ona ya tshimo? O itse sentle se a tshwanetseng go se dira gonne Modimo o mo dirile gore a bone le go tlhaloganya ... Morena Mothatiyotlhe ke morutabana yo o gakgamatsang mme o abela montshakuno botlhale. Jesaya 25 ditemana 23 – 29.
Temothuo ke yona tiroboitshediso ya ntlhantlha mo lefatsheng mme e ne e le taelo go tswa Modimong. E botlhokwa thata mo botshelong. Ka jalo go botlhokwa thata jaaka bantshakuno go leba tiro ya rona jaaka tiro e e tlhokegang le ya botlhokwa. 
Ga re a tshwanela fela go tsepamisa mogopolo mo go direng madi le go oketseng ntshokuno, mme bogolo re tsepamise megopolo mo go ntsheng dijwalo le dijo tse di boleng, tse di tlaa tlamelang ka kotlo ya botshelo le pholo tse ba bangwe ba di batlang. 
Bantshakuno ba tshwaela jang mo ikonoming?
Ba dira tshwaelo e e botlhokwa mo ikonoming le tekanyetsokabo ya bosetšhaba. 
Bantshakuno mmogo ke mothapi yo mogolo mo nageng ya rona e e nang le dilekanyo tse di kwa godimo jaana tsa botlhokatiro.
Bantshakuno ba jwala dijo tsa boleng jo bo kwa godimo le tse di itekanetseng le go tshwaela mo tshireletsegong ya dijo ya bosetšhaba. 
Bantshakuno mo nageng ba dira dipeeletso tse di bonalang mo merafeng ya selegae ya bona mme ba tlhokega thata mo matlhagatlhageng a seikonomi a ditoropo tsa bona le setšhaba. 
Jaaka balebeledi ba lefatshe, bantshakuno ba dira ka natla go sireletsa mmu, mowa, mowametsi le bopharologanyotlholego go netefatsa gore mmu o tlaa tswelela go ntshetsa meloko e e tlang dijo. 
Montshakuno o na le bokgoni jwa go itlamela, o ntsha dikuno, o ikemetse, o bonatla, o na le mowa wa bomorafe le go nna le maikarabelo. Montshakuno o dira mmidi, sonobolomo le sukiri go tswa kgalalelong ya letsatsi!
Ka bomadimabe bantshakuno, jaaka dikgwebo tse dingwe tsotlhe, ba na le mathata ka kwelotlase ya ikonomi e e akabatsang. 
Ka ditshenyegelo tsa tiragatso tse di tsweletseng go oketsega, le ditlhotlhwa tse di welang tlase tsa dikuno tsa bona tsa temothuo tsa jaanong, bantshakuno le baruakgomo ba le bantsi ba tlaa fitlhela go le bokete kgotsa go sa kgonege go samagana le dituelo tsa gale tse di rulagantsweng tsa dikadimo tsa polase. 
Go sa le jalo, go nna teng ga tseisomolato e e kgonegalang ya pakatelele ga go a tsepama, se se tsenyang matshosetsi a mangwe a magolo mo ditaragatsong tsa kgwebo dingwe le dingwe tsa montshakuno.
Boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo ke gore bantshakuno ba patelesega go ikaega ka dikadimo go tswelela pele go duelela peo le furu le ditswenngwateng tse dingwe tse di tlhokegang go tsenya dilo mo mmung le go tlhoga.
Fela ka ntlha ya go sa tlhomamang ga ditlhotlhwa tsa mebaraka tsa dikuno tsa bona le matshosetsi go tswa matlhotlhapelo a a amang le maemo a loapi, tshireletsego ya peeletso ele ya tshimologo ga e a netefalediwa. Baadimisamadi ba tlwaelo ba simolotse go nna le kelotlhoko thata le go gana go adimisana ka madi ka ntlha ya se! 
Kwa bofelong re tshwanetse go tswelela go ikuela mo pusong ya gajaana go thusa bantshakuno ka thulaganyo e e utlwalang, e e tlamegileng le go sireletsega ya dikadimo tsa ntshokuno. 
Ditlhotlhwa tsa mebaraka tse di sa tsepamang tsa dithoto tsa dijwalo le ditshenyegelo tsa ntshokuno tse di tlhatlogang, go akaretsa montshapeo, furu le ditsenngwateng tse dingwe tsa mo polaseng, di tlaa tswelela go tsenya bantshakuno mo kgatelelong ya maemo a a makgwakgwa a sematlole gonne ba na le taolo e nnye thata mo tlamelong le patlegong ya kuno ya bona. Fa ditlhotlhwa tsa mebaraka tsa dikuno tsa bantshakuno di wa, ga se gantsi di fetelela kwa ditlhotlhweng tsa dijo mo dišelofong tsa mabentlele – se se tsosa ditshwenyego tsa gore bareki ba dithoro le bangwe, ba bona poelo kgatlhanong le bantshakuno le badirisi.
Maaforikaborwa a tlaa amega jang? 
Fa bantshakuno ba latlhegelwa ke kgwebo ya bona le magae a bona, e bile le bantshakuno ba bantšhwa ba sa kgone go tsena mo madirelong, se se tlaa ama Maaforikaborwa. Bantshakuno ke mokwatla wa setšhaba le kgato ya ntlha kwa tlase mo llereng ya ikonomi. Fa dipolase di wa, dikgwebo tse dikgolo tsa mo mebileng di a wa. Se se gananang le sona ke boammaaruri – fa dipolase di tswelela pele dikgwebo tse dikgolo tsa mo mebileng le merafe ya selegae e tswelela pele. 
Bantshakuno ba tlhola khumo ya mmatota, ba ntsha boleng jwa nnete, go tlhoga go tswa mo peong le lesedi la letsatsi le kuno e e re otlang, sebopegommele le seikonomi. Go ema temothuo ya selapa e e aroganeng le go ya ka dikgaolo nokeng, go a tlhokega, mo nitamisong le maatlafatsong ya naga ya rona. Fa re ka latlhegelwa le ke montshakuno a le mongwe fela, kgotsa godisa bokete ba bantshakuno ba bantšhwa kgotsa simololang, .go tsena mo temothuong, re tsenya tikologo ya rona, tshireletsego ya dijo ya rona le diikonomi tsa selegae tsa rona, mo risikeng e kgolo
