Difference (Maize)									Setswana
Mmidi o mosweu le o mohibidu – pharologano ke eng?
Instructions:
Folio strap: Mmidi
Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Bantshakuno la Grain SA
Use pictures of white maize and yellow maize
Mmidi o mosweu o tshwana fela le o mohibidu go ya ka sebaeloji le moloko (genetical), le mororo go na le pharologano mo ponong ka ntlha ya go se nne teng ga ditaki tsa oli ya kherothine mo tlhakeng eo e ka tsela nngwe e tlholang mmala o mohibidu mo thorong. Maemo a ntshokuno le mekgwa ya temo a batla a tshwana gotlhelele.
Mmidi o mosweu ke kuno e e tsewang ke lefatshe le le tlhabologileng e le maemo a a kwa tlase. Go fa sekao, kwa United States, e e leng yona montshakuno wa mmidi o mogolo mo lefatsheng, temo ya mmidi o mosweu e arabela fela kwa tlase ga phesente e le nngwe ya ntsho ya mmidi ya selegae yotlhelele, bogolosegolo o ntshiwa go ya ka temo ya konteraka ka ntlha ya mmaraka o o lekanyeditsweng thata.
Go fitlha fa gautshwane jaana, go ne go na le botlhalenyana jwa tlwaelo jwa gore mmidi o mohibidu o siametse fela diphologolo (loruo) mme e seng go jewa ke batho. Se e ntse sona ntlhatshwaelo mo mefuteng ya dithulaganyo tse di tlhageletseng tsa ntshokuno le thekiso ya mmidi. Mmidi o mohibidu le bupi jwa ona di ne di tsewa di se na le patlego e nnye ya go jewa ke batho kgotsa e e se yong gotlhelele mme ka tlwaelo ga di botlhofo go di bona. Tlhokafalo ya mmidi o mohibidu le bupi jwa teng e sa ntse e tlhatlositse ditshenyegelo tsa dijo tsa badirisi, gonne mo mebarakeng ya lefatshe, mmidi o mohibidu o tlhotlhwa tlase go na le mmidi o mosweu. Mmaraka wa mmidi o mohibidu wa lefatshe o mogolo thata le go tlhomama go na le mmaraka wa mmidi o mosweu, se se o dirang motswedi wa tlamelo o o ikanyegang thata, bogolosegolo mo dipakeng tsa leuba.
A o kile wa leka go ja bupi jwa mmidi o mohibidu? Go a kgatlhisa go bona gore ka kakaretso re kgatlhanong le tiriso ya mmidi o mohibidu. Go kgatlhisa go lemoga gore gajaana mo Aforikaborwa re ntsha mmidi o mosweu o montsi, le o monnye o mohibidu – gongwe re tshwanela go bulela mmidi o mohibidu ditlhaloganyo tsa rona le gore fa re ka tlhaelelwa ke mmidi o mosweu, re ka ja mmidi o mohibidu.
