Demand									Tswana



Go thiba phatkha ya tlamelo ya dipatlego tsa dijo tsa loruo



Instruksies:

Folio strap: Thekenoloji e ntshwa

Byline: Wessel Lemmer, Raikonomimogolo, Grain SA



Mo Aforika, ditihabololo tsa baeyofuele tsa lefatshe di tlhola ditshono go thsa dithotloetso tse di gaisang tsa tlhabololo ya ikonomi. Mo isagweng bagwebi ba ka mekamekana le ditiro tsa seikonomi mme ka go dira jalo ba kgontsha batho go godisa maemo a bone a botshelo mo tsamaong ya nako.



Fa dinaga tsa hemisefere ya bokone di tlhagafetse ka tlhagiso ta baeyofuele, di tshwanetse go tsepamisa megopolo ya tsona mo tlhabololong ya ditshono tse mo hemise fereng ya borwa. Go ya pele, go solofetswe go dipattego tsa lefatshe tsa dithoro le dipeo tsa oli di tlaa imena gabedi mo dingwageng tse 20 - 30 tse di latelang.



Gore go kgonwe go tlamela ka dijo tsa le leokwane (fuel) mo isagweng, wiopa e tlhoka go akanya thata ka kgonego ya tlhago ya kgaolo ya Sub-Sahara ya Aforika. Bogone jwa metsweditth ago bo tlaa kgontsha dinaga tsa Aforika go ntsha dijo tsa loruo ka ditshenyegelo tse di kwa tlase ka yunite. Meso e ya ditshenyegelo e kgontshiwa ke maemo a tlelaemete le mmu a a gaisang, bogolo segolo mo dinageng di tshwana le Angola, Mosambiki le Zambia. Dikgopolotheu tsa mmaraka o o gololesegileng, le fa go ntse jalo, di tshwanetse go tlotliwa ke dinaga tsa Sub-Sahara, fa di ngoka dipeeletso, sekai, ka go tlotla dikgopolotheo di tshwana le ditshwanelo tsa thuothoto.



Gore ditiro tsa ikonomi di olvure ka maemo a a kwa godimo le go kaela metswedi kwa tousogodinong mo ikonoming, re tlhoka go kgona go bapatsa metswedi mo bomosoleng jo bo kwa godimo jwa ikonomi. Ke gona fela ye tlaa bong re ka kgona go tlhagisa dikgono tse di tlhokegang mo ikonoming ya dikgaolo tsa Sub-Sahara. Aforikaborwa ke naga e e eteletseng pele mo Sub-Sahara ya Aforika koo dikgopobetheo tsa mm araka o o goldoisegileng di tlotlwang gona. Sub-Sahara ya Aforika e tllueka Aforikabonwa go bontsha lefatshe lotlhe gore re kgona go tshegetsa tikologo e e nitameng le e e botsalano ya bobeeletsi e e ka rotloetsang tlhabololo ya ikonomi. Fa Aforikaborwa a ka palelwa ke go netefaletsei dinaga tsa hemisefere ya bokone ka bokgoni jwa rona go tlhabolola mafeiratlhatlha gammogo le dithotloetso tse di tshwanetseng go tswa mo metsweding ya rona, re tlaa paledisa dinaga tse dingwe tsa Sub-Sahara go ikapela ditlhabololo tsa baeyofuele tsa gajaana ka bokgoni jo bo feletseng.



Mo Aforika, ditlhabololo tsa baeyofuele tsa lefatshe di tlhagisa ditshono go thusa dithotloetso tse di gaisang tsa tlhabololo ya ikonomi. Mo isagweng bagwebi ba ka mekamekana le ditiro tse tsa seikonomi mme ka go dira jalo ba kgontsha batho go godisa maemo a bona tsa botshelo mo tsamaong ya nako. Fa e ne e nna fela go ananya mo papatsong ka dijo, kgotsa go ntsha dÿo go iphepa, e bile gape e le go nna le lotsenotlaleletso go ithekela dilwana tsa maemo.



Ga re aa tshwanela go letla tshono e e boitshegang e ya tihabololo go re tswa diatleng? Aforikaborwa o rele maikarabelo a tlhabololo ya Aforika yotlhe. Go ema tlhabololo ya madirelo a baeyofuele nokeng mo Aforikaborwa, go tlaa tsholetsa tshireletsego ya dijo. Bantshadikuno ba Aforikaborwa ba na le bokgono jo bo tsweletseng le bokgono jwa ntshodikuno e e feteletseng, fela ba tlhaela mmaraka wa dikuno tsa bona. Thabololo ya madirelo a baeyofuele a ka tshegetsa tlhabololo ya mmaraka wa dithoto o mogolo. Mo tiregong e re tlaa bo re ntse re aga boidüdi jwa boitseanape jo bo tlhokegang sekana go ka romela ntle kwa Aforika yotithe. Ditshenyegelo tsa go tlhoma maditelo di tsweletse go gola ka lefatshe lotlhe, ka jalo tlhokego ya go tlhagisa tikologo e e akaretsang dithotloetso tse di tshwanetseng tsa diporojeke tsa tlhabololo tsa baeyofuele di setse di le gona. Ka tshwanelo setshaba sa rona se tlhoka ponelopele e e tlhapileng ya go tswelela pele le go thuśa dithotloetso tse di tshwanetseng.



Kwa USA, dithotloetso tse dikgolo tsa ditlhabolole tsa baeyofuele di ne kwa tshimologong e le mathata a mo polaseng (lefetiso la ntshodikuno) le kemisetso ya MTBE ka baeyofuele jaaka okosejeneite. Se se motloetsang ditthoibolele tsa baeyofuelo mo Aforikaborwa le eng? A le teng ke ditlhobaele tse di amanang le tikologo kgotsa tshono ya go tsweletsa dükonomi tsa rona tsa kwa magaeng? Go ya ka mabaka a ditshenyegelo tsa dÿo tse di tlhatlogang re mo tiregong ya go nna basupi ba phetogo ya sebopego ya lefatshe ka bophara e e pa tshwanelwang, ka phose, go tsewa jaaka enfoleisenepoitshego. Ka ka phoso, go tsewa jaaka enfoleisenepoitshego. Ka bomadimabe se se tla ka nako eo ka yona togamaano ya baeyofuelo ya rona e nona e tlhokang go tsweledisiwa go tswa kwa pusong, fa re le gaufi fela le ditthopho, Ka ntlha ya se re itemogela ketsaetsego mo badiramaikemesetsong ka go tswelela pele go a ka ditlhabololo tsa baeyofuele mo Sub-Sahara ya Aforika. Go Botlhokwa le gale go nna le tebo ya pakatele ka mathata mabapi le ditlhabololo tse mme e seng go tlhotlhelediwa ke dikgamiyana tse di lwang di le kgatlhanong mo pakakhutshwaneng fela.



Grain SA e bona tlhabololo ya baeyofuele jaaka tshono mo pusong go tlhagisa tlelaemete e e botsalano mo babeeletsing mme morago e boele foele morago mme e letle tikologo ya mmaraka o o gololesegileng go tlhabolola madiselo a ka kgololosego, kwa ntle ga ditlhabololo tse di emang pele tse di sa tlhokegeng ka go dira dilaesense, melawana le dipeelomelelwane mo thusong ya dÿo tsa loruo.



Go ya ka tlhabololo ya dimela re tshwanetse go ela tlhoko gore tshono e ga e gobelelele sukire jaaka yona dÿo tsa loruo e le yosi kgotsa gona gore mabaka a mo Aforikaborwa a tshwantshanngwe le a dinaga tse dingwe tsa hemisefere ya borwa kwa ntle ga tlhaolo. Palo e kgolo ya mebaraka e e kgonegang ya baeyoethanolo e gaufi le dikgaslo tsa ntshodikuno tsa mmidi le mabele kwa dikaroiong tsa bokone tsa naga ya rona, gammogo le mo kgaolong ya pula ya mariga koo dijalo tse di jaaka korong ya leemo le le kwa tlasc, “teitieale” le yona bali tota, di tlaa kgonang go tshegetsa tlhabololo ya dibaeyofuele ka ntshodikuno ya dijo phepo tsa tota.



Ka bokhutshwane, gore o kgone go thiba phatlha ya tlamelo ya patlego ya kifophepo re tlhoka dithotloetso ka poelonyana e e utlwalang. Fa e ka letlelelwa go tswelela ka kgololesego mo dilekanyetsong tsa tikologo, re dumela gore moeletlamelo mo ntshodikunong ya dibaeyofuele o tlaa tlhotlhola ntshodikuno ya temothuo tota, mme ka go diya jalo, o fedise phokotsego e e tswelelang mo ntshodikunong ya dithoro le dipeo tsa oli. Boammaarui, re tlaa tlhola ditshono tsa tlhabololo ya temothuo tse di tlaa tswelang baagi ba rona ba magae mosola.



Lefatshe le tshwanetse go lemoga gore Aforikaborwa o ka kgona go tshegetsa ditlhabololo tsa dibaeyofuele mo Sub-Sahara ya Aforika, e seng fela ka go tshegetsa maikemisetso a ASGISA a Rona, mme gape le NEPAD mo dipatlong ya isagwe e e botoka ya dikokomana tse di tlang.





