Cultivation (Maize) (410 words)							Setswana
Ke nako ya go tlhola katisegelo ya mmu
Instructions:
Folio strap: Tlaleletsoboleng
Byline: Kgannyana e rometswe ke montshakuno yo o rotseng tiro
Pula ya dimilimitara tse 600 go ya 2 000 e ne ya amogelwa mo dikgaolong tsa ntshokuno ya mmidi ya selemo mme ke dinako dingwe go bonwe dipula tsa 50 mm go ya 75 mm ka letsatsi ka dithubagano tsa maru. Boima jo bo boitshegang jo jwa metsi ka heketara mo pakeng e khutshwane bo ka tlhola porofaele ya mmu e e katisegetseng le e e tletseng petometsi.
Kamego ya tlaleletso e e tlang ka dikhombaene, diterekere le ditereilara tse dikgolokgolo le motlhala wa dithaere ka nako ya thobo, mo maemong a petometsi a mmu a a itemogetsweng monongwaga, a tlaa bo a katisetse mmu go feta ka fa go tlwaelegileng ka teng. 
Metlhape ya dikgomo e e tshetsweng mo masimong a mmidi go fula masalela a dijwalo le yona e tlaa bo e katisetse mmu mo maemong a a kgobotlegang kgotsa mmu o o nang le petometsi. Mo makgating a a maswe thata a masimo a a nang le petometsi go roba fela pelenyana ga kgotsa ka nako ya jwalo e ka tswa e le yona tsela fela ya go kgona go jwala dijwalo tsa gago ka nako.
Mariga a a neng a le tsididi thata le pula mo dikgaolong dingwe a ka tswa a tshwaetse mo go phapalleng ka bonya ga maemo a petometsi a mmu. Go tlaaa nna botlhale go sekaseka diporofaele tsa mmu wa masimo a a yang go jwalwa mmidi le go dirisa didiriso tsa dithaene tse di tshwanetseng go tlhanyaolola porofaele ya mmu fela fa tlase ga llaga e e katisegetseng. Tiragalo e, e tlaa tsenya moa mo mmung. Dibaketheria tsa mmu le ditshetsana tsa mmu di tshela fela ka matlhagatlhaga mo maemong a a nang le mowa mo bogodimong jwa 150 mm go ya 180 mm jwa mmu.
Lereo la “serobiki” le tlhalosa go nna teng ga mowa, go akaretsa okosijene, naeterojene le digase tsa khabonedaekosaete mo mmung o o tlhanyaolotsweng le dipakagareng tsa metsi. Kgato ya tiro ya dithaene e masisi thata gore dibaketheria di tsosolosiwe go ka suga masalela a dijwalo tse di fetileng pele ga jwalo ya dijwalo tse dintšhwa. Tirego e ya sebaketheria e tlaa simologa fela fa dithemphereitsha tsa mmu di simolola go thuthafala go tswa mo bekeng ya bofelo ya Phatwe, go tsena ka Lwetse go fitlha Diphalane. 
Go atlanegisiwa thata gore tiragalo ya go thaena kgotsa go repa e diragale fela ka bonako morago ga mebu e sena go fitlhelela mothamo wa bongola jwa masimo. Tiragatso e e ka dirwang go feta, mothamo wa masimo e tlaa tlhola bogolo katisegelo e e oketsegileng go na le e e fokotsegileng. Montshakuno o tlaa tshwanela go nyalantsha didiriso le tiragatso ya gagwe e e rileng fa e le go latelwa taolo ya pharakano kgotsa mekgwatiriso ya tlhagolo ya tshugommu e potlana. 
Tlamelo ya dipolantere le nyalantsho ya didiriso tse di tlhokegang tse di sa wediwang di tshwanetse go dirwa go sale gale mo go Diphalane. 
