Crop (Maize)										Setswana 

Inšorense ya dijalo – tsamaiso ya mathata mo temothuong.

Instructions: 

Folio strap: Inšorense 

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Kaeding ya Ntshodikuno le Thekiso ya mmidi tse di tsweletseng ya Grain SA.



Aforikaborwa ke naga eo 90% ya lefatshe la rona le kaegang e le kgwatata kgotsa sekakgwatata. Temothuo e direlwa mo pontsheng, kwa ntle fela fa go nang le kgonagalo ya nosetso, ntshodikuno e ikaegile ka maemo a bosa – pula, letsatsi, serame, segagane, sefako le diphefo. Go botlhokwa thata gore montshadikuno mongwe le mongwe a tsee tsia tlelaemete le mathata a mangwe mo ntshodikunong ya tiragatso. 



Temothuo ke kgwebo mme kgwebo e ka phologa fela fa mo pakateleleng e ka dira dipoelo, ngwaga le ngwaga, go aga dipolokelo tsa kgwebo. Poelo ga e tlhomamisiwe mme tshwetso go beeletsa mo kgwebong ya temothuo e thaetswe mo tshekatsheko botennye ya mathata a ntshodikuno otlhe a a amegang..



Mathata a ntshodikuno a a tshwanetseng go akanngwa.

Tshwanelano ya lefatshe le mafaratlhatlha a a gona;

Selekano sa peeletso mo didirisong go netefatsa ntshodikuno ka nako;

Maemo a tlelaemete go tsewa tsia palogare ya pula e e solofetsweng, komelelo, pula e ntsi go feta, botsididi, serame, sefako mo kgaolong ya temothuo e e rileng le matshosetsi a melelo le tse dingwe;

Bogona jwa khepetlele (madi) go tsweletsa ntshodikuno;

Maitemogelo a tsamaiso a mongpolase kgotsa motsamaisapolase;

Bolwetse kgotsa kgobalo ya sebele ya modirapolaseng;

Mathata a dithoto a a tsamaelanang le bogodu, molelo tatlhegelo kgotsa tshenyego ya didiriso kgotsa mafaratlhatlha;

Ponelopele ya thobo;

Ponelopele ya ditlhotlhwa tsa kuno; le 

Tebo ya kgono ya ntshodikuno ya metswedithuso.



Ditselatheo go samagana le mathata

Fokotsa mabaka a tiragalo e e bosula. Lebaka la dipholo tse di maswe le ka fokodiwa ka go tlhopha mefutapeo e e fetang bongwe, dijalo tse di fetang bongwe, go anamisa ntshodikuno ka dikgaolo tsa lefatshe le go tlhoma tlhotlhwa ya sejalo.

Go ithola bothata ka go tsaya inšorense le go konterakela kwa pele.

Go fokotsa kgotsa mekamekana le bothata ka go fokotsa kwutlalo, fa tota dipholo tsa 

dipholo tse di maswe di ka tlhagelela.



Inšorense jaaka sethusi sa kabelanomathata

Kgopolotheo ya inšorense jaaka sethusi sa kabelanomathata ke kamogelo ya diporimiamo tse di tshwanetseng go tswa palong e tona ya badirelwa, se se kgontshang setlamo sa inšorense go kopanya mathata. Setlamo sa inšorense se tlaa dirisa tshedimosetso go ya ka tlhagelelo le bokete jwa ditleleime go tlhoma diporimiamo ka selekanyo se se tlaa se kgontshang go duela ditleleime go tswa mo palogotlheng ya diporimiamo tse di duetsweng mme go sa ntse go sala sengwe go duela ditshenyegelo tsa tsamaiso le go bona poelo. Ka bokhutshwane setlamo sa inšorense se tsaya diporimiamo go tswa badirelweng botlhe, tse di se kgontshang go duelela ditshenyegelo tse di diragalang mo kgaolong e e rileng.



Fela le gale, inšorense gantsi e ratwa ke bantshadikuno ba mathata a a boitshegang le fela mo mathateng a a masisi go utlwala go batla go duelelwa porimiamo e e lekanang le, kgotsa e e fetang go bonala, tatlhegelo e e ka nnang teng kwa ntle ga inšorense. Mathata a mannye a a ka rwalwang bonolo gantsi ga a tseelwe inšorense, fa e le gore mathata a magolo, a a ka nnang matshosetsi mo go tsweleleng go nna teng ga polase kgotsa botswelelo jwa beng, ona gantsi a a inšoriwa. Metseletsele ya dikuno tse di lotaneng e gona go sireletsa mathata le matlhotlhapelo a a farologaneng a a itemogelwang mo temothuong ka bophara.



Inšorense e ka tseelwa go sireletsa ditiragalo tse di latelang



Sefako

Ditatlhegelo tse di bonwang ka ntlha ya tshenyego e e bonalang le ya popego ka tlhamalalo ya dikarolo tsa semela kgotsa semela sotlhe. Ditatlhegelo tse di sireleditsweng di akaretsa ditlhaka/diako tse di digelwang fa fatshe, dintlha tsa kgolo tsa semela tse di nyeleditsweng, matlhare a a nyeleditsweng ka go dirwa makgasa kgotsa ka go kgaolwa ka bontlhabongwe kgotsa gotlhelele. Le tshenyo ya sefako mo ditlhakeng kgotsa dikutu tse di gobaditsweng, robilweng kgotsa kgaotsweng. Inšorense ya sefako e botlhokwa thata ka kgethego mo ntshodikunong ya korong gammogo le disonobolomo fa di sa le dinnye.



Phefo

Tshenyo e e tshwanang le tshenyo ya sefako, jaaka ditlhaka/diako tse di tserweng ke phefo le matlhare le dikutu tse di robilweng, e a sirelediwa. Fela jaaka mo tshekatshekong ya tshenyo kgotsa nyeletso e e bonwang ya popego ke bothata jwa phefo mo dikarolong tsa semela kgotsa sotlhe.



Thoro 

Go sirelediwa tshenyo mo dikunong fa di rorwa, morago ga thobo go tswa masimong a a inšorilweng kgatlhanong le molelo, thulano le menogo ya serori. Tshireletso le gale e lekanyeditswe go radiase ya dikhilometara di le 100 go tswa mo polaseng e dikuno di ntshitsweng mo go yona.



Pula e e feteletseng

Go sirelediwa fela dijalo dingwe tse di jaaka korong le diterebe, kgatlhanong le tatlhegeloseemo ya thobo ka ntlha ya pula e ntsi ka nako ya kgato ya go butswa ga dijalo tse.



Molelo 

Go sirelediwa kgatlhanong le tshenyo mo dijalong dingwe ka ntlha ya molelo o o sa laolesegeng. Mosirelediwa o tshwanetse a bo a latetse melawana ya bosetšhaba malebana le go dirwa ga ditsela tsa molelo go amogela tshireletso e.



Serame 

Ditatlhegelo tse di bonwang ka ntlha ya serame, go akaretsa tulafatso e e bokoa ya diseteimene, megwang, ditlhaka le matlhare di bolailwe ke serame, di a akarediwa. Kutlwalo e e tlhagelelang mo thobong ya dijalo e sekasekiwa ka tlhatlhobo e bonwang ka matlho ya dibopego tsa semela. Tshenyo e e sa bonweng ka matlho, jaaka go huba go go dirilwewng ke botsididi, ga e akarediwe.



Ditsenngwateng 

Ditlhopha tsa mathata a ka gale a sa bonaleng le go kgobokanngwa a kopanngwa ka fa tlase ga tshireletso e. Mathata a a sirelediwang a akaretsa komelelo, kwa ntle ga dijo tse di nosediwang, disenyi tsa ditshenekegi tse di sa laolesegeng, sefako, phefo, serame, j.j. Ka mafoko a mangwe ka mofuta o wa tshireletso, montshadikuno o sireleditswe kgatlhanong le dielemente tsa tlhago tse di sa laolesegeng.



Ke ka bona thuso kae?

Bontsi jwa dibanka tsa kgwebo le dikgwebo tsa temothuo ke babapaletsi (agents) ba diinšorense tsa dijalo – bona kgakololo mo mothong yo o itseng gore o ka mo tshepa. NETEFATSA GORE O BUISA MOKWALO O MOSESANE MO KONTERAKENG GORE KGANTELE O SE ITSHWARE MOLOMO WA TLASE.



