Crop (Maize)									Setswana 
Botlhokwa jwa ditekanyetso tsa dijalo 
Instructions:
Folio strap: Ditekanyetso tsa dijalo 
Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Bantshakuno la Grain SA
Komiti ya Bosetšhaba ya Ditekanyetso tsa Dijalo e na le go tlamela ka dipalo mo dikgatong tse di farologaneng mo nakong ya ditlhakgolo tsa dijalo tse di nayang tekanyetso ya dijalo mo masimong mo kgatong eo. Ditekanyetso tse tsa dijalo di na le seabe sa botlhokwa mo kakanyetsong ya tlhomo ya tlhotlhwa ya sejalo seo. 
Ditekanyetso tsa dijalo ke eng?
Grain SA e tlhaloganya gore ditekanyetso tsa dijalo ke ntlha e e manganga thata. Go tshwanetse go akanngwe thata ka seabe le tiro ya Komiti ya Bosetšhaba ya Ditekanyetso tsa Dijalo pele go tshikinngwa diphetogo tse di ka nnang le kamego e e maswe go ya pele mo bantshakunong.
Go tshwanetse go gakologelwe gore Komiti ya Bosetšhaba ya Ditekanyetso tsa Dijalo e dira ditekanyetso mo dijalong tsotlhelele mme e seng fela tse di neelwang mo mmarakeng wa kgwebo. Gape go sa ntse go sa kgonege go tlhomamisa kgaolo ya boalogodimo jo bo jetsweng gammogo le thobo e e ka bonwang – e sala go nna tekanyetso. Boleng jwa tekanyetso bo ka siama fela jaaka bao ba nang le seabe mo tlamelong ya tshedimosetso. Motswedi o mogolo wa tshedimosetso e sala go nna bantshakuno. 
Komiti ya Bosetšhaba ya Ditekanyetso tsa Dijalo ke mang?
Komiti ya Ditekanyetso tsa Dijalo e dirwa ke:
Bokana ka bantshakuno ba le 3 000 ba ba dirisanang le go romela tshedimosetso ya bona kwa komiting kgwedi le kgwedi. 
Ditheo tse di itsegeng ka Spatial Intel and Geottera Image ba ka tlhomamisang kgaolo e e jetsweng dijalo ka go dirisa tshwantshiso ya sathalaete.
Setheo sa ARC sa dijalothoro gammogo le Setheo sa Small Grains ba ba dirang ka deitha ya dipalopalo le boakaretsi ka tirisano le bantshakuno. 
Baemedi ba Lefapha la Temothuo la Porofense ba ba neelang tshedimosetso ya seemo mo dikgaolong tsa ntshokuno. 
Dikgwebo tsa Temothuo tse di dirang ditekanyetso tsa dijalo tsa tsona mo dikgaolong tsa bona. Tshedimosetso e e newa Komiti ya Ditekanyetso tsa Dijalo fela dikgaolo tsa ditekanyetso tse di jetsweng ga di dirisiwe mo ditekanyetso.
Bokaedi jwa Dipalopalo tsa Temothuo jwa Lefapha la Temothuo la Bosetšhaba jo bo kgobokanyang tshedimosetso, bo suga deitha le go dira ditekanyetso tsa semmuso.
Dipotso tsa botlhokwa di a latela
A fa Komiti ya Ditekanyetso tsa Dijalo e ka emisa go dira ditekanyetso, a ga go ne go dirwa tekanyetso ya dijalo ya bosetšhaba? Karabo ya se ke nnyaya gonne mekgatlho e mengwe e tlaa di dira mme jaanong ga go ne go tlhapa gore ke ditekanyetso tsa ga mang tse di nepagetseng.
A komiti ya Ditekanyetso ya Dijalo e ineetse ka boyona kgotsa e laolwa ka botsotsi ke bannaleseabe mo madirelong? Go bokete thata mo mothong ka sebele go laola ka botsotsi komiti ya Ditekanyetso ya Dijalo ka gore ba na le bannaleseabe ba ba ikemetseng ba botlhe ba tshwaelang mo nepagalong ya tshedimosetso.
Kakanyo ya Grain SA ke eng?
Grain SA e dumela gore:
Ditekanyetso tsa dijalo tse di ikemetseng tse di nepagetseng di botlhokwa thata mo tiragatsong e e nepagetseng ya mebaraka ya dithoro.
Bantshakuno, Komiti ya Bosetšhaba ya Ditekanyetso tsa Dijalo le bannaleseabe ba bangwe ba tshwanetse go dira mmogo go atlega mo go se. 
Ditokololo tsa Grain SA le bantshakuno le bannaleseabe ba bangwe ba tshwanetse go rotloediwa go neela tshedimosetso e e nepagetseng gangwe le gape le ka tlhomamo.
