CONTRACTING (Maize) 							Setswana



BOKONTERAKA JWA TEMOTHUO – DINTLHA TSA BOTLHOKWA GO AKANNGWA



Instructions:

Folio Strap: Botsamaisi

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Khosong ya Bokonteraka jwa Temothuo

Photos:



Montshadikuno yo o go dirisang jaaka rakonteraka o na le ditsholofelo dingwe ka tiro e e tshwanetseng go dirwa. Wena, jaaka rakonteraka o na le maikarabelo mo montshadikunong yoo, yo kwa bofelong o tshelang ka kgwebo ya gagwe.



Rakonteraka o tlhoka go tlhaloganya ka botlalo tse di latelang:



Maitlhomo a tiro nngwe le nngwe

Go botlhokwa thata go itse gore tshugommu yotlhe e totisitswe go baakanyetsa tshimo jalo ya dimela.



Fa maemo a popego a mmu e le a leng gore go ka se ke ga dirwa tiro e e duleng mabogo go mo go rakonteraka go bolelela montshadikuno se go na le go dira tiro e e bokoa a bo a solofela tuelo. Paakanyo ya mmu e e bokoa e tlaa jela montshadikuno madi a mantsi le go tlhoka go mo netefaletsa dijalo tse di latelang. Fa montshadikuno a ka se ke a dira poelo mo temojalong, gona rakonteraka o feletswe ke tiro.



Ditekanyetsonako tse di solofetsweng tsa tiro nngwe le nngwe

Tshugommu ya motheo e latela thobo ya dijalo tse di fetileng. Mo dikgaolong tsa pula ya selemo kwa go tlaa jalwang dijalo tsa mariga (sk. korong), go ya fela ka kgaolo ya temo, go gakololwa gore tiro ya tshugommu ya ntlha e dirwe fela ka bonako morago ga thobo ya dijalo tsa korong tse di fetileng fa go kgonegang. Mokgwatiriso o o netefatsa gore pula ya selemo ya gale fa e na e tsenelela mo mmung go sale gale ka fa tšhono e letlang ka teng.



Morago ga thobo ya dijalo tsa selemo di sena go rojwa (sk. mmidi), lebelo le le tlhokegang ke la go bereka masimo pele dipula tsa dikgakologo di simologa, e le go netefatsa gore pula e kgona go tsenelela boteng mo mmung go thusa mo setlheng sa jalo se se latelang. Mo sejalong sengwe le sengwe se se kgethegileng mo kgaolong e e farologaneng nngwe le nngwe, go na le nako e e maleba po! ya go jala. Go jala ka nako e e tshwanetseng go botlhokwa thata mo katlegong ya sejalo. Tshugommu e e tlang pele ga jalo e tshwanetse go dirwa ka tsela e e leng gore masimo a siametse jalo ka nako e e rulagantsweng.



Rakonteraka yo o siameng o tlhaloganya mokgwatiriso o o gaisang mo kgaolong e e rileng mme gape ke maikarabelo a rakonteraka go sedimosetsa montshadikuno fa go setse go le thari thata, kgotsa fa maemo a sa siamela go dira ditiro tse di farologaneng. Ga go mo dikgatlhegong tsa ga ope go jala sejalo go setse go le thari thata ka gore mathata a a farologaneng (sk. serame kgotsa komelelo fa se tsala) a ya go dira gore go kgonagale gore montshadikuno a se ke a dira poelo. Rakonteraka yo o tswelelang go jala morago ga letlhaphelelo la jalo, o senya kgwebo ya montshadikuno gammogo le ya gagwe.



Dikemo tse di solofetsweng tsa tiro nngwe le nngwe

Ga go kgonege go tlhoma dikemo tsa tiro nngwe le nngwe mo kgaolong nngwe le nngwe. Ditiro tse di tlhokegang di tshwanetse go dumelanwa ke montshadikuno le rakonteraka pele tiro e ka dirwa. Sekao: fa montshadikuno a tlhoka gore rakonteraka a leme palo ya diheketara e e rileng boteng jo bo rileng, se se tshwanetse go tlhaloganngwa ka botlalo ke matlhakore oomabedi mme go nne botoka fa e tsentswe le mo konterakeng – sekao e ka nna 30 ha ka boteng jwa 300 mm.



Jalo ya konteraka e tlaa nna le dikemo tse di kgethegileng. Montshadikuno o tlaa tlhoka palopalo ya dimela e e rileng ka heketara gammogo le tshelo ya palo ya dikhilogerama tse di rileng tsa monontsha ka heketara. Go botlhokwa segolo bogolo gore rakonteraka a netefatse gore dikemo tse di a fitlhelelwa – katlego ya sejalo e ikaegile bogolosegolo ka nepo mo jalong. Ka jalo rakonteraka o tshwanetse a itlamele ka tsotlhe gore a netefatse gore o tlaa fitlhelela dikemo tse di batlegang.



Ka kgatsho ya konteraka le gona go botlhokwa thata gore dipalelo di diriwe ka nepo – selekanyo sa botlhole se se nepagetseng ka heketara le gape selekanyo sa metsi se se nepagetseng ka heketara.



Kgonotota ya metšhine ya gagwe go ya ka ha. ka letsatsi 

Ka kakaretso, borakonteraka ba itlwaeditse go batla go ikimetsa ka tiro go na le ka fa ba ka kgonang go dira ka teng mo tekanyetsonakong e e tshwanetseng le ka kemo e e tlhokegang. Se ke ka ntlha ya gore mo go rakonteraka go dira tiro e ntsi mo go ene go raya go dira lotseno lo lontsi. Go na le kotsi mo go se, ka gore fa modirelwa (e bong montshadikuno) a sa kgotsofala, ga a kitla a dirisa rakonteraka yoo mo isagweng.



Go na le ditlwaelo tse di amogetsweng ka kakaretso tse di ka dirisiwang mo palelong ya gore ke diheketara tse kae tse terekere, ka sediriso se se rileng, e ka di dirang mo letsatsing le le lengwe (Lenaneo 1).



Lenaneo 1:

TEREKERE 
 
SEDIRISO
 
HA/LETSATSI
 

 
2 Wheel Drive 55kw
 
Mogoma wa dikaratharo tsa 400 mm
 
6,6ha
 

 

 
1 tine deep ripper 
 
4ha
 

 

 
Diseke ya 1,8m
 
12,2ha
 

 

 
Shallow tine cultivator 2,9m
 
17,4ha
 

 
2 wheel Drive 80 kw
 
Mogoma wa dikaranne tsa 400 mm
 
9,5ha
 

 

 
3 tine deep ripper 
 
8,4 ha
 

 

 
Diseke ya 2,5m
 
17ha
 

 

 
Shallow tine cultivator 3,5m
 
24,5ha
 

 


Tshenyegelo ya tiro nngwe le nngwe 

Peotshenyegelo ya ditiro e na le go nna matswakabele ka gore go na le mefuta e mebedi ya ditshenyegelo e e tshwanelang go akarediwa mo palelong. Go tswanetse go rekwe metšhine (ditshenyegelo tsa kapetlele) mme gape e tshwanetse go tsamaisiwa le go tlamelwa.



Terekere le karolwana nngwe le nngwe ya sediriso di na le pakatshelo e e solofetsweng go ya fela ka dikemo tse di tlwaelegileng tsa tlamelo le tiriso, mo morago ga foo di tlaa tshwanelwang go tlosiwa go tsenya tse dingwe kgotsa go tsenela paakanyo e kgolo. Mabapi le puisano e, madirelo a na le dikemo dingwe, sekao, botshelo jwa terekere bo lekanyediwa ka dingwaga di le lesomepedi (diura di le 1 000 tsa tiro ka ngwaga mo pakeng ya diura tse 12 000 = dingwaga tse 12). Dikemo tse di tlhomilwe ke modiro wa metšhine gammogo le maitemogelo a pakatshelo mo bodirelong. Fa go balelwa ditshenyegelo tsa kapetlele tsa terekere, tshenyegelo ya tshimologo e arolwa ka dikarolo di le 12 – karolo e le nngwe mo ngwageng nngwe le nngwe ya botshelo jwa terekere.



Go sa ntse gape go tsewa gore mo maitlhomong a palelo madi a a dirisitsweng go reka terekere a ne a adimilwe, ka jalo morokotso mo bokanakang jwa kapetlele le jona bo dira karolo ya palelo ya ditshenyegelo ka heketara.



Palo e e solofetsweng ya malatsi a a se nang pula mo kgweding nngwe le nngwe.

Se se ka nna le tshusumetso e e masisi mo selekanyong sa tiro se se ka dirwang mo kgweding. Go tshwanetse go gakologelwe ka gale gore temo e atlhametse dielemente – tshusumetso e pula e ka e dirang mo tirong ya ga rakonteraka ga e a tshwanela go tlodisiwa matlho. Malatsi a mantsi a a latlhega mo ngwageng ka ntlha ya malatsi a pula e nang, le malatsi a mmu o kgobotlegang go ka berekwa. 



Ikopanye le seteišene sa maemo a bosa sa selegae (ARC ya Mmu, Tlelaemete le metsi mo Pretoria mo (012) 310-2500 mme o bue le Derieck Vermaak).



Maemo a sediriso le nako ya go sa direng ka ntlha ya dithobego

E ke nngwe ya dintlha tsa botlhokwa go gaisa ya bokonteraka. Gakologelwa gore metšhine fa e eme ga e robege – ke fela ka nako ya tiro, le kgatelelo e gola mme metšhine e dira ka bokgoni jotlhe jwa yona dikarolo tse di onetseng di robegang. Ke gona tota go leng botlhokwa thata go dira paakanyo ya thibelo mo metšhineng yotlhe ka dinako tse go sa dirweng.



Fa wena jaaka rakonteraka o dira palelo ya palo ya diheketara tse o tlaa di berekang mo setlheng se se tlang, gakologelwa go dira tlamelo ya malatsi a a tlaa latlhegang ka ntlha ya dithobego.



Mokgwa wa tumelano magareng ga gago le molemi mabapi le tuelo.

Ga go a tlwaelega mo bathong go saena konteraka e e kwadilweng ka ntlha ya gore go na le dintsanantsana tse di nang le seabe – sekao, dithobego le maemo a bosa le ditiro dingwe tsa Modimo. Konteraka e tshwanetse go kwalwa ka tsela e e sa gagamalang gore mabaka a a sa bonelweng pele a, a nne le sebaka – e bile lebaka le la gore e bo e sa gagamadiwa jaana le kgontsha maphata oobedi go ka ikgaola mo tumelanong. 



Dikonteraka tsa mofuta o e ka nna tumelano ya molomo, kgotsa maipofo a maikaelelo. Maphata oobedi a dumelana gore tiro nngwe e tlaa dirwa ka tlhotlhwa nngwe.



Maikarabelo a bokonteraka

Nngwe ya dikgaolo tse di tlholang kgotlhang magareng ga montshadikuno le rakonteraka ke tlhomamiso ya bogolo jwa tshimo. Go mo kgatlhegelong ya montshadikuno go dira diheketara tse dinnye (mmalwa) le mo kgatlhegelong ya rakonteraka go dira diheketara tse dikgolo (dintsi)



Bogolo jwa masimo bo tlhoka go tlhomamisiwa ka nepo gore go fedisiwe mathata a a nnang teng. Tiriso ya GPS e dirile tlhomamiso ya bogolo jwa tshimo bonolo thata mme a nepagatse tota. Fela le gale ga se batho botlhe ba ba fitlhelelang thekenoloji e. Go na le ditsela tse dintsi tsa go tlhomamisa bogolo jwa masimo ka go dirisa dipalelo tsa kgaolo tsa motheo.



Khutliso

Rre JP le Roux wa Pretoria o dirile thuto ka ga ditshenyegelo tsa metšhine e bile o kwadile kaedi e e atologileng le e e lotaneng ka tirisometšhine. Kaedi e e tsewa e le motheo o o utlwalang thata o go ka tseelwang ditshwetso tsa peotshenyegelo mo go ona. Rre Koos le Roux o ka fitlhelwa mo (012) 998 2803 kgotsa 082 838 9531 kgotsa imeile koosleroux@absamail.co.za.



Go tlaa elwa tlhoko gore o akaretsa ditshenyegelo tsa tlhamalalo le tse e seng tsa tlhamalalo mo dipalelong tsa gagwe, fela ga a akaretse ditshenyegelo tsa badiri le tuelo ya rakonteraka, gammogo le thwalo ya didiriso go ya lefelong le lešwa – moalopoelo o tlaa tshwanela go tlalelediwa mo dipalong tse di khoutilweng, go tlhakanya le bodiredi le go tlhakanya le tshenyegelo ya thwalo magareng ga mafelo a bokonteraka.



