Consumption (Maize)									Setswana

Tiriso ya metsi – nosetso e e ama jang?



Instructions: 

Folio strap: Nosetso

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Ntshodikunong ya Mmidi mo Kaeding ya Nosetso

Methamo ya tiriso le tlhokego ya metsi ka magoro e tlamelwa ke Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa. Dipalopalo tsa ngwaga wa 2000 tsa badirisi ba metsi ba bagolo ba ba latelang, mo Aforikaborwa, di bontshiwa fa tlase. Tiriso ya metsi e tlhagisiwa ka dimilione tsa dikhubikimitara ka ngwaga.

Legoro la Badirisi 
 
Tiriso 
 
Phesente (%)
 

 
Mmasepala le selegae 
 
3 220
 
14,4
 

 
Madirelo 
 
2 043
 
9,1
 

 
Meepo 
 
582
 
2,6
 

 
Ntshomaatla 
 
779
 
3,5
 

 
Nosetso
 
10 974
 
48,9
 

 
Noso ya loruo 
 
316
 
1,4
 

 
Tshomarelo ya tlhago
 
187
 
0,8
 

 
Dikgwa 
 
1 570
 
7,0
 

 
Ekholoji
 
2 787
 
12,3
 

 
PALOGOTLHE 
 
22 438
 
100,0
 

 


Go bonala sentle gore nosetso ya temothuo e batla halofo ya ditlamelwana tsa metsi tse di gona. Ka koketsego ya palobatho e e fetang batho ba le dimilione tse 47, go itshupa sentle fa legoro le le tlaa nna mo kgatelelong e e oketsegileg go dirisa metsi ka tshomarelo go ya ka molao le mabaka a ntshodikuno fela. Go fopholediwa gore ditlamelo tsa metsi mo Aforikaborwa di tsweleditswe go fitlhelela kwa kgonong e e feletseng ya tsona le gore tsweletso nngwe go ya pele e tlaa nna tlhotlhwa kgolo go gaisa.

Sekgala le kgono ya nosetso

Gajaana bokana ka diheketara di le dimilione tse 1,3 tsa lefatshe la temothuo mo Aforikaborwa di mo nosetsong, fa tse di ka nnang 233 600 di na le kgonego ya tsweletso ya nosetso. Go fopholediwa gore ka ntlha ya tlhaelo ya metsi, ke fela 178 000 ya diheketara tse e ka tlhabololwang mo isagweng. Ntshodikuno ya mmidi ya ditono tse di ka nnang 660 000 mo diheketareng tse 110 000 tsa masimo a nosetso, e dira 10% ya dijalo tsa bosetšhaba tsotlhe tse di jalwang ka nosetso.

